-
Ekesodo 21:12Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
12 “Ope fela yo o itayang motho gore a bo a swe o tshwanetse go bolawa.+
-
-
Dipalo 35:31Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
31 Ga lo a tshwanela go tsaya thekololo epe e e ntshediwang botshelo jwa mmolai yo o tshwanelwang ke loso, ka gonne o tshwanetse go bolawa.+
-
-
Duteronome 19:11-13Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
11 “Mme gone, fa motho a ne a tlhoile motho yo mongwe+ e bile a ne a mo laletse gore a mo tlhasele a bo a mo gobatsa thata a bo a swa, mme motho yono a tshabetse kwa motseng mongwe wa metse eno, 12 foo bagolwane ba motse wa gagabo ba rome batho gore a ye go tsewa koo, mme ba mo tsenye mo seatleng sa mmusolosi wa madi, mme o tshwanetse go swa.+ 13 Lo* se ka lwa mo utlwela botlhoko, mme lo tshwanetse go phimola molato wa madi a a tsholotsweng a a se nang molato mo Iseraele,+ gore dilo di lo tsamaele sentle.
-