Laboraro, March 27
[Batlang] Bogosi . . . pele.—Math. 6:33.
Barutwa ba ne ba utlwile botlhoko thata fa Jesu a ne a swa. Tsala ya bone e ba neng ba e rata thata e ne e tlhokafetse, e bile ba ne ba sa tlhole ba na le tsholofelo. (Luke 24:17-21) Le fa go ntse jalo, fa Jesu a ne a bonala kwa go bone, o ne a ipha nako ya go ba thusa go tlhaloganya gore o diragatsa boporofeti jwa Baebele jang. Gape o ne a ba naya tiro ya botlhokwa e ba neng ba tshwanetse go e dira. (Luke 24:26, 27, 45-48) Fa Jesu a tlhatlogela kwa legodimong, barutwa ba ne ba sa tlhole ba hutsafetse, go na le moo ba ne ba itumetse tota. Ba ne ba itumetse ka gonne ba ne ba itse gore Jesu o tsositswe, le gore o ne a tlile go ba thusa mo tirong e a neng a ba neile yone. Tsela e ba neng ba itumetse ka yone, e ne ya ba tlhotlheletsa gore ba tswelele ba baka Jehofa. (Luke 24:52, 53; Dit. 5:42) Gore re kgone go etsa sekao sa barutwa ba ga Jesu, dilo tse di direlwang Bogosi di tshwanetse go tla pele mo matshelong a rona. Le fa gone re tlhoka go itshoka fa re ntse re direla Jehofa, o solofetsa gore o tla re segofatsa fa re dira jalo.—Diane 10:22. w23.01 30-31 ¶15-16
Mmalo wa Baebele wa Segopotso: (Ditiragalo tsa motshegare: Nisane 16) Mareko 16:2-8
Labone, March 28
O tla boela mo loroleng.—Gen. 3:19.
Ga re batle go dira phoso e Adame le Efa ba e dirileng. Gore re kgone go dira seo, re tshwanetse go ithuta ka Jehofa, go tlhaloganya botho jwa gagwe le tsela e a lebang dilo ka yone. Fa re dira jalo, re tla rata Jehofa le go feta. Akanya ka se Aborahame a neng a se dira. O ne a rata Jehofa. Ka jalo, le fa a ne a sa tlhaloganye ditshwetso tsa ga Jehofa, ga a ka a mo tlhanogela. Go na le moo, o ne a leka go tlhaloganya tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone. Ka sekai, fa Aborahame a ne a utlwa gore Jehofa o ikaeletse go senya Sodoma le Gomora, a ka tswa a ne a tshogile ka gonne a akanya gore “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe” o ne a tla senya batho ba ba siameng le ba ba sa siamang. Aborahame o ne a tsaya gore go dira jalo go ne go sa utlwale, ka jalo o ne a botsa Jehofa dipotso tse dintsi a ikokobeditse. Jehofa o ne a mo araba a le pelotelele. Morago ga moo, Aborahame o ne a lemoga gore Jehofa o bona se se mo pelong ya motho mongwe le mongwe, le gore ga a kitla a otlhaya batho ba ba siameng mmogo le batho ba ba sa siamang.—Gen. 18:20-32. w22.08 28 ¶9-10
Labotlhano, March 29
Motho yo o ikanyegang o boloka sephiri.—Diane 11:13.
Ka 455 B.C.E., fa Mmusi Nehemia a sena go aga dipota tsa Jerusalema sesha, o ne a batla banna ba ba ka ikanngwang ba ba neng ba ka tlhokomela motse. Mongwe wa batho ba Nehemia a neng a ba tlhopha ke molaodi wa Kago ya Phemelo e bong Hanania. Baebele e tlhalosa Hanania e le “monna yo o ikanyegang thata [yo o neng] a boifa Modimo wa boammaaruri go gaisa ba bangwe ba bantsi.” (Neh. 7:2) Tsela e Hanania a neng a rata Jehofa ka yone e bile a sa batle go mo swabisa, e ne ya mo rotloetsa gore a dire ka natla mo kabelong nngwe le nngwe e a neng a e newa. Go rata Jehofa le go sa batle go mo swabisa, go ka dira gore batho ba bangwe ba re tshepe fa re ntse re mo direla. Akanya ka sekao sa ga Tikiko, e bong mokaulengwe yo moaposetoloi Paulo a neng a mo tshepa. Paulo o ne a thusiwa ke Tikiko e bile Paulo o ne a re Tikiko e ne e le “modiredi yo o ikanyegang.” (Baef. 6:21, 22) Paulo o ne a mo naya maikarabelo a gore a ise makwalo kwa bakaulengweng ba kwa Efeso le kwa Kolosa le gore a ba kgothatse a bo a ba gomotse. Tikiko o re gopotsa banna ba ba ikanyegang ba re ka ba tshepang, ba ba re thusang gore re tswelele re atamalane le Jehofa gompieno.—Bakol. 4:7-9. w22.09 9-10 ¶5-6