Jeremia
8 Jehofa a re, “Ka nako eo, marapo a dikgosi tsa Juda, marapo a dikgosana tsa yone, marapo a baperesiti, marapo a baporofeti le marapo a banni ba Jerusalema a tla ntshiwa mo mabitleng a bone. 2 A tla alwa fa pele ga letsatsi le ngwedi le masomosomo otlhe a legodimo a ba neng ba a rata, a ba neng ba a direla, a ba neng ba a latela, a ba neng ba a senka ba bo ba a ikobela.+ Ga a kitla a phuthiwa, e bile ga a kitla a fitlhwa. A tla nna jaaka motshotelo mo mmung.”+
3 Jehofa wa masomosomo a re, “Mme masalela a a falotseng a lelapa leno le le bosula a tla tlhopha loso go na le botshelo kwa mafelong a ke ba phatlalaletsang kwa go one.
4 Mme o ba reye o re, ‘Seno ke se Jehofa a se buang:
“A ba tla wa ba bo ba sa tsoge gape?
Fa a le mongwe a ka boela morago, a yo mongwe le ene ga a kitla a boela morago?
5 Ke ka ntlha yang fa batho bano, ba Jerusalema, ba nna ba sa ikanyege mo go nna?
Ba nna ba tsietsa;
Ba gana go fetoga.+
6 Ke ne ka tlhwaya tsebe mme ka tswelela ke reeditse, le fa go ntse jalo, tsela e ba neng ba bua ka yone e ne e sa siama.
Go ne go se na motho ope yo o ikwatlhaelang bosula jwa gagwe kgotsa yo o ipotsang a re, ‘Ke dirile eng?’+
Mongwe le mongwe o nna a boela mo ditseleng tse bontsi bo tsamayang mo go tsone, jaaka pitse e tabogela kwa tlhabanong.
7 Tota le mogolori o o fofang kwa loaping o itse dipaka* tsa one;
Leeba le peolwane le moritinkole di itse nako e di tshwanetseng go fuduga ka yone.
Mme batho ba me bone ga ba tlhaloganye nako e nna Jehofa ke tla ba atlholang ka yone.”’+
8 ‘Go tla jang gore lo re: “Re botlhale, e bile re na le molao* wa ga Jehofa”?
Gonne boammaaruri ke gore pene e e gabang e e buang maaka+ ya bakwadi* e diriseditswe maaka fela.
9 Ba ba botlhale ba tlhabisitswe ditlhong.+
Ba tshogile mme ba tla tshwarwa.
Ba ganne lefoko la ga Jehofa,
Mme ba na le botlhale bofe?
10 Ka jalo, basadi ba bone ke tla ba naya banna ba bangwe,
Masimo a bone ke tla a naya batho ba sele;+
Gonne go simolola ka yo monnye go fitlha ka yo mogolo, mongwe le mongwe wa bone o huma ka boferefere;+
Go simolola ka moporofeti go fitlha ka moperesiti, mongwe le mongwe wa bone o dira boferefere.+
11 E bile ba leka go fodisa batho ba me ka go ba raya ba re,
“Go na le kagiso! Go na le kagiso!”
Mme gone go se na kagiso.+
12 A dilo tse di makgapha tse ba di dirileng di ba tlhabisa ditlhong?
Ga ba tlhabiwe ke ditlhong gotlhelele!
Tota e bile ga ba itse gore go tlontlololwa go ntse jang!+
Ka jalo, ba tla wela mo gare ga ba ba oleng.
Ba tla kgopiwa fa ke ba atlhola,’+ go bua Jehofa.
13 ‘Fa ke ba phutha, ke tla ba fedisa,’ go bua Jehofa.
‘Go tla bo go se na morara* o o setseng mo setlhareng sa morara, le difeige mo setlhareng sa mofeige, e bile matlhare a tsone a tla swaba.
Mme se ke neng ke ba file sone se tla ba latlhegela.’”
14 “Ke ka ntlha yang fa re ntse fano?
A re phuthegeng mme re tsene mo metseng e e sireletsegileng+ mme re swele kwa go yone.
Gonne Jehofa, Modimo wa rona o tla re nyeletsa,
E bile o re naya metsi a a nang le botlhole gore re a nwe,+
Ka gonne re leofetse Jehofa.
15 Re ne re solofetse kagiso, mme ga go a tla sepe se se molemo,
Re ne re solofetse nako ya phodiso, mme go na le letshogo!+
16 Go utlwala modumo wa dipitse tsa gagwe o o tswang ka dinko go tswa kwa Dana.
Lefatshe lotlhe le a reketla
Ka ntlha ya modumo wa dipitse tsa gagwe tse ditonanyana tse di batlang go gwela.
Di a tla di bo di kometsa lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone,
Motse le banni ba one.”
17 Jehofa a re, “Gonne jaanong ke lo romelela dinoga,
Dinoga tse di botlhole, tse di ka se kang tsa tshereanngwa,
Mme ruri di tla lo loma.”
18 Khutsafalo ya me ga e alafesege;
Pelo ya me e a lwala.
19 Go utlwala modumo wa go kopa thuso go tswa kwa lefatsheng le le kgakala
O o tswang kwa go morwadia batho ba me, a re:
“A Jehofa ga a mo Siona?
Kgotsa a kgosi ya gagwe ga e yo mo go ene?”
“Ke ka ntlha yang fa ba nkgopisitse ka ditshwantsho tsa bone tse di betlilweng,
Ka medimo ya bone e e se nang mosola?”
20 “Thobo e fetile, selemo se fedile,
Mme rona ga re a bolokwa!”
21 Ke utlwisitswe botlhoko ke go robega ga morwadia batho ba gaetsho;+
Ke ngomogile pelo.
Ke wetswe ke letshogo le legolo.
22 A ga go na balema* mo Gileade?+
Kgotsa a ga go na mofodisi* teng?+
Ke ka ntlha yang fa morwadia batho ba gaetsho a ise a fodisiwe?+