Laboraro, April 17
Leka go tswelela [o] na le segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo le batho.—Dit. 24:16.
Re dirisa segakolodi se se katisitsweng ka Baebele fa re dira ditshwetso tse di amanang le kalafi. (1 Tim. 3:9) Fa re dira ditshwetso kgotsa re bolelela ba bangwe gore re dirile ditshwetso dife, re tshwanetse go gopola se Bafilipi 4:5 e se buang. E a re: “A batho botlhe ba bone gore ga lo tlhogoethata.” Fa re se tlhogoethata kgotsa re sa feteletse dilo, ga re kitla re tshwenyega mo go feteletseng ka botsogo. Re rata bakaulengwe le bokgaitsadi e bile re a ba tlotla, tota le fa ba dira ditshwetso tse di sa tshwaneng le tsa rona. (Bar. 14:10-12) Re bontsha gore re leboga Jehofa go bo a re neile botshelo ka go itlhokomela le go mo direla ka bojotlhe. (Tshen. 4:11) Gone jaanong re a lwala e bile re diragalelwa ke dilo tse di botlhoko. Mme gone, Mmopi wa rona ga a batle gore re tshele jaana. Go ise go ye kae, o tla dira gore re tshelele ruri, re sa utlwe botlhoko e bile re sa swe. (Tshen. 21:4) Le fa seo se ise se direge, re sa ntse re itumelela go tshela le go direla Rraarona yo o re ratang e bong Jehofa. w23.02 25 ¶17-18
Labone, April 18
Bogosi jwa gago bo kgaogantswe mme bo neilwe Bameda le Baperesia.—Dan. 5:28.
Jehofa o bontshitse gore o na le taolo e e fetang ya “balaodi ba bagolo.” (Bar. 13:1) Akanya ka dikai tseno tse tharo. Kgosi Faro wa kwa Egepeto o ne a dirile batho ba ga Jehofa makgoba e bile o ne a gana go ba golola ka makgetlo a le mantsi. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a ba golola a bo a nwetsa Faro mo Lewatleng le Lehibidu. (Ekes. 14:26-28; Pes. 136:15) Kgosi Beleshasare wa kwa Babelona o ne a dira moletlo, mme a “ikgodisetsa Morena wa magodimo” a bo a “baka medimo ya selefera le gauta,” go na le go baka Jehofa. (Dan. 5:22, 23) Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a kokobetsa monna yoo yo o neng a ikgodisa. “Mo go jone bosigo joo” Beleshasare o ne a bolawa mme bogosi jwa gagwe jwa newa Bameda le Baperesia. (Dan. 5:30, 31) Kgosi Herode Ageripa I wa kwa Palesetina o ne a laela gore moaposetoloi Jakobe a bolawe mme go tswa foo a tsenya moaposetoloi Petere mo kgolegelong ka boikaelelo jwa gore le ene a mmolaye. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a thibela Herode go dira se a neng a se ikaeletse. “Moengele wa ga Jehofa o ne a dira gore a lwale,” mme o ne a swa.—Dit. 12:1-5, 21-23. w22.10 15 ¶12
Labotlhano, April 19
Ke tla lo reetsa.—Jer. 29:12.
Fa re ntse re bala kafa Jehofa a ileng a tlhokomela batho ba ba ileng ba ikanyega mo go ene ka gone mo nakong e e fetileng, tsholofelo ya rona e tla nonofa le go feta. Dilo tsotlhe tse di mo Lefokong la Modimo, “di ne tsa kwalelwa go re ruta gore re nne le tsholofelo. Tota e bile, Dikwalo tseo di re thusa go itshoka e bile di a re gomotsa.” (Bar. 15:4) Akanyetsa kwa teng ka ditsholofetso tse Jehofa a ileng a di diragatsa. Akanya ka se Modimo a ileng a se direla Aborahame le Sara. Ba ne ba godile thata gore ba ka nna le bana. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a ba solofeditse gore ba tla nna le ngwana. (Gen. 18:10) Aborahame o ne a itshwara jang? Baebele e tlhalosa jaana: “O ne a na le tsholofelo e bile a dumela gore o tla nna rre wa ditšhaba di le dintsi.” (Bar. 4:18) Le fa gone Aborahame a ne a sa itse gore Modimo o ne a tla diragatsa jang se a neng a se solofeditse, o ne a dumela gore o tla se diragatsa. Modimo ga a ka a swabisa monna yono yo o ikanyegang. (Bar. 4:19-21) Dipego tse di tshwanang le tseno di re ruta gore ka dinako tsotlhe re ka tshepa gore Jehofa o tla diragatsa se a se solofeditseng. w22.10 27 ¶13-14