Jehofa O Rata Batho Ba Ba Abang ka Bopelotshweu
“A motho moñwe le moñwe a dihè kaha o ikaeletseñ mo peduñ ea gagwè ka gōna; e señ ka go ñōñōrèga, leha e le ka patèlèlō: gonne Modimo o rata eo o abañ ka pelochweu hèla.”—2 BAKORINTHA 9:7.
1. Modimo le Keresete e ile ya nna baabi ba ba pelotshweu jang?
JEHOFA e ne e le ene moabi wa ntlha yo o pelotshweu. O ne a naya Morwawe yo o tsetsweng a le esi botshelo ka boitumelo me a mo dirisa go bopa baengele le batho. (Diane 8:30, 31; Bakolosa 1:13-17) Modimo o ne wa re naya botshelo le moya o re o hemang le dilo tsotlhe, go akaretsa le dipula tse di tswang kwa legodimong, le matlha a maungo, a tlatsa dipelo tsa rona ka boitumelo. (Ditihō 14:17; 17:25) Eleruri, Modimo mmogo le Morwawe, Jesu Keresete, ke baabi ba ba pelotshweu tota. Ba aba ka boitumelo fela ka moya o o senang bogagapa. Jehofa o ne a rata batho botlhe ba ba mo lefatsheng thata mo e leng gore o ne ‘a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore lefa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.’ Mme Jesu ene o ne a “ntsha botshelō yoa gagwè go nna thèkololō ea batho ba le bantsi” fela ka go ithatela.—Yohane 3:16; Mathaio 20:28.
2. Go ya ka Paulo, Modimo o rata moabi yo o ntseng jang?
2 Ka gone, batlhanka ba Modimo le Keresete ba tshwanetse go nna batho ba ba abang ka bopelotshweu. Lokwalo lwa ga moaposetoloi Paulo lo lo neng lwa kwalwa ka 55 C.E. lo kwalelwa Bakeresete ba kwa Korintha lo ne lo kgothaletsa go aba ka tsela eo. Go lebega Paulo a ne a bolela ka meneelo ya boithatelo le e e newang batho ka tlhamalalo e e neng e ntshiwa segolobogolo go thusa Bakeresete ba ba neng ba tlhoka ba kwa Jerusalema le Judea fa a ne a re: “A motho moñwe le moñwe a dihè kaha o ikaeletseñ mo peduñ ea gagwè ka gōna; e señ ka go ñōñōrèga, leha e le ka patèlèlō: gonne Modimo o rata eo o abañ ka pelochweu hèla.” (2 Bakorintha 9:7; Baroma 15:26; 1 Bakorintha 16:1, 2; Bagalatia 2:10) Batho ba Modimo ba ile ba dira jang fa ba ne ba bulegelwa ke ditshono tsa gore ba abe? Mme ke eng seo re ka se ithutang mo kgakololong ya ga Paulo ya gore re abe?
Go Tlhotlhelediwa Ke Dipelo Tse Di Ratang
3. Baiseraele ba ne ba tshegetsa tiro ya go aga motlaagana wa kobamelo ya ga Jehofa ka selekanyo se se kana kang?
3 Batho ba Modimo ba tlhotlhelediwa ke dipelo tse di ratang gore ba intshe bone ka bobone le gore ba ntshe dithoto tsa bone go tshegetsa boikaelelo jwa Modimo. Ka sekai, Baiseraele ba motlha wa ga Moshe ba ne ba tshegetsa go agiwa ga motlaagana wa kobamelo ya ga Jehofa ka boitumelo. Basadi bangwe ba ne ba tlhotlhelediwa ke dipelo tsa bone gore ba loge boboa jwa podi, fa banna ba bangwe ba ne ba dira jaaka babetli. Batho ba ne ba ntsha gouta, selefera, logong le leloba le dilo tse dingwe ka ka bopelotshweu go ithatela fela jaaka ‘tshupelo ya ga Jehofa.’ (Ekesodo 35:4-35) Ba ne ba le pelotshweu tota mo eleng gore dilo tse ba neng ba di ntshitse di ne di “hetisa selekanyō sa tihō e Yehofa o e laotseñ gore e dihwè.”—Ekesodo 36:4-7.
4. Dafide le ba bangwe ba ne ba ntshetsa tempele meneelo ka boikutlo bofe?
4 Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, Kgosi Dafide o ne a ntshetsa tempele ya ga Jehofa e e neng e tlile go agiwa ke morwawe Solomone dilo tse dintsi tota. Ereka Dafide a ne a ‘tlhomile pelo ya gagwe mo ntlong ya Modimo,’ o ne a e ntshetsa ‘khumo e e leng ya gagwe’ ya gouta le selefera. Bomorwakgosi, dikgosana, le ba bangwe ba ne ‘ba tlatsa diatla tsa bone ka dilo tse ba neng ba di ntshetsa Jehofa.’ Go ne ga felela jang? Aitsane, “batho ba itumèla, ka ba ntsha ka peleègō, gonne ba ne ba naea Yehofa ka boitumèlō ka pelo e e itekanetseñ”! (1 Ditihalō 29:3-9) E ne e le baabi ba ba pelotshweu.
5. Baiseraele ba ile ba nna ba tshegetsa kobamelo ya boammaaruri jang go ralala makgolokgolo a dingwaga?
5 Go ralala makgolokgolo a dingwaga, Baiseraele ba ne ba nna le tshiamelo ya go tshegetsa motlaagana, ditempele tseo di neng tsa nna teng moragonyana, le ditirelo tsa baperesiti le Balefi ba ba neng ba direla koo. Ka sekai, mo motlheng wa ga Nehemia, Bajuda ba ne ba swetsa ka gore ba ntshetse kobamelo e e itshekileng meneelo, ba lemoga sentle gore ba ne ba sa tshwanela go tlhokomologa ntlo ya Modimo. (Nehemia 10:32-39) Ka tsela e e tshwanang le gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ntsha meneelo ka bopelotshweu ka go ithatela go aga le go tlhokomela mafelo a go kopanelwang mo go one le go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri.
6. Naya dikai tse Bakeresete ba neng ba aba ka bopelotshweu mo go tsone.
6 Bakeresete ba ntlha ba ne ba aba ka bopelotshweu. Ka sekai, Gaio o ne a “diha tihō ea boikañō” ka go amogela bao ba neng ba le mo maetong a go tsweledisa pele ditiro tsa Bogosi, fela jaaka Basupi ba ga Jehofa ba amogela balebedi ba ba etang bao gompieno ba romelwang ke Watch Tower Bible and Tract Society. (3 Yohane 5-8) Go tsamaisa bakaulengwe bao mo diphuthegong le go ba tshola go lopa madi, mme abo seno se re solegela molemo semoyeng jang ne!—Baroma 1:11, 12.
7. Bafilipi ba ne ba dirisa dithoto tsa bone tse di bonalang jang?
7 Diphuthego di ile tsa dirisa dilo tsa tsone tse di bonalang go tsweledisa ditiro tsa Bogosi pele. Ka sekai, Paulo o ne a raya badumedi ba kwa Filipi a re: “Gonne le mo Thesalonika lo kile loa nna loa roma gañwe le gapè go nthusa mo go tlhokeñ ga me. Ga se go re, ke batla mphō; me ke batla louñō lo lo tla totahalèlañ lona.” (Bafilipi 4:15-17) Bafilipi ba ne ba aba fela ka bopelotshweu, mme ke dilo dife tse di tlhotlheletsang go aba ka bopelotshweu jalo?
Ke Eng Seo Se Tlhotlheletsang go Aba ka Bopelotshweu?
8. O ka kgona go supa jang gore moya wa Modimo o tlhotlheletsa batho ba gagwe gore ba abe ka bopelotshweu?
8 Moya wa ga Jehofa o o boitshepo, kana maatla a gagwe a a dirang, a tlhotlheletsa batho gore ba abe ka bopelotshweu. Fa Bakeresete ba kwa Judea ba ne ba tlhoka, moya wa Modimo o ne wa tlhotlheletsa badumedi go ba thusa ka dilo tsa nama. Go kgothaletsa Bakeresete ba kwa Korintha go dira bojotlhe jwa bone mo go ntsheng meneelo e e ntseng jalo, Paulo o ne a tsopola sekao se se neng sa tlhongwa ke diphuthego tsa kwa Makedonia. Badumedi ba kwa Makedonia ba ne ba supa lorato lwa bokaulengwe ka go aba go feta kafa ba neng ba ka kgona ka teng lemororo ba ne ba bogisiwa ebile ba humanegile. Ba ne ba ikopela le gore ba newe tshiamelo ya go nna bone ba abang! (2 Bakorintha 8:1-5) Dilo tse Modimo o ikaeletseng gore di dirwe ga di ikaege ka meneelo e e ntshiwang ke bahumi. (Yakobe 2:5) Batlhanka ba gagwe ba ba humanegileng ba ba ineetseng e ile ya nna bone ba ba tshegetsang tiro ya go rera ka Bogosi ka madi thata. (Mathaio 24:14) Lefa go le jalo, ga ba sotlege lefa ba aba thata jalo, ka go bo Modimo o naya batho ba gagwe ba ba dirang tiro eno ya gagwe dilo tse ba di tlhokang, le maatla a a dirang gore e nne e tswelele le go nna a ba okeletsa moya wa gagwe ka metlha.
9. Tumelo, kitso, le lorato di amana jang le go aba ka bopelotshweu?
9 Go aba ka bopelotshweu go rotloediwa ke tumelo, kitso le lorato. Paulo o ne a bolela jaana: “Me yaka [Bakorintha] lo na le letlōtlō mo diloñ cotlhe, eboñ mo tumeloñ, le mo puoñ, le mo kicoñ, le mo tlhōahaloñ eotlhe, le mo go re rateñ ga lona, lo bōnè gore lo nnè le letlōtlō le mo tlhōgōnōlōhacoñ e le eōna. Ga ke bue ka mokgwa oa taolō, me ke ka mokgwa oa go leka bopeloephèpha yoa loratō loa lona ka tlhōahalō ea ba bañwe.” (2 Bakorintha 8:7, 8) Go ntshetsa dilo tse Jehofa a ikaeletseng go di dira meneelo, segolobogolo fa motho yo o abang a na le go le gonnye fela, go tlhoka gore a bo a dumela mo dilong tse Modimo a tla di re nayang mo isagweng. Bakeresete ba ba nang le kitso e ntsi ba batla go dira go ya ka boikaelelo jwa ga Jehofa, mme bao ba mo ratang mmogo le go rata batho ba gagwe ba dirisa dithoto tsa bone ka bopelotshweu go dira gore dilo tse a ikaeletseng go di dira di tswelele pele.
10. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore sekao sa ga Jesu se tlhotlheletsa Bakeresete go aba ka bopelotshweu?
10 Sekao sa ga Jesu se tlhotlheletsa Bakeresete gore ba abe ka bopelotshweu. Paulo o ne a bolela jaana fa a sena go kgothatsa Bakorintha gore ba abe ka lorato: “Gonne loa itse bopeloealoratō yoa Morèna oa rona Yesu Keresete, go re, leha a na a humile, leha go nntse yalo a humanèga ka ntlha ea lona, gore lo tlè lo humè ka khumanègō ea gagwe.” (2 Bakorintha 8:9) Lemororo a ne a humile go gaisa morwa ope fela wa Modimo kwa legodimong, Jesu o ne a ikaya e se sepe ka dilo tseno tsotlhe mme a tla go tshela jaaka motho. (Bafilipi 2:5-8) Lefa go ntse jalo, Jesu ka go humanega ka tsela eno e e senang bogagapa o ne a nna le seabe mo go itshekiseng leina la ga Jehofa le go ntsha botshelo jwa gagwe jaaka setlhabelo sa thekololo gore batho ba ba neng ba tla se amogela ba solegelwe molemo. Go dumalana le sekao sa ga Jesu, a ga re a tshwanela go aba ka bopelotshweu re thusa ba bangwe le go nna le seabe mo go itshekiseng leina la ga Jehofa?
11, 12. Go rulaganya ka tsela e e molemo go ka re dira batho ba ba abang ka bopelotshweu jang?
11 Go rulaganya dilo ka tsela e e molemo go dira gore motho a kgone go aba ka bopelotshweu. Paulo o ne a raya Bakorintha a re: “E re ka letsatsi ya ntlha ya weke, a moñwe le moñwe oa lona a beèlè señwe ha thokō, kaha o bonyeñ go bapala ka gōna, gore e tle e re ke tla, go bo go sa tlhole go na le go phutha.” (1 Bakorintha 16:1, 2) Bao ba batlang go ntsha meneelo go tsweledisa tiro ya Bogosi pele gompieno ba tla beela madi mangwe a ba a bonang kwa thoko go diragatsa boikaelelo joo, ba dira ka tsela e e tshwanang kwa thoko le ka go ithatela. Go rulaganya ka tsela e e ntseng jalo e e molemo go felela ka gore Basupi ka bongwe, jaaka malapa le jaaka diphuthego ba kgone go tsweledisa kobamelo ya boammaaruri ka go e ntshetsa meneelo.
12 Go dira go ya kafa re rulagantseng go ntsha meneelo ka teng go tla re dira gore re nne pelotshweu. Fela jaaka Jesu a ne a bolela, “go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.” (Ditihō 20:35) Ka jalo Bakorintha ba ne ba ka oketsa boitumelo jwa bone ka go dirisa kgakololo ya ga Paulo ya go dira go ya ka thulaganyo e ba neng ba setse ba na le ngwaga ba ntse ba e latela ya go romela madi kwa Jerusalema. “Goa bo go lebosèga kaga se motho o nañ nashō, e señ kaga se o senañ nashō,” o ne a bolela jalo. Fa motho a ntsha moneelo go ya kafa a tshotseng ka teng, o tshwanetse wa tseelwa kwa godimo. Fa re ikanya Modimo, a ka nna a re busetsa se re se ntshitseng gore bao ba nang le go le gontsi ba abe thata, ba se ka ba senya, le bao ba nang le go le gonnye ba se ka ba tlhaelelwa ka tsela e e leng gore seo se ka fokotsa nonofo ya bone le kafa ba kgonang go mo direla ka teng.—2 Bakorintha 8:10-15.
Go Laola Tsela E O Abang ka Yone ka Kelotlhoko
13. Ke ka ntlha yang fa Bakorintha ba ne ba ka ikanya gore Paulo o ne a tlhokomela meneelo sentle?
13 Paulo o ne a kaela thulaganyo ya go ntsha meneelo e le gore badumedi ba kgone go bona dilo tse ba di tlhokang mo nameng le gore ba dire ka natla mo tirong ya go rera, ene mmogo le ba bangwe ba ne ba sa tseye madi ao go a itirisetsa. (2 Bakorintha 8:16-24; 12:17, 18) Paulo o ne a dira ka boene gore a kgone go bona dilo tsa nama tse a di tlhokang go na le gore a rwese phuthego epe mokgweleo wa go mo naya madi. (1 Bakorintha 4:12; 2 Bathesalonia 3:8) Ka gone, Bakorintha ba ne ba itse gore fa ba ne ba mo naya meneelo eo ba ne ba e naya motlhanka wa Modimo yo o ikanyegang le yo o dirang ka natla.
14. Mokgatlho wa Watch Tower o itsege ka tsela efe mabapi le kafa o dirisang meneelo ka teng?
14 Fa e sale Watch Tower Bible and Tract Society e tlhomiwa ka 1884, batho ba ba ntshang meneelo ba ile ba bona bosupi jwa gore e kgona go kaela ka tsela e e ikanyegang meneelo yotlhe e e e newang gore e dirisiwe mo tirong ya Bogosi jwa ga Jehofa. Go ya ka molaotheo wa one, Mokgatlho o leka go naya batho selo se ba se tlhokang thata, dilo tse ba di tlhokang semoyeng. Seno ba se dira ka dibuka tsa Bibela le kaelo ya kafa ba ka bolokiwang ka teng. Gompieno, Jehofa o dira gore go phuthelwa ga batho ba sekadinku mo phuthegong ya gagwe e e golang go dirwe ka bonako, mme go segofatsa ga gagwe tsela e e botlhale e meneelo ya tiro ya go rera ka Bogosi e dirisiwang ka yone ke bosupi jo bo phepafetseng jwa gore o amogela seo. (Isaia 60:8, 22) Re tlhomamisegile gore o tla tswelela a tlhotlheletsa dipelo tsa ba ba abang ka bopelotshweu.
15. Ke ka ntlha yang fa makasine ono ka dinako dingwe o umaka meneelo?
15 Ka dinako tse dingwe Mokgatlho o dirisa lokwalopaka lono go gakolola babadi ka tshiamelo ya bone ya go ntshetsa tiro ya go rera ka Bogosi e e dirwang mo lefatsheng lotlhe meneelo ka go ithatela. Seno ga se go kopa, mme ke go gakolola botlhe ba ba eletsang go tshegetsa ‘[tiro e e boitshepo, NW] ya mafoko a a molemo’ jaaka Modimo o ntse o e tsweledisa pele. (Baroma 15:16; 3 Yohane 2) Mokgatlho o dirisa madi otlhe a a ntshiwang ka kelotlhoko tota gore leina la ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe di itsisiwe. Meneelo yotlhe e amogelwa ka boitumelo, go bo go lebogwa ba ba e rometseng, e bo e dirisediwa go gasa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Ka sekai, ditiro tse barongwa ba di dirang mo dinageng tse dintsi, le didirisiwa tsa go gatisa tse di botlhokwa thata mo go anamiseng kitso ya Bibela di tshegediwa le go atolosiwa ka madi ano. Mo godimo ga moo, meneelo e e ntshediwang tiro eno ya lefatshe lotlhe e dirisiwa gape go duelela ditlhwatlhwa tse di ntseng di ya kwa godimo tsa go gatisa Dibibela le dikgatiso tse di sekametseng thata mo Bibeleng mmogo le dikhasete tse di nang le mantswe fela le dikhasete tsa video. Batho ba ba abang ka bopelotshweu ba tsweledisa pele dilo tse di direlwang Bogosi ka ditsela tse di ntseng jalo.
Eseng ka go Patelediwa
16. Lemororo e le Basupi ba sekae fela ba ga Jehofa ba ba humileng dilo tse di bonalang, ke ka ntlha yang fa meneelo ya bone e anaanelwa thata?
16 Ke Basupi ba sekae fela ba ga Jehofa ba ba humileng dilo tse di bonalang. Lemororo ba ka ntsha madi a mannye go tsweledisa dilo tse di direlwang Bogosi pele, lefa go ntse jalo meneelo ya bone e botlhokwa thata. Fa Jesu a ne a bona motlholagadi yo o humanegileng a latlhela madi a mabedi a mannye a tshipi a boleng jo bo kwa tlase mo letloleng la tempele, o ne a re: “Motlhōlagadi eo oa mohumanegi, o latlhetse segolo go heta bōnè botlhe: Gonne bauō botlhe [ba ba ntshitseng meneelo], ba latlhetse ga letlōtlō ya bōnè mo dineoñ; me èna eo, o latlhetse ga khumanègō ea gagwè gotlhe mo o tshèlañ ka gōna.” (Luke 21:1-4) Lemororo a ne a ntsha mpho e nnye thata, o ne a e ntsha ka bopelotshweu—mme moneelo wa gagwe o ne wa anaanelwa thata.
17, 18. Mafoko a ga Paulo a a mo go 2 Bakorintha 9:7 a botlhokwa ka tsela efe, mme ke eng se se supiwang ke lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “pelochweu”?
17 Paulo o ne a bolela jaana mabapi le tiro ya go thusa Bakeresete ba kwa Judea mo go tlhokeng ga bone: “A motho moñwe le moñwe a dihè kaha o ikaeletseñ mo peduñ ea gagwè ka gōna; e señ ka go ñōñōrèga, leha e le ka patèlèlō: gonne Modimo o rata eo o abañ ka pelochweu hèla.” (2 Bakorintha 9:7) Moaposetoloi a ka tswa a ne a umaka karolo ya Diane 22:8 e e bolelang jaana mo thanolong ya Septuagint: “Modimo o segofatsa yo o abang ka bopelotshweu; mme o tla mo naya sepe fela se a se ntshitseng.” (The Septuagint Bible, e e ranotsweng ke Charles Thomson) Mo boemong jwa lefoko “segofatsa” Paulo o ne a tsenya go “rata,” mme dilo tseno di a amana, gonne o bona masego a Modimo fela fa a go rata.
18 Motho yo o abang ka bopelotshweu eleruri o itumelela go aba. Aitsane, lefoko “boitumelo” le tswa mo lefokong la Segerika le le ranotsweng jaaka “pelochweu” mo go 2 Bakorintha 9:7! Fa a sena go tlhomolola seno, mokanoki R. C. H. Lenski o ne a bolela jaana: “Modimo o rata moabi yo o thamileng, a ipela, ebile a itumetse . . . yo tumelo ya [gagwe] e logelelwang ka menyenyo fa a bona tshono e nngwe gape ya go aba.” Motho yo o nang le moya o o ntseng jalo wa boitumelo ga a abe ka go ipateletsa kana ka go patelediwa mme pelo ya gagwe e rata go aba. A o aba ka bopelotshweu jalo o tshegetsa ditiro tsa Bogosi?
19. Bakeresete ba pele ba ne ba ntsha meneelo jang?
19 Bakeresete ba ntlha ba ne ba sa fetise sejana kana go ntsha sa bolesome ka go ntsha karolo ya bolesome ya madi a ba neng ba a bona gore e dirisediwe ditiro tsa bodumedi. Go na le moo, meneelo ya bone ba ne ba e ntsha ka go ithatela fela. Tertullian yo a neng a fetoga go nna Mokeresete mo e ka nnang ka 190 C.E. o ne a kwala jaana: “Lemororo re na le letlole, ga le a dirwa ka madi a batho ba a ntshang gore ba bone poloko, jaaka la bodumedi jo bo itlhomelang tlhwatlhwa. Mo letsatsing lengwe mo kgweding [go lebega e le gangwe ka kgwedi], fa motho a rata, o tlisa moneelo wa gagwe o monnye; mme ke fela fa a itumelela seo, le fa a kgona; ka go bo ga go patelediwe; sengwe le sengwe se dirwa ka go rata.”—Apology, Kgaolo XXXIX.
20, 21. (a) Tokololo nngwe e e kileng ya tswa ya makasine ono e ne ya bolela eng kaga tshiamelo ya go tshegetsa tiro ya Modimo ka madi, mme seno se dira jang le gompieno? (b) Ke eng se se diragalang fa re tlotla Jehofa ka dithoto tsa rona tse di botlhokwa?
20 Batlhanka ba ga Jehofa ba motlha wa gompieno ba sale ba ntse ba tlwaetse go aba fela ka go ithatela. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go ile ga nna le bangwe bao ba ileng ba se ka ba dirisa ka botlalo tshiamelo ya bone ya go tshegetsa ditiro tsa boikaelelo jwa Modimo ka go ntsha meneelo. Ka sekai, makasine ono o ne wa bolela jaana ka February 1883: “Bangwe ba rwele mokgweleo o o bokete wa madi ka ntlha ya ba bangwe, mo ba setseng ba felelwa ke nonofo ya go ntsha madi ka ntlha ya go dira ka thata le go lapa, ka gone ga ba tlhole ba kgona go dirisiwa ka botlalo; mme ga se seo fela, mme bangwe bao . . . ba sa lemogeng ka botlalo kafa maemo a ntseng ka teng, ba ile ba latlhegelwa tota ka ntlha ya go palelwa mo go seo.”
21 Jaaka fa ba boidiidi jo bogolo ba ntse ba oologela mo phuthegong ya ga Jehofa gompieno, ebile le jaaka tiro ya Modimo e ntse e atologa kwa Yuropa Botlhaba le kwa mafelong a mangwe a pele ba neng ba thibetswe kwa go one, go ntse go tlhokega ka tsela e e oketsegileng gore mafelo a go gatisa le a ditirelo tse dingwe a atolosiwe. Go tshwanetse ga gatisiwa Dibibela le dikgatiso tse dingwe tse di oketsegileng. Go na le ditiro tse dintsi tsa bolegodimo tse di tlileng go dirwa; lefa go ntse jalo, dingwe tsa tsone di ne di ka tswelela pele ka bofefo fa go ne go na le madi a a lekaneng. Gone mme, re dumela gore Modimo o tla nna o re naya se re se tlhokang, ebile re itse gore bao ba ‘tlotlang Jehofa ka dithoto tsa bone’ ba tla segofadiwa. (Diane 3:9, 10) Eleruri, “eo o yalañ ka bogolo, o tla rōba ga bogolo.” Jehofa o tla ‘re humisa dilo tsotlhe gore re kgone go ntsha mpho e kgolo,’ mme go aba ga rona ka bopelotshweu go tla dira gore ba bantsi ba mo leboge ba bo ba mmake.—2 Bakorintha 9:6-14.
Supa Gore O Anaanela Dimpho tsa Modimo
22, 23. (a) Mpho ya Modimo e e sa kgonweng go tlhalosiwa ke eng? (b) Re tshwanetse go dira eng ereka re anaanela dimpho tsa ga Jehofa jaana?
22 Paulo o ne a bolela jaana ka boene a tlhotlhelediwa ke go batla go supa tebogo: “A Modimo o lebogèlwè nèō ea ōna e e sa kakeñ ea shwediwa go bolèlwa.” (2 Bakorintha 9:15) Jaaka e le “seletlanyō se se ntshedicweñ” dibe tsa Bakeresete ba ba tloditsweng le tsa lefatshe lotlhe, Jesu ke motheo ebile ke mosele o Jehofa a re nayang mpho eno e re sa kgoneng go e tlhalosa ka one. (1 Yohane 2:1, 2) Ke “tshegōhaco e kgolo ea Modimo” eo a e fileng batho ba gagwe ba ba mo lefatsheng ka Jesu Keresete, mme e felela ka gore ba bolokwe le gore Jehofa a galalediwe a bo a tlotlomadiwe.—2 Bakorintha 9:14.
23 Re leboga Jehofa tota ka ntlha ya neo eno ya mahala e e ka se kang ya tlhalosiwa le dimpho tse dingwe tse dintsi tsa semoya le tse di bonalang tse a di fileng batho ba gagwe. Aitsane, bomolemo jwa ga Rraarona wa selegodimo bo gakgamatsa tota mo batho ba sa kgoneng go bo tlhalosa! Mme eleruri bo tla re tlhotlheletsa gore re abe ka bopelotshweu. A ka dipelo tse di tletseng ditebogo, he, re dire bojotlhe jo re ka bo kgonang go tsweledisa tiro ya Modimo wa rona yo o abang thata, Jehofa, Moabi yo o kwa godimo le yo o pelotshweu tota!
A O A Gakologelwa?
◻ Batho ba ga Jehofa ba ile ba tlhotlhelediwa ke dipelo tsa bone tse di ratang gore ba dire eng?
◻ Ke eng se se tlhotlheletsang motho go aba ka bopelotshweu?
◻ Mokgatlho wa Watch Tower o dirisa meneelo yotlhe e o e amogelang jang?
◻ Modimo o rata motho yo o abang jang, mme re tshwanetse go bontsha jang gore re lebogela dimpho tsa Gagwe tse dintsi?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Fa motlaagana o ne o agiwa, Baiseraele ba ne ba dira ka natla mme ba ntshetsa Jehofa moneelo o mogolo
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Meneelo e e tshwanang le wa motlholagadi yo o humanegileng e anaanelwa thata ebile e botlhokwa