Samuele wa Ntlha
3 Mo nakong eno, mosimane Samuele o ne a direla+ Jehofa fa pele ga ga Eli, mme mo metlheng eo, lefoko le le tswang kwa go Jehofa le ne le tla sewelo; diponatshegelo+ di ne di sa tlwaelega.
2 Letsatsi lengwe Eli o ne a robetse mo lefelong la gagwe jaaka gale, mme matlho a gagwe a ne a le letobo; o ne a sa kgone go bona.+ 3 Lobone lwa Modimo+ lo ne lo ise lo timiwe, mme Samuele o ne a robetse mo tempeleng*+ ya ga Jehofa, kwa Letlole la Modimo le neng le le gone. 4 Foo Jehofa o ne a bitsa Samuele. O ne a araba a re: “Ke fano.” 5 O ne a tabogela kwa go Eli mme a re: “Ke fano, ka gonne o mpiditse.” Mme ene a re: “Ga ke a go bitsa. Tsamaya o ye go robala.” Ka jalo, o ne a tsamaya a ya go robala. 6 Jehofa o ne a bitsa gape a re: “Samuele!” Foo Samuele o ne a tsoga a ya kwa go Eli mme a re: “Ke fano, ka gonne o mpiditse.” Mme ene a re: “Ga ke a go bitsa, morwaaka. Tsamaya o ye go robala.” 7 (Jaanong Samuele o ne a ise a itse Jehofa e bile o ne a ise a senolelwe lefoko la ga Jehofa.)+ 8 Ka jalo, Jehofa o ne a bitsa gape lekgetlo la boraro a re: “Samuele!” O ne a tsoga a ya kwa go Eli a re: “Ke fano, ka gonne o mpiditse.”
Foo Eli o ne a lemoga gore Jehofa ke ene a neng a bitsa mosimane. 9 Ka jalo, Eli o ne a raya Samuele a re: “Tsamaya o ye go robala, mme fa a ka go bitsa gape, o re, ‘Tsweetswee bua le nna Jehofa, ka gonne nna motlhanka wa gago ke reeditse.’ ” Mme Samuele o ne a tsamaya a ya go robala mo lefelong la gagwe.
10 Jehofa o ne a bitsa gape a re: “Samuele, Samuele!” Foo Samuele o ne a re: “Tsweetswee bua le nna, ka gonne nna motlhanka wa gago ke reeditse.” 11 Jehofa o ne a raya Samuele a re: “Ke dira sengwe mo Iseraele se se tla dirang gore motho ope fela yo o utlwang ka sone, ditsebe tsa gagwe tsoopedi di babe.+ 12 Mo letsatsing leo, ke tla diragatsa sotlhe se ke se buileng ka Eli le ba lelapa la gagwe, go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong.+ 13 O tshwanetse go mmolelela gore ke tlisa katlholo e e tla nnelang ruri mo lelapeng la gagwe ka ntlha ya boleo jo a neng a itse ka jone,+ ka gonne bomorwawe ba hutsa Modimo,+ le fa go ntse jalo ga a ba kgalemele.+ 14 Ke gone ka moo ke neng ka ikanela lelapa la ga Eli gore le ka motlha boleo jwa bone ga bo kitla bo phimolwa ka go ntsha ditlhabelo kgotsa dimpho.”+
15 Samuele o ne a robala go fitlha mo mosong; go tswa foo o ne a bula dikgoro tsa ntlo ya ga Jehofa. Samuele o ne a tshaba go bolelela Eli ka ponatshegelo eo. 16 Mme Eli o ne a bitsa Samuele a re: “Samuele, morwaaka!” Foo a re: “Ke fano.” 17 O ne a mmotsa jaana: “Ke molaetsa ofe o a go boleletseng one? Tsweetswee, o se ka wa o mphitlhela. E kete Modimo a ka go otlhaya botlhoko fa o ka mphitlhela lefoko le le lengwe mo go sotlhe se a se buileng le wena.” 18 Ka jalo, Samuele o ne a mmolelela sengwe le sengwe, mme o ne a se ka a mo fitlhela sepe. Eli o ne a re: “Ke Jehofa. A a dire se se molemo mo matlhong a gagwe.”
19 Samuele o ne a tswelela a gola, mme Jehofa ka boene o ne a na le ene+ mme o ne a se ka a letla gore lefoko lepe mo mafokong otlhe a gagwe le se ka la diragala.* 20 Iseraele yotlhe go tswa kwa Dana go ya kwa Beere-sheba e ne ya lemoga gore Samuele o tlhomamisitswe gore ke moporofeti wa ga Jehofa. 21 Mme Jehofa o ne a tswelela a iponatsa kwa Shilo ka gonne Jehofa o ne a itshenoletse Samuele kwa Shilo ka lefoko la ga Jehofa.+