Mantaga, March 18
Banna bano botlhe ba ganetsa ditaelo tsa ga Kaesara.—Dit. 17:7.
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego e e neng e sa tswa go tlhomiwa kwa Thesalonika ba ne ba bogisiwa. Baganetsi ba ba setlhogo ba ne ba gogela “bakaulengwe bangwe kwa babusing ba motse.” (Dit. 17:6) Akanya kafa Bakeresete bao ba ba neng ba sa tswa go sokologa ba neng ba tshogile ka gone. Ba ne ba ka fokotsa tsela e ba neng ba dira tiro ya ga Jehofa ka yone, mme moaposetoloi Paulo o ne a sa batle gore seo se direge. O ne a netefatsa gore phuthego eno e na le mongwe yo o tla e tlhokomelang. Paulo o ne a gopotsa Bathesalonika jaana: “[Re ne] ra romela Timotheo, mokaulengwe wa rona . . . gore a nonotshe tumelo ya lona le gore a lo gomotse, gore ope a se ka a koafadiwa ke dipitlagano tseno.” (1 Bathes. 3:2, 3) Timotheo o ile a bona tsela e Paulo a ileng a nonotsha bakaulengwe ba kwa Lisetera ka yone. E re ka Timotheo a bone kafa Jehofa a neng a eme bakaulengwe ba kwa Lisetera nôkeng ka gone, o ne a ka netefaletsa bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba ba sa tswang go sokologa gore le bone, dilo di ne di tla ba tsamaela sentle.—Dit. 14:8, 19-22; Baheb. 12:2. w22.08 21 ¶4
Labobedi, March 19
Re bone botshelo ka ene.—1 Joh. 4:9.
Kwa bowelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, setlhopha sengwe sa Baithuti ba Baebele ba ba neng ba eteletswe pele ke Charles Taze Russell, ba ne ba simolola go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo. Ba ne ba batla go itse gore setlhabelo sa ga Jesu se botlhokwa go le kana kang le gore loso lwa gagwe lo ne lo tshwanetse go gopolwa jang. Gompieno dilo tse ba di ithutileng di re tswela mosola. Di re tswela mosola jang? Re a tlhaloganya gore setlhabelo sa ga Jesu se botlhokwa go le kana kang le gore se tla tswela rona le batho ba bangwe mosola jang mo nakong e e tlang. (1 Joh. 2:1, 2) Gape re ithutile gore Baebele e a re batho bangwe ba ba itumedisang Jehofa ba tla tshelela ruri kwa legodimong le gore batho ba bangwe ba tla tshelela ruri mo lefatsheng. Re atamalana le Jehofa thata fa re lemoga tsela e a re ratang ka yone le tsela e setlhabelo sa ga Jesu se re tswelang mosola ka yone. (1 Pet. 3:18) Ka jalo, fela jaaka bakaulengwe ba rona ba ba ikanyegang ba mo nakong e e fetileng, re laletsa batho gore ba tle go gopola loso lwa ga Jesu le rona ka tsela e Jesu a ileng a ruta balatedi ba gagwe gore ba lo gopole ka yone. w23.01 21 ¶6-7
Mmalo wa Baebele wa Segopotso: (Ditiragalo tsa fa letsatsi le sena go phirima: Nisane 9) Mareko 14:3-9
Laboraro, March 20
O ne a swela batho botlhe gore ba ba tshelang ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o neng a ba swela a bo a tsosiwa.—2 Bakor. 5:15.
Jesu o ile a ruta batho ka dilo tse dintle tse Bogosi Jwa Modimo bo tlileng go di dira. Re lebogela setlhabelo sa thekololo ka gonne se re thusa gore re kgone go nna ditsala tsa ga Jehofa le Jesu. Gape ba ba dumelang mo go Jesu, ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri le ya go boa ba bona batho ba ba ba ratang ba ba tlhokafetseng. (Joh. 5:28, 29; Bar. 6:23) Jehofa le Jesu ba ne ba sa patelesege go re naya masego ano, mo godimo ga moo ga go na sepe se re ka se dirang go duelela se ba re diretseng sone. (Bar. 5:8, 20, 21) Mme gone, re ka kgona go ba bontsha gore re lebogela se ba re diretseng sone. Re ka dira seo jang? Ka go dirisa dilo tse re nang le tsone go dira gore tiro e e direlwang Bogosi e tswelele. Ka sekai, re ka thusa go aga mafelo a a dirisediwang go obamela Jehofa le go a tlhokomela. w23.01 26 ¶3; 28 ¶5
Mmalo wa Baebele wa Segopotso: (Ditiragalo tsa motshegare: Nisane 9) Mareko 11:1-11