Kgopolo E e Mo Baebeleng
Go Ikoba ga Basadi ba ba Nyetsweng—Go Kaya Eng?
LEFOKO LA MODIMO, Baebele, le bolela jaana go Baefeso 5:22: “Basadi ba lo nyetsweng lo ineeleng mo banneng ba e leng ba lona, jaaka e ka bo e le mo go Morena.” Totatota seno se kaya eng? A mosadi o tshwanetse go ikobela sengwe le sengwe se monna wa gagwe a se batlang go sa kgathalesege gore ke eng? A ga a tshwanela go tsaya kgato go dira sengwe ka boene kgotsa go nna le mogopolo o o farologanang le wa monna wa gagwe?
Akanyetsa pego ya Baebele ka ga Abigaile. O ne a dira dilo ka botlhale lefa gone e ne e le ka tsela e e sa dumalaneng le dikeletso tsa monna wa gagwe wa mohumi, Nabale. Lefa balatedi ba ga Dafite, yo a neng a tlhophilwe ke Modimo go nna kgosi ya Iseraele ba ile ba nna pelonomi mo go Nabale, ene o ne a “fitlha a ba kgalemela fela.” Dafite o ile a shakgadiwa ke go tlhoka malebogo ga ga Nabale mme a ipaakanyeditse ya go mmolaya. Abigaile o ne a lemoga gore lelapa lotlhe la gagwe le mo kotsing. O ne a dira gore Dafite a fetole mogopolo. Jang?—1 Samuele 25:2-35.
Abigaile o ne a dumela mo go Dafite gore Nabale e ne e le “seramatla” mme a neela Dafite dilo tse Nabale a neng a ganne ka tsone. Ka gale, ga go a siama gore monna kgotsa mosadi a bolelele ba bangwe makoa a mogatse. A Abigaile o ne a tsuologa ka go bua le go dira ka tsela eno? Nnyaa. O ne a leka go falotsa botshelo jwa ga Nabale le lelapa la gagwe. Ga go na mo go umakilweng teng gore o ne a tlhola a mo nyatsa kana a itirela boithatelo. E bile ga go na gope mo Nabale yo o neng a se ke a kgotsofalela sepe a bontshang teng gore o ne a sa kgotsofalele sengwe ka tsela e a neng a mo thusa go laola dikhumo tsa gagwe ka yone. Mme mo boemong jono jo bo masisi, botlhale bo ne jwa mo dira gore a tseye kgato ka boene. Mo godimo ga moo, Baebele e akgola se Abigaile a se dirileng.—1 Samuele 25:3, 25, 32, 33.
Bogologolo pele ga motlha wa ga Abigaile, go ne go na le dinako tse basadi ba ditlhogo tsa lotso ba neng ba tle ba bue megopolo ya bone le go tsaya dikgato tse di farologaneng le se se batliwang ke banna ba bone. Lefa go ntse jalo, “le bone basadi ba ba boitshepo ba ba solofetseng mo Modimo[ng]” ba kaiwa e le dikai tsa boikobo jwa mosadi wa Mokeresete. (1 Petere 3:1-6) Ka sekai, fa Sara a ne a lemoga gore morwa Aberehame e bong Ishemaele o ne a tlile go sotla morwa wa bone Isake, o ne a swetsa ka gore Ishemaele a lelekiwe. Selo seo “sa nna botlhoko thata mo matlhong a ga Aberehame.” Mme Modimo o ne a re go Aberehame: “A go se nne botlhoko mo matlhong a gago ka ntlha ya mosimane . . . O nne o reetse lentswe la ga Sara.”—Genesise 21:11, 12.
Go Tlhokega Temogo
Ga e kitla e nna selo se se siameng he, gore mosadi a ikutlwe a patelesega go dira selo se a itseng gore ga se a siama kana se se tlolang melaometheo ya bomodimo, fela ka go bo a re o bontsha boikobo. E bile ga a tshwanela go dirwa gore a ikutlwe a le molato ka go bo a tsere kgato ka boene go dira sengwe se se botlhokwa, jaaka Abigaile le Sara ba dirile.
Go ikoba ga basadi ba ba nyetsweng ga go kaye gore mosadi o tshwanetse gore ka gale a dumalane le sengwe le sengwe se monna a batlang a se dira. Ke eng se se dirang pharologano? A ka nna a patelesega go se dumalane le monna wa gagwe fa kgang e amana le go tlola melaometheo e e siameng. Lefa go ntse jalo, o santse a tshwanetse go bontsha moya wa bomodimo wa go ikoba.
Ke boammaaruri gore, mosadi o tshwanetse go ela tlhoko gore a se itlhokomolose dikeletso tsa monna wa gagwe ka boomo fela, ka ntlha ya kilo kgotsa ka maikutlo mangwe a a sa siamang. O tshwanetse a lemoga, ‘a nne le tlhaloganyo’ fela jaaka Abigaile.—1 Samuele 25:3.
Fa Monna a Tila Boikarabelo
Maikaelelo a magolo le maikutlo a a tshwanetseng go dira gore mosadi a ikobe ka tsela ya bomodimo e tshwanetse ya nna go batla go itumedisa Jehofa ka go dirisana mmogo le monna wa gagwe le go mo ema nokeng mo ditshwetsong tsa gagwe. Seno se motlhofo thata fa monna a godile mo semoyeng. E ka nna kgwetlho tota fa e le gore ga go a nna jalo.
Fa go ntse jalo, mosadi a ka dirisana le seo jang? A ka nna a mo kopa ka tlhoafalo kana a mo akantsha ditshwetso tse di ka tswelang lelapa molemo thata. Fa a mo letla ‘go kgweetsa sekepe,’ o ka nna a nna setswerere mo go direng jalo. Go nna o omana le monna go senya moya o o siameng wa boikobo. (Diane 21:19) Lefa go ntse jalo, fa tsela e a dirang dilo ka yone e senya boitumelo jwa lelapa, a ka nna a etsa Sara ka go akantsha gore go dirwe dilo ka tsela e e siameng.
Mosadi o lebana le dikgwetlho tse dintsi fa monna e le yo o sa dumelang. Mme gone, o tshwanetse a mo ikobela fa fela a sa mo dire gore a tlole melao ya Baebele. Fa a mo dira jalo, mosadi wa Mokeresete o tshwanetse go dira jaana jaaka fa barutwa ba ne ba dira fa kgotlatshekelo e ne e batla gore ba tlole ditaelo tsa Modimo: “Re na le go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.
Lefa go ntse jalo, tota le banna le basadi ba ba nang le maikaelelo a a molemo ba ka dira diphoso ka ntlha ya go tlhoka maitemogelo le botlhale jo bo lekaneng. Monna a ka nna a supa go se akanyetse; mosadi a ka nna a tatalalela gore go dirwe dilo jaaka ene a batla. Ke eng se se ka thusang? Go botlhokwa gore boobabedi ba itebe ka tsela e e tshwanetseng ka “gonne re tle re kgopise rotlhe mo dilong di le dintsi.”—Jakobe 3:2.
Banna ba le bantsi ba a anaanela fa mosadi a tsaya kgato ka tlhoafalo go dira sengwe, a dira jalo ka botlhale. Tirisanommogo e tla oketsega fa boobabedi ba ikopa maitshwarelo fa ba dirile diphoso. Re tshwanetse go itshwarela batho ba bangwe fela jaaka Jehofa a re itshwarela diphoso letsatsi le letsatsi. “Jehofa, fa o ka bo o ne o wa lotolotsa maikepo, go ka bo go ema mang Morena? Go na le boitshwarelo mo go wena.”—Pesalema 130:3, 4.
“Lo Ineelane”
Dikwalo di re gakolola jaana gore dilo di re tsamaele sentle rotlhe: “Lo ineelane mo poifong ya ga Keresete.” Tlotlanang ka tsela e e lorato; lo se ke lwa kgopisana lefa e le go gaisana. Temana eno e tswelela jaana: “Basadi ba lo nyetsweng lo ineeleng mo banneng ba e leng ba lona, jaaka e ka bo e le mo go Morena, gonne monna ke tlhogo ya mosadi jaaka Keresete le ene e le tlhogo ya phuthego.”—Baefeso 5:21-23.
Lefoko la Segerika le le dirisitsweng ke Paulo mo go Baefeso 5:21, 22 le kaya go ikoba o sa patelediwe. Mme motho o ikoba jalo ka ntlha ya Morena e seng fela gore go nne le kutlwano mo lenyalong. Phuthego ya batlodiwa ya ga Keresete e ikoba ka go ithaopa, ba go direla Keresete ka boitumelo. Fa mosadi a ikobela monna wa gagwe ka tsela e e ntseng jalo, lenyalo le ka nna le le itumetseng le le le atlegileng.
Dikwalo gape di a re: “A [monna] mongwe le mongwe . . . a rate mosadi wa gagwe fela jaaka a ithata,” a sa patelediwe go dira jalo. (Baefeso 5:33; 1 Petere 3:7) Monna le ene o tshwanetse go nna a gakologelwa gore le ene o tshwanetse go ikobela tlhogo ya gagwe gonne Baebele e bolela jaana: “Tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete.” Ee, monna o tshwanetse go ikobela dithuto tsa ga Keresete. Keresete le ene o ikobela tlhogo ya gagwe: “Tlhogo ya ga Keresete ke Modimo.” Ka jalo, mongwe le mongwe o na le tlhogo kwantle ga Jehofa. Tota le ene o dira dilo go ya ka melao ya gagwe.—1 Bakorinthe 11:3; Tito 1:2; Bahebere 6:18.
Boikobo jwa Bokeresete bo dirwa ka tekatekano mme bo botlhokwa mo bathong ba bong botlhe. Bo dira gore go nne le kutlwano le kagiso mo lenyalong tse e leng Mmopi wa rona fela yo o lorato o ka re tlamelang ka tsone.—Bafilipi 4:7.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]
Leslie’s