LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
Tswa
Tsena
LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
Kitsiso
Dipuo tse disha tse di leng gone: Chedungun (Coast), Dominican Sign Language, French (Canada)
  • Gompieno

Labotlhano, September 11

Eleruri Morena o tsositswe.​—Luke 24:34.

Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlhoka go kgothadiwa. Goreng re rialo? Bangwe ba bone ba ne ba tlogetse magae a bone, ba malapa a bone le dikgwebo tsa bone gore ba nne balatedi ba ga Jesu. (Math. 19:27) Ba bangwe ba ne ba sa tshwarwe sentle ka gonne e le barutwa ba ga Jesu. (Joh. 9:22) Ba ne ba ikemiseditse go dira diphetogo tseno le go boga ka gonne ba ne ba dumela gore Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng. (Math. 16:16) Mme gone, fa Jesu a ne a bolawa ba ile ba hutsafala thata e bile ba ile ba kgobega marapo ka gonne ba ne ba akanya gore se ba neng ba se solofetse se ka se direge. Jesu o ne a itse gore barutwa ba gagwe ba ne ba tla hutsafala fa a swa. Mme seo se ne se sa reye gore ba ne ba se na tumelo. Ka jalo, mo letsatsing le a ileng a tsosiwa ka lone, o ne a kgothatsa ditsala tseo tsa gagwe. Ka sekai, o ile a iponatsa kwa go Marea Magadalena fa a ne a lela kwa lebitleng la gagwe. (Joh. 20:11, 16) Gape o ile a iponatsa kwa barutweng ba le babedi ba ba neng ba ya kwa motsaneng o o bidiwang Emao. Mo godimo ga moo, o ile a iponatsa kwa go moaposetoloi Petere. w24.10 13 ¶5-6

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2026

Lamatlhatso, September 12

Ka metlha lo [ikemisetse] go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o batlang lebaka la tsholofelo e lo nang le yone.​—1 Pet. 3:15.

Motsadi, thusa ngwana wa gago gore a kgone go tlhalosetsa ba bangwe gore Jehofa ke ene a bopileng dilo tsotlhe. Lo ka nna lwa tlotla ka motseletsele wa ditlhogo tse di mo jw.org wa setlhogo se se reng, “Basha ba Botsa Jaana​—Popo Kgotsa Thutotlhagelelo?” Go tswa foo, o bo o botsa ngwana wa gago gore ke dintlha dife tse a ka di dirisang go tlhalosetsa ba bangwe gore dilo tsotlhe di bopilwe ke Modimo. Mo kgothaletse gore a tlhalose dintlha ka tsela e e sa raraanang le e e utlwalang sentle fa a bua le batho ba ba ka mo reetsang. Ka sekai, fa ngwana yo a tsenang sekolo le ene a mo raya a re: “Ke dumela fela mo dilong tse ke di bonang, nka se dumele mo Modimong ka gonne ga ke mmone.” A ka mo araba a re: “A re re o tsamaya mo sekgweng o bo o bona sediba, a o ka akanya gore sediba seo se itlhagetse fela? Nnyaa. Nnete ke gore o a itse gore go na le mongwe yo o se epileng. Ka tsela e e tshwanang, dilo tse di bopilweng di bontsha gore go na le mongwe yo o botlhale yo o di bopileng.” w24.12 18 ¶16

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2026

Sontaga, September 13

A botlhale ga bo fitlhelwe mo go ba ba tsofetseng, e bile a temogo ga e tle le botshelo jo boleele?​—Jobe 12:12.

Rotlhe re tlhoka go gakololwa mo botshelong gore re dire ditshwetso tse di siameng. Bagolwane kgotsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le maitemogelo, ba ka re naya kgakololo e re e tlhokang. Fa ba re feta ka dingwaga, ga re a tshwanela go akanya gore kgakololo ya bone e ka se re tswele mosola. Jehofa o batla gore re ithute mo Bakereseteng ba ba godileng. Ba ithutile dilo di le dintsi mo botshelong go re gaisa e bile ba botlhale. Ka motlha wa go kwalwa ga Baebele, Jehofa o ne a dirisa batlhanka ba gagwe ba ba godileng gore ba kgothatse batho ba gagwe le gore ba ba kaele. Bangwe ba bone ke Moshe, Dafide le moaposetoloi Johane. Ba ne ba tshela ka dinako tse di sa tshwaneng e bile maemo a bone a farologane thata. Pele ba tlhokafala ba ile ba naya basha kgakololo. Banna bano ba ile ba tlhalosa gore go botlhokwa go ikobela Modimo. Se ba se kwadileng se ka tswela bagolo le basha mosola.​—Bar. 15:4; 2 Tim. 3:16. w24.11 8 ¶1-2

Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2026
Re a go amogela.
Laeborari eno e diretswe go go thusa go dira dipatlisiso ka dipuo tse di farologaneng e dirisa dikgatiso tse di kwadilweng ke Basupi ba ga Jehofa.
Fa o batla go itseela dikgatiso, tsweetswee tsena mo jw.org.
  • Setswana
  • Romela
  • Tse O ka Di Tlhophang
  • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
  • Melawana ya Tiriso
  • Molawana wa Tshireletsego
  • Di-setting Tsa Websaete
  • JW.ORG
  • Tsena
Romela