Labone, March 28
O tla boela mo loroleng.—Gen. 3:19.
Ga re batle go dira phoso e Adame le Efa ba e dirileng. Gore re kgone go dira seo, re tshwanetse go ithuta ka Jehofa, go tlhaloganya botho jwa gagwe le tsela e a lebang dilo ka yone. Fa re dira jalo, re tla rata Jehofa le go feta. Akanya ka se Aborahame a neng a se dira. O ne a rata Jehofa. Ka jalo, le fa a ne a sa tlhaloganye ditshwetso tsa ga Jehofa, ga a ka a mo tlhanogela. Go na le moo, o ne a leka go tlhaloganya tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone. Ka sekai, fa Aborahame a ne a utlwa gore Jehofa o ikaeletse go senya Sodoma le Gomora, a ka tswa a ne a tshogile ka gonne a akanya gore “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe” o ne a tla senya batho ba ba siameng le ba ba sa siamang. Aborahame o ne a tsaya gore go dira jalo go ne go sa utlwale, ka jalo o ne a botsa Jehofa dipotso tse dintsi a ikokobeditse. Jehofa o ne a mo araba a le pelotelele. Morago ga moo, Aborahame o ne a lemoga gore Jehofa o bona se se mo pelong ya motho mongwe le mongwe, le gore ga a kitla a otlhaya batho ba ba siameng mmogo le batho ba ba sa siamang.—Gen. 18:20-32. w22.08 28 ¶9-10
Labotlhano, March 29
Motho yo o ikanyegang o boloka sephiri.—Diane 11:13.
Ka 455 B.C.E., fa Mmusi Nehemia a sena go aga dipota tsa Jerusalema sesha, o ne a batla banna ba ba ka ikanngwang ba ba neng ba ka tlhokomela motse. Mongwe wa batho ba Nehemia a neng a ba tlhopha ke molaodi wa Kago ya Phemelo e bong Hanania. Baebele e tlhalosa Hanania e le “monna yo o ikanyegang thata [yo o neng] a boifa Modimo wa boammaaruri go gaisa ba bangwe ba bantsi.” (Neh. 7:2) Tsela e Hanania a neng a rata Jehofa ka yone e bile a sa batle go mo swabisa, e ne ya mo rotloetsa gore a dire ka natla mo kabelong nngwe le nngwe e a neng a e newa. Go rata Jehofa le go sa batle go mo swabisa, go ka dira gore batho ba bangwe ba re tshepe fa re ntse re mo direla. Akanya ka sekao sa ga Tikiko, e bong mokaulengwe yo moaposetoloi Paulo a neng a mo tshepa. Paulo o ne a thusiwa ke Tikiko e bile Paulo o ne a re Tikiko e ne e le “modiredi yo o ikanyegang.” (Baef. 6:21, 22) Paulo o ne a mo naya maikarabelo a gore a ise makwalo kwa bakaulengweng ba kwa Efeso le kwa Kolosa le gore a ba kgothatse a bo a ba gomotse. Tikiko o re gopotsa banna ba ba ikanyegang ba re ka ba tshepang, ba ba re thusang gore re tswelele re atamalane le Jehofa gompieno.—Bakol. 4:7-9. w22.09 9-10 ¶5-6
Matlhatso, March 30
Motho yo o nang le lorato o iketleeleditse go itshwarela ba bangwe ka metlha.—1 Pet. 4:8.
Josefa o ne a lebana le mathata a a boima ka dingwaga di le 13. A ka tswa a ile a akanya gore Jehofa ga a mo rate. E bile a ka tswa a ile a akanya gore Jehofa o mo latlhile ka nako e a neng a mo tlhoka ka yone. Le fa go ntse jalo, Josefa ga a ka a galefa. Go na le moo, o ne a nna a thantse mo tlhaloganyong a bo a ritibala. Fa a ne a nna le tshono ya go ipusolosetsa mo go bomogoloe, ga a ka a ipusolosetsa, go na le moo o ne a ba bontsha gore o a ba rata le gore o ba itshwaretse. (Gen. 45:4, 5) Josefa o ne a dira jalo ka gonne a ne a akanya sentle. Ga a ka a akanya ka mathata a gagwe, mme o ne a nna a akantse ka se Jehofa a se batlang. (Gen. 50:19-21) Seno se re ruta eng? Fa o sa tshwarwe sentle, o se ka wa galefela Jehofa kgotsa wa akanya gore o go latlhile. Go na le moo, akanyetsa kwa teng ka tsela e a go thusang ka yone go itshokela bothata joo. Mo godimo ga moo, fa ba bangwe ba sa go tshware sentle, ikemisetse go ba itshwarela ka metlha. w22.11 21 ¶4