31 Ka jalo, fa a sena go tswa, Jesu o ne a re: “Jaanong Morwa motho o galaleditswe,+ le Modimo o galaleditswe ka ntlha ya gagwe. 32 Modimo ka boene o tla mo galaletsa,+ mme o tla mo galaletsa ka yone nako eo.
13 Modimo wa ga Aborahame le wa ga Isake le wa ga Jakobe,+ e leng Modimo wa borraaronamogolo, o galaleditse Motlhanka wa gagwe,+ e bong Jesu,+ yo lo neng lwa mo neela+ batho gore ba mmolaye lwa bo lwa mo itatola fa pele ga ga Pilato, le fa Pilato a ne a dirile tshwetso ya go mo golola.