Daniele
4 “Nna Kgosi Nebukadenesare, ke kwalela ditšhaba tsotlhe, merafe yotlhe le batho ba ba buang dipuo tse di farologaneng ba ba nnang mo lefatsheng lotlhe: E kete kagiso ya lona e ka nna ntsi! 2 Ke itumelela go lo itsise ditshupo le dikgakgamatso tse Modimo Mogodimodimo a di ntiretseng. 3 Ruri ditshupo tsa gagwe di dikgolo e bile dikgakgamatso tsa gagwe di maatla! Bogosi jwa gagwe ke bogosi jo bo nnelang ruri, le puso ya gagwe ke e e tswelelang e le teng kokomana morago ga kokomana.+
4 “Nna Nebukadenesare, ke ne ke iketlile mo ntlong ya me e bile dilo di ne di tsamaya sentle mo ntlong ya me ya segosi. 5 Ke ne ka lora toro e e neng ya ntshosa. Fa ke ntse ke robetse,* ke ne ka bona dipono le diponatshegelo tse di neng tsa mpoifisa.+ 6 Ka jalo, ke ne ka laela gore banna botlhe ba ba botlhale ba ba mo Babelona ba tlisiwe fa pele ga me gore ba tle ba mpolelele tlhaloso ya toro e ke e lorileng.+
7 “Ka nako eo baperesiti ba ba dirang maselamose, badiradikgakgamatso, Bakaladia* le balepadinaledi+ ba ne ba tla kwa go nna. Fa ke ne ke ba bolelela toro e ke e lorileng, ba ne ba sa kgone go mpolelela tlhaloso ya yone.+ 8 La bofelo go ne ga tla Daniele, yo leina la gagwe e leng Beleteshasare+ yo o reeletsweng ka leina la modimo wa me+ e bile a na le moya wa medimo e e boitshepo,+ mme ke ne ka mmolelela toro eno:
9 “‘Wena Beleteshasare mookamedi wa baperesiti ba ba dirang maselamose,+ ke itse sentle gore moya wa medimo e e boitshepo o mo go wena+ le gore ga go na sephiri sepe se se go palelang.+ Ka jalo, ntlhalosetse diponatshegelo tse ke di boneng mo torong ya me o bo o mpolelele gore e kaya eng.
10 “‘Mo diponatshegelong tse ke neng ka di bona ke robetse, ke ne ka bona setlhare+ se le fa gare ga lefatshe, mme se ne se goletse kwa godimo thata.+ 11 Setlhare seo se ne sa gola sa bo sa nonofa, mme karolo ya sone e e kwa godimo e ne ya fitlha kwa magodimong, e bile se ne se bonala mo dikhutlong tsotlhe tsa lefatshe. 12 Matlhare a sone a ne a le mantle, se ne se na le maungo a mantsi, e bile batho botlhe ba ne ba bona dijo mo go sone. Diphologolo tsa naga di ne di tle di senke moriti ka fa tlase ga sone, dinonyane di ne di tle di nne mo dikaleng tsa sone, e bile ditshedi tsotlhe* di ne di tle di je mo go sone.
13 “‘Fa ke ntse ke lebeletse diponatshegelo tse di neng tsa ntlela ke robetse, ke ne ka bona molebeledi, morongwa yo o boitshepo, a tswa kwa magodimong.+ 14 O ne a goa a re: “Remang setlhare seo,+ kgaolang dikala tsa sone, tlhotlhorang matlhare a sone lo bo lo gasamise maungo a sone! A diphologolo tsa naga di tshabe ka fa tlase ga sone, le dinonyane di tshabe mo dikaleng tsa sone. 15 Le fa go ntse jalo, tlogelang sesana sa sone se na le medi mo mmung mo gare ga bojang jwa naga, se bofilwe ka sebofo sa tshipi le sa kopore. Mma se kolobediwe ke monyo o o tswang kwa magodimong, mme a se nne mmogo le diphologolo mo gare ga dimela tsa lefatshe.+ 16 A pelo ya sone* e fetoge e nne jaaka ya phologolo, mme a go fete metlha e le supa+ se ntse se le mo boemong joo.+ 17 Balebeledi ke bone ba ba ntshitseng taelo eno,+ e bile barongwa ba ba boitshepo ke bone ba ba kopileng gore seno se dirwe, gore batho ba ba tshelang ba tle ba itse gore Mogodimodimo o na le taolo mo bogosing jwa batho+ le gore o bo naya ope fela yo a batlang go bo mo naya, tota e bile o tlhopha le motho wa maemo a a kwa tlase thata gore a buse mo go jone.”
18 “‘Eno ke toro e nna, Kgosi Nebukadenesare, ke neng ka e lora; jaanong wena Beleteshasare, mpolelele tlhaloso ya yone, ka gonne banna ba bangwe botlhe ba ba botlhale ba ba mo bogosing jwa me ga ba kgone go e mpolelela.+ Mme wena o kgona go dira jalo, ka gonne moya wa medimo e e boitshepo o mo go wena.’
19 “Ka nako eo, Daniele yo leina la gagwe e leng Beleteshasare,+ o ne a akabala ka nakwana, mme dikakanyo tsa gagwe di ne tsa simolola go mo tshosa.
“Kgosi e ne ya mo raya ya re, ‘Ao tlhe Beleteshasare, o se ka wa letla gore toro eno le tlhaloso ya yone di go tshose.’
“Beleteshasare o ne a mo araba a re, ‘Ao tlhe morena wa me, e kete toro eno e ka diragalela ba ba go tlhoileng, e bile e kete tlhaloso ya yone e ka diragalela baba ba gago.
20 “‘Setlhare se o neng wa se bona se se neng sa gola sa bo sa nonofa, se karolo ya sone e e kwa godimo e neng ya fitlha kwa magodimong, e bile se ne se bonala mo lefatsheng lotlhe,+ 21 se se neng se na le matlhare a mantle, se na le maungo a mantsi, e bile batho botlhe ba ne ba bona dijo mo go sone, se diphologolo tsa naga di neng di nna ka fa tlase ga sone le se dinonyane di neng di nna mo dikaleng tsa sone,+ 22 setlhare seo ke wena kgosi, ka gonne o ne wa gola thata wa ba wa nonofa, mme bogolo jwa gago bo ne jwa oketsega mme jwa fitllha kwa magodimong,+ le puso ya gago e ne ya fitlha kwa dikhutlong tsa lefatshe.+
23 “‘Mme kgosi e ne ya bona molebeledi, morongwa yo o boitshepo,+ a tswa kwa magodimong, yo o neng a re: “Remang setlhare seo lo bo lo se senye, le fa go ntse jalo, lo tlogele sesana sa sone se na le medi mo mmung mo gare ga bojang jwa naga, se bofilwe ka sebofo sa tshipi le sa kopore. Mme a se kolobediwe ke monyo o o tswang kwa magodimong, e bile a se nne mmogo le diphologolo tsa naga go fitlha metlha e le supa e feta.”+ 24 Eno ke tlhaloso ya toro e o e lorileng wena kgosi; ke taelo ya Mogodimodimo e e tla diragalelang wena morena wa me kgosi. 25 O tla lelekwa mo bathong, mme o tla nna le diphologolo tsa naga, e bile o tla ja dimela fela jaaka dipoo; mme o tla kolobediwa ke monyo o o tswang kwa magodimong,+ e bile go tla feta metlha e le supa+ o ntse o le mo boemong joo,+ go fitlha o itse gore Mogodimodimo o na le taolo mo bogosing jwa batho le gore o bo naya ope fela yo a batlang go bo mo naya.+
26 “‘Mme e re ka ba laetse gore go tlogelwe sesana sa setlhare seo se na le medi ya sone,+ o tla newa bogosi jwa gago gape fa o sena go itse gore Modimo yo o kwa magodimong ke ene a busang. 27 Ka jalo, wena kgosi, e kete o ka amogela kgakololo ya me. Tlogela maleo a gago mme o dire se se siameng o bo o tlogele go dira bosula mme o utlwele bahumanegi botlhoko. Gongwe o tla tshela nako e telele e bile o tla atlega.’”+
28 Dilo tseno tsotlhe di ne tsa diragalela Kgosi Nebukadenesare.
29 Dikgwedi di le 12 moragonyana, o ne a ntse a tsamaya mo borulelong jwa ntlo ya segosi ya Babelona. 30 Kgosi e ne ya re: “A ono ga se Babelona yo Mogolo o nna ka bonna ke o agileng ka nonofo ya me le ka maatla a me gore e nne ntlo ya segosi le o ke o agileng gore ke bontshe kgalalelo le tlotlomalo ya me?”
31 Fa kgosi e ne e sa ntse e bua mafoko ano, lentswe go tswa kwa magodimong le ne la re: “Reetsa wena Kgosi Nebukadenesare, ‘Bogosi bo tserwe mo go wena,+ 32 e bile o lelekwa mo bathong. O tla nna le diphologolo tsa naga e bile o tla ja dimela fela jaaka dipoo, mme go tla feta metlha e le supa o ntse o le mo boemong joo, go fitlha o itse gore Mogodimodimo o na le taolo mo bogosing jwa batho le gore o bo naya ope fela yo a batlang go bo mo naya.’”+
33 Ka yone nako eo, lefoko leno le ne la diragadiwa mo go Nebukadenesare. O ne a lelekwa mo bathong, e bile o ne a simolola go ja dimela fela jaaka dipoo, mme mmele wa gagwe o ne wa kolobediwa ke monyo o o tswang kwa magodimong, go fitlha moriri wa gagwe o gola o nna moleele fela jaaka mafofa a ntsu le dinala tsa gagwe di tshwana le dinala tsa nonyane.+
34 “Fa nako eo e wela,+ nna Nebukadenesare, ke ne ka leba kwa magodimong, mme tlhaloganyo ya me e ne ya boela mo go nna; ke ne ka baka Mogodimodimo, e bile ke ne ka baka Ene yo o tshelang ka bosakhutleng ka bo ka mo galaletsa, ka gonne puso ya gagwe ke puso e e nnelang ruri le bogosi jwa gagwe ke jo bo tswelelang bo le teng kokomana morago ga kokomana.+ 35 Batho botlhe ba ba nnang mo lefatsheng ga se sepe fa ba bapisiwa le Modimo, e bile o dira se a se ratang ka baengele ba ba kwa magodimong le ka batho ba ba nnang mo lefatsheng. Mme ga go na ope yo o ka mo thibelang*+ kgotsa yo o ka mo rayang a re: ‘O dirile eng?’+
36 “Ka yone nako eo, tlhaloganyo ya me e ne ya boela mo go nna, mme ke ne ka busediwa kgalalelo ya bogosi jwa me, tlotlomalo ya me le bontlentle jwa me.+ Badiredibagolo ba me le batlotlegi ba me ba ne ba mpatla ka tlhoafalo, mme ke ne ka busediwa mo bogosing jwa me, tota e bile ke ne ka okelediwa bogolo.
37 “Jaanong, nna Nebukadenesare, ke baka Kgosi ya magodimo,+ ke a e tlotlomatsa e bile ke a e galaletsa, ka gonne ditiro tsa yone tsotlhe di boammaaruri e bile ditsela tsa yone di siame,+ le ka gonne e kgona go kokobetsa ba ba ikgogomosang.”+