-
Genesise 17:1Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
17 Fa Aberame a na le dingwaga di le 99, Jehofa o ne a iponatsa kwa go ene mme a mo raya a re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe. Tsamaya mo ditseleng tsa me mme o itshupe o se na molato.
-
-
Genesise 22:16, 17Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
16 a re: “‘Ke ikana ka nna,’ go bua Jehofa,+ ‘ka gonne o dirile seno e bile ga o a gana ka morwao, morwao yo o esi fela,+ 17 ruri ke tla go segofatsa e bile ke tla dira gore losika lwa gago lo nne lontsi jaaka dinaledi tsa magodimo le jaaka motlhaba* o o fa losing lwa lewatle,+ mme losika lwa gago lo tla gapa metse* ya baba ba lone.+
-