Modimo, Puso le Wena
“Kereke le Puso di Thulana mo Referentamong ya Tlhalo kwa Ireland”
SETLHOGO seno sa lokwalopaka lwa The New York Times se bontsha kafa batho gompieno ba ka tshwanelwang ka teng ke go tlhopha fa gare ga se Puso e se batlang le se kereke ya bone e se rutang.
Setlhogo seo se ne sa re: “Ga go a sala lefa e le kgwedi pele go dirwa referentamo ya gore a ke go fedisiwe molao wa koo o o thibelang tlhalo, mme naga ya Ireland e e tletseng thata ka Baroma Katoliki e na le kgotlhang e e sa tlwaelegang fa gare ga baeteledipele ba Goromente wa koo le ba kereke ya koo.” Puso e ne e akantsha gore go tlosiwe molao o o thibelang tlhalo, fa Kereke ya Katoliki yone e sa batle go utlwa sepe ka tlhalo le go nyala gape. Bakatoliki ba kwa Ireland ba ne ba tshwanelwa ke go tlhopha fa gare ga Kereke le Puso. Se se neng sa direga ke gore, Puso e ne ya fenya ka palo e nnye thata.
Se se gakgamatsang le go feta, go fetile dingwaga di le dintsi batho ba kwa Ireland Bokone ba ntse ba lebane le kganetsano e e matlhomahibidu malebana le bolaodi jwa setšhaba. Go sule batho ba le bantsi. Baroma Katoliki le Baporotesetanta ba ntse ba sa dumalane ka gore ba ikobele Puso efe: go tswelela ba busiwa ke Boritane kwa Ireland Bokone kana go nna le puso e le nngwe fela e e tla busang Ireland yotlhe.
Ka tsela e e tshwanang, kwa nageng e e neng e le Yugoslavia, babusi ba ile ba batla gore maloko a ditumelo tse di farologaneng, go akaretsa Bakatoliki le Ba-Orthodox, ba lwe mo ntweng ya go lwela naga. Ba e leng baagi fela ba ne ba tshwanetse go utlwa mang pele? A ba ne ba tla latela batho ba ba iphakang gore ba emetse Puso, kana ba ne ba tla obamela Modimo, yo o reng: “O se ka wa bolaya . . . Rata wa gaeno jaaka o ithata”?—Baroma 13:9.
O ka nna wa akanya gore ga o ne o tsamaya o amiwa ke boemo jo bo ntseng jaana. Mme bo ka go ama. E bile tota, bo ka nna jwa go tshwenya le jaanong. Mo bukeng ya gagwe ya The State in the New Testament, moithutabomodimo mongwe e bong Oscar Cullmann o bua kaga “ditshwetso tse di masisi tse Bakeresete ba gompieno ba tshwanetseng kana ba ka nnang ba tshwanelwa ke go di dira mo maemong a tshoganetso fa ba tshosediwa ke dipuso tse di gatelelang.” Lefa go ntse jalo, gape o bua kaga “boikarabelo jo le jone e leng jwa mmatota e bile bo le botlhokwa ka Mokeresete mongwe le mongwe—le Mokeresete yo o tshelang mo maemong a go tweng a ‘tlwaelegile,’ ‘a letsatsi le letsatsi’—jwa gore a lebane le bothata jo bo masisi jo bo mo tlelang fela ka gonne ke Mokeresete, a bo a bo rarabolole.”
Ka jalo a Bakeresete gompieno ba tshwanetse ba kgatlhegela tsela e bodumedi le Puso di dirisanang ka yone? Ba tshwanetse ruri. Go tswa kwa metlheng ya bogologolo, Bakeresete ba ile ba leka go leba babusi ba lefatshe ka tsela e e lekalekaneng. Moeteledipele wa bone, Jesu Keresete, o ne a sekisiwa, a bonwa molato, a bo a bolawa ke Puso ya Roma. Barutwa ba gagwe ba ne ba tshwanelwa ke go lekalekanya maikarabelo a bone a Bokeresete le se ba neng ba tshwanetse go se direla Mmusomogolo wa Roma. Ka jalo, go tlhatlhoba tsela e ba neng ba dirisana ka yone le babusi go tla neela Bakeresete ba gompieno tsela.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
Tom Haley/Sipa Press