Luke
21 Jaanong ya re a leba a bona bahumi ba latlhela dimpho tsa bone mo matloleng a matlotlo.+ 2 Foo a bona motlholagadi mongwe wa motlhoki a latlhela madinyana a tshipi a mabedi a tlhwatlhwa e nnye fela thata moo,+ 3 mme a re: “Ke lo bolelela boammaaruri, Motlholagadi yono, le mororo a humanegile, o latlhetse go feta kafa botlhe ba dirileng ka gone.+ 4 Gonne botlhe bano ba latlhetse dimpho tse di tswang mo go se se setseng sa bone, mme mosadi yono go tswa mo letlhokong la gagwe o latlhetse gotlhe mo a itshedisang ka gone mo a neng a na le gone.”+
5 Moragonyana, fa bangwe ba ne ba bua ka ga tempele, kafa e neng e kgabisitswe ka gone ka maje a mantle le dilo tse di neetsweng,+ 6 a re: “Fa e le ka dilo tseno tse lo di bonang, malatsi a tla tla a go se kitlang go tlogelwa fano leje le le mo godimo ga leje le lengwe le sa digelwa fa fatshe.”+ 7 Foo ba mmotsa, ba re: “Moruti, dilo tseno di tla diragala leng tota, mme sesupo e tla nna eng sa fa dilo tseno di laoletswe go diragala?”+ 8 A re: “Disang gore lo se ka lwa tsiediwa;+ gonne ba le bantsi ba tla tla ka leina la me, ba re, ‘Ke nna ene,’ ba ba bo re, ‘Nako e e tshwanetseng e atametse.’+ Lo se ka lwa ba sala morago. 9 Mo godimo ga moo, fa lo utlwalela ka dintwa le dikhuduego, lo se ka lwa tshoga.+ Gonne dilo tseno di tshwanetse go diragala pele, mme bokhutlo ga bo diragale ka yone nako eo.”
10 Go tswa foo a tswelela go ba raya a re: “Setšhaba se tla tsogologela setšhaba,+ le bogosi bo tsogologele bogosi;+ 11 mme go tla nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo, mme mo mafelong ka go latelana malwetse a leroborobo le ditlhaelo tsa dijo;+ mme go tla nna le dipono tse di boifisang le ditshupo tse dikgolo+ go tswa legodimong.
12 “Mme pele ga dilo tseno tsotlhe batho ba tla lo tsenya diatla ba bo ba lo bogisa,+ ba lo isa kwa disinagogeng le dikgolegelong, lo gogelwa fa pele ga dikgosi le balaodi ka ntlha ya leina la me.+ 13 Go tla lo diragalela gore e nne bosupi.+ 14 Jalo dirang tshwetso mo dipelong tsa lona gore lo se ka lwa ipaakanya go sa le pele kafa lo ka iphemelang+ ka gone, 15 gonne ke tla lo naya molomo le botlhale, tse baganetsi ba lona botlhe ba le mmogo ba se kitlang ba kgona go emelelana le tsone kgotsa go di ganetsa.+ 16 Mo godimo ga moo, lo tla neelwa le ke batsadi+ le bomorwarraalona le ba losika le ditsala, mme ba tla bolaya+ bangwe ba lona; 17 mme lo tla nna ba ba tlhoilweng ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me.+ 18 Le fa go ntse jalo ga go moriri+ ope wa ditlhogo tsa lona o o tla nyelelang ka gope. 19 Lo tla bona meya ya lona+ ka go itshoka ga lona.
20 “Mo godimo ga moo, fa lo bona Jerusalema a dikologilwe+ ke masole a a thibeletseng, itseng gore go kgakgabadiwa ga gagwe go atametse.+ 21 A ba ba kwa Judea ba simolole go tshabela kwa dithabeng, mme a ba ba mo gare ga gagwe ba tloge, le ba ba mo mafelong a selegae a ba se ka ba tsena mo go ene;+ 22 ka gonne ano ke malatsi a go diragatsa tshiamiso, gore dilo tsotlhe tse di kwadilweng di tle di diragadiwe.+ 23 A bo go latlhega basadi ba ba baimana le ba ba amusang masea mo malatsing ao!+ Gonne go tla nna pitlagano e kgolo mo lefatsheng leo le tšhakgalo mo bathong bano; 24 mme ba tla wa ka bogale jwa tšhaka ba bo ba dirwa batshwarwa mo ditšhabeng tsotlhe;+ mme Jerusalema o tla gatakwa ke ditšhaba, go fitlha dinako tse di tlhomilweng+ tsa ditšhaba di fela.
25 “Gape, go tla nna le ditshupo mo letsatsing+ le mo ngweding le mo dinaleding, mme mo lefatsheng tlalelo e e mahehe ya ditšhaba, e sa itse kgoro ya botso ka ntlha ya go suma ga lewatle+ le khuduego ya lone,+ 26 fa batho ba ntse ba tepelela ka ntlha ya poifo+ le tebelelo ya dilo tse di tlelang lefatshe le le nang le banni;+ gonne maatla a magodimo a tla reketlisiwa.+ 27 Go tswa foo ba tla bona Morwa motho+ a tla mo lerung ka maatla le kgalalelo e kgolo.+ 28 Mme fa dilo tseno di simolola go diragala, emang lo tlhamaletse lo bo lo tsholetse ditlhogo tsa lona, ka gonne kgololo ya lona e a atamela.”
29 Foo a bua setshwantsho le bone a re: “Elang tlhoko setlhare sa mofeige le ditlhare tsotlhe tse dingwe:+ 30 Fa di setse di thuntse, ka go se ela tlhoko lo a itse ka bolona gore jaanong selemo se gaufi.+ 31 Ka tsela eno le lona, fa lo bona dilo tseno di diragala, itseng gore bogosi jwa Modimo bo gaufi.+ 32 Ammaaruri ke a lo raya, Kokomana eno ga e na go feta ka gope go fitlha dilo tsotlhe di diragala.+ 33 Legodimo le lefatshe di tla feta,+ mme mafoko a me ga a na go feta ka gope.+
34 “Mme itlhokomeleng go-re dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe+ le ke ditlhobaelo+ tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho+ 35 jaaka seru.+ Gonne le tla tlela botlhe ba ba nnang mo godimo ga lefatshe lotlhe.+ 36 Jaanong, nnang lo tsogile,+ lo dira mokokotlelo+ ka nako yotlhe gore lo tle lo atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala, le go ema fa pele ga Morwa motho.”+
37 Jalo fa go le motshegare o ne a ruta mo tempeleng,+ mme fa go le bosigo a tswe mme a lale mo thabeng e e bidiwang Thaba ya Lotlhware.+ 38 Mme batho botlhe+ ba ne ba tla go sa le phakela kwa go ene mo tempeleng go tla go mo utlwa.