A Baebele e Ruta Gore re Dumele Tlholelo?
GO PATELETSA! GO SENYA LEINA! Fa leloko lengwe le le tlotlegang mo motseng le dumela gore leina la lone le sentswe ka pego nngwe ya maaka, le ikutlwa le patelesega gore le tlhamalatse dilo. Le ka nna la bo la tsaya dikgato tse di kafa molaong kgatlhanong le batho ba ba mo pateletsang.
Ebu, tota tlholelo ke go senya Modimo Mothatayotlhe leina. Kgopolo ya yone ya re Modimo o ikarabela ka namana mo bomadimabeng le mo matlhotlhapelong a a tlhagelang batho. Fa o dumela tlholelo, o ka nna wa akanya gore Molaodi wa Lobopo lotlhe o kwadile ditiragalo tse di balegang ka tsela e e latelang: ‘Gompieno, John o tla gobala mo kotsing ya koloi, Fatou o tla tshwarwa ke bolwetse jwa malaria, ntlo ya ga Mamadou e tla senngwa ke setsuatsue’! A tota o ne o ka tlhotlheletsega gore o direle Modimo yo o ntseng jalo?
‘Fa e le gore Modimo ga a ikarabele mo bomadimabeng jwa rona, jaanong ke mang yo o ikarabelang?’ batho ba ba dumelang tlholelo ba botsa jalo. Ousmane, lekawana le le neng la umakiwa mo setlhogong se se fetileng, o ne a ipotsa seno le ene. Mme go ne go sa tlhokege gore a akanyetse kana a fopholetse gore a bone boammaaruri. O ne a ithuta gore Modimo o ne o itlhatswitse leina fa le sena go senngwa ka dithuto tse di fitlhelwang mo Lefokong la Gagwe le le tlhotlheleditsweng, Baebele. (2 Timotheo 3:16) A re tlhatlhobeng he, se Baebele e se bolelang malebana le kgang eno.
Ke Mang yo o Tshwanetseng go Pegwa Molato?
Merwalela, ditsuatsue, dithoromo tsa lefatshe—gantsi go bolelwa gore matlhotlhapelo ano ke ditiro tsa Modimo. Lefa go ntse jalo, Baebele ga e bontshe gore Modimo ke ene a bakang dikotsi tseo tsa masetlapelo. Akanya ka bomadimabe bongwe jo bo neng jwa diragala makgolokgolo a dingwaga a a fetileng kwa Botlhabagare. Baebele e bolela gore motho a le mongwe fela yo o neng a falola matlhotlhapelo ano o ne a bega jaana: “Molelo wa Modimo o ole kwa legodimong, mme o laitse dinku, wa di nyeletsa le batlhanka.”—Jobe 1:16.
Le mororo motho yono yo o neng a tshogile a ka tswa a akantse gore Modimo ke ene a tlisitseng molelo, Baebele e bontsha gore O ne a sa tshwanela go pegwa molato wa seo. Ipalele Jobe 1:7-12, mme o tla ithuta gore legadima le ne le sa bakiwa ke Modimo, mme le ne la bakwa ke Mmaba wa gagwe—Satane Diabolo! Ga se matlhotlhapelo otlhe a e leng gore a bakilwe ke Satane ka tlhamalalo. Mme go phepafetse gore ga go na lebaka lepe le le utlwalang la go pega Modimo molato.
Totatota, gantsi batho ba rata go pega yo mongwe molato fa dilo di sa ba tsamaele sentle. Go palelwa kwa sekolong, kwa tirong, kana go palelwa ke go dirisana le batho go ka nna ga dira gore motho a se ka a leka ka natla le go ithapisa ka tshwanelo kana gongwe a palelwe ke go akanyetsa ba bangwe. Ka mo go tshwanang, malwetse, dikotsi le dintsho di ka nna tsa bakwa ke bofafalele. Ee ruri, go bofa fela lebante la koloi fa o kgweetsa go ka fokotsa thata kgonego ya gore motho a bolawe ke kotsi ya koloi. Lebante la koloi le ne le tla bo le se mosola fa e le gore “tlholelo” e e sa fetogeng e ne e laola dilo. Go itlhokomela mo go tsa kalafi le go tlosa leswe le gone go ka fokotsa thata dipalo tsa dintsho tse di diregang ka tshoganetso. Tota le dikotsi tsa masetlapelo tse gantsi di bidiwang “ditiro tsa Modimo” ke tse di dirilweng ke motho—selo se motho a se ruileng sa go palelwa ke gore a buse lefatshe.—Bapisa Tshenolo 11:18.
“Motlha le Bowelo”
Ke boammaaruri gore go na le ditiragalo di le dintsi tse di hutsafatsang tse go sa bonaleng sentle gore tota di bakilwe ke eng. Lefa go ntse jalo, ela tlhoko se Baebele e se bolelang mo go Moreri 9:11: “Ka boa, mme ka bona tlase ga letsatsi, go re, go siana ga go fenngwe ke ba ba lobelo, le fa e le ntwa ke ba ba thata, le fa e le dijo ke ba ba botlhale, le fa e le khumo ke batho ba ba nang le tlhaloganyo, le fa e le botsalano ke batho ba ba ditswerere; mme ba dirafalelwe botlhe ke motlha le bowelo.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ka gone ga go na lebaka la go dumela gore Mmopi ke ene a bakang dikotsi kana gore batho ba ba suleng ka dikotsi ba ne ba otlhaiwa ka tsela nngwe.
Jesu Keresete ka boene o ne a bolela kgatlhanong le kgopolo ya tlholelo. Jesu o ne a botsa jaana fa a ne a bolela ka bomadimabe bongwe jo bareetsi ba gagwe ba neng ba bo itse: “Ba ba 18 bale, ba kago e e godileng e ba wetseng, ya ba bolaya mo Siloame, a lo itlhoma gore e ne e le baleofi go feta batho botlhe ba ba agileng mo Jerusalema? Ke a lo raya, nnyaa.” (Luke 13:4, 5) Kwantle ga pelaelo Jesu o ne a sa pege Modimo molato ka kotsi eo ya masetlapelo, mme o ne a bontsha gore e ne e le “motlha le bowelo.”
Diphelelo Tse di Senyang Tsa go sa Itekanela
Lefa go ntse jalo, go tweng ka dilo tse di bakileng dintsho mme di sa itsiwe? Baebele e re neela tlhalosonyana eno ya boemo jwa motho: “Botlhe ba swa ka Atame.” (1 Bakorinthe 15:22) Loso lo ne lwa tlhasela batho fa e sale mogologolwane wa rona Atame a tsamaya mo tseleng ya go tlhoka kutlo. Fela jaaka Modimo a ne a tlhagisa, Atame o ne a tlogelela bana ba gagwe boswa jwa loso. (Genesise 2:17; Baroma 5:12) Kgabagare he, malwetse otlhe a tswa kwa go mogologolwane wa rona yo o itsiweng, Atame. Makoa a rona a re a ruileng le one a baka thata ditlhaelo le diphoso tse re di dirang mo botshelong.—Pesalema 51:5.
Akanya ka bothata jwa lehuma. Gantsi go dumela gore motho o a tlholelwa go dirile gore bahumanegi ba itlhokomolose mathata a bone. Ba dumela jaana: ‘Seno re se tlholetswe.’ Lefa go ntse jalo, Baebele e bontsha gore re tshwanetse go pega go sa itekanelang ga motho molato, e seng tlholelo. Ba bangwe ba nna bahumanegi fa ba ‘roba se ba se jadileng’ ka ntlha ya botshwakga kana go sa dirise madi ka tshwanelo. (Bagalatia 6:7; Diane 6:10, 11) Dimilionemilione tsa batho di mo lehumeng ka gonne batho ba ba pelotshetlha ba ba ba busang ke bone ba ba tseetseng dilo tsotlhe. (Bapisa Jakobe 2:6.) Baebele e bolela jaana: ‘Motho o na le thata mo go yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Ga go na bosupi jo bo ka re dirang gore re pege Modimo molato kana tlholelo ka lehuma le le leng teng.
Go Dumela Tlholelo—Matswela a Yone a a Senyang
Lefa go ntse jalo kganetsano e nngwe e e tlhotlheletsang e e leng kgatlhanong le tlholelo ke matswela a tlholelo e ka nnang le one mo bathong ba ba e dumelang. Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Setlhare sengwe le sengwe se se molemo se ungwa loungo lo lo molemo; mme setlhare se se bosula se ungwa loungo lo lo bosula.” (Mathaio 7:17) A re sekasekeng “loungo” lo le longwe fela lwa tlholelo—tsela e lo tlhotlheletsang boikarabelo jwa batho ka teng.
Boikarabelo jwa motho ka namana jo bo siameng bo botlhokwa. Ke sengwe sa dilo tse di tlhotlheletsang batsadi gore ba tlamele ba malapa a bone, gore babereki ba dire ditiro tsa bone ba kaelwa ke segakolodi, gore difeketeri di dire dilo tse di nang le boleng. Go dumela tlholelo go ka nna ga koafatsa boikarabelo joo. Ka sekai, akanya fa koloi ya monna mongwe e na le mathata a seterebere. Fa e le gore o na le boikarabelo tota, o a se baakanya ka go bo a amegile ka botshelo jwa gagwe le ka matshelo a bapalami ba bangwe. Mo letlhakoreng le lengwe, motho yo o dumelang tlholelo o ka nna a itlhokomolosa kotsi eno, a akanya gore koloi e tla senyega fela fa e le gore ke ‘go rata ga Modimo’!
Ee, go dumela tlholelo go ka nna ga dira gore motho a nne bofafalele, setshwakga, a palelwe ke go amogela boikarabelo jwa ditiro tsa motho ka namana, le bontsi jwa mekgwa e mengwe e e sa siamang.
A ke Sekgoreletsi sa Botsalano Jwa Rona le Modimo?
Selo se se kotsi le go feta, go dumela tlholelo go ka koafatsa boikarabelo jwa motho, kana se a tshwanetseng go se direla Modimo. (Moreri 12:13) Mopesalema o rotloetsa batho botlhe gore ba ‘leke ba bone fa Jehofa a le molemo.’ (Pesalema 34:8) Modimo o beetse batho ba ba tla itumelelang bomolemo jwa gagwe dilo dingwe tse a batlang ba di dira.—Pesalema 15:1-5.
Selo se sengwe se se batlegang ke boikotlhao. (Ditiro 3:19; 17:30) Seo se akaretsa go dumela diphoso tsa rona le go dira diphetogo tse di tlhokegang. Jaaka batho ba ba sa itekanelang, rotlhe re dirile diphoso tse go tlhokegang gore re di ikotlhaele. Mme fa motho a dumela gore o tlholetswe, go tla nna thata gore a bone botlhokwa jwa go ikotlhaya kana go ikarabela ka ntlha ya diphoso tsa gagwe.
Mopesalema o ne a bolela jaana ka Modimo: “Bopelonomi jwa gago jwa lorato bo molemo bogolo go botshelo.” (Pesalema 63:3) Lefa go ntse jalo, go dumela tlholelo go tlhatswitse dimilionemilione tsa batho dipelo gore Modimo ke ene a ba bakelang matshwenyego a bone. Ka tlholego fela, seno se dirile gore batho ba le bantsi ba mo galefele, ba thiba ditsela tsa gore ba nne le kamano e e gaufi ya boammaaruri le Mmopi. Legale, o ne o ka rata jang motho yo o akanyang gore ke ene a bakang mathata ano otlhe a gago le diteko? Ka gone, tlholelo ke sekgoreletsi fa gare ga Modimo le motho.
Go Gololwa mo Bosetlhogong Jwa Tlholelo
Ousmane yo mosha, yo o umakilweng kwa tshimologong, o kile a bo e le lekgoba la go dumela tlholelo. Lefa go ntse jalo, fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thusa Ousmane gore a sekaseke tsela e a akanyang ka yone mo leseding la Baebele, o ne a tlhotlheletsega go tlogela tumelo ya gagwe ya tlholelo. Go ne ga felela ka gore a gololesege fela thata le gore a lebe botshelo ka tsela e ntšha le e e siameng. Se se botlhokwa le go feta, o itse Jehofa e le Modimo yo o “tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri.”—Ekesodo 34:6.
Gape Ousmane o ne a lemoga gore Modimo, le mororo a sa rulaganye sengwe le sengwe sa botshelo jwa rona, o na le boikaelelo bongwe ka isagwe.a Lokwalo lwa 2 Petere 3:13 lo bolela jaana: “Rona ka fa polelong ya one ya tsholofetso, re lebeletse magodimo a maša, le lefatshe le leša, a go tlaa agang tshiamo mo go one.” Basupi ba ga Jehofa ba thusitse dimilione tsa batho gore di nne le tsholofelo ya go tshelela ruri e le karolo ya “lefatshe le leša” leno le le solofeditsweng. Ba ne ba ka rata go go thusa le wena.
Fa kitso ya gago e e tlhomameng ya Baebele e ntse e oketsega, o tla itumelela gore isagwe ya gago ga e a ikaega ka go tlholelwa dilo tse o ka se kang wa di laola. Mafoko ano a ga Moshe a a neng a a kwalela Baiseraele ba bogologolo a a tshwanela: “Ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; ke gone itshenkele botshelo, gore o tshele, wena le losika lwa gago; gore o rate Jehofa Modimo wa gago, go ineela go utlwa lentswe la gagwe, le go mo ngaparela.” (Duteronome 30:19, 20) Ee, o ka itlhophela se o se batlang ka isagwe ya gago. Ga e a ikaega ka tlholelo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tlhaloso e e oketsegileng malebana le se Modimo a se itseng go sa le pele, bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1995, ditsebe 3-7.
[Ditshwantsho mo go tsebe 6, 7]
Dikotsi tseno tsa masetlapelo e ne e se ‘ditiro tsa Modimo’
[Metswedi ya Ditshwantsho]
U.S. Coast Guard photo
WHO
UN PHOTO 186208 /M. Grafman