-
Nka Dira Eng Gore ke Nne Tsala ya Modimo?Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
-
-
Go na le karolo nngwe e e amang botsala jwa gago le Modimo e o sa tshwanelang go e tlhokomologa. Mopesalema Dafide o ne a kwala jaana: “Lekang mme lo bone gore Jehofa o molemo.” (Pesalema 34:8) Fa Dafide a ne a kwala Pesalema ya bo34, o ne a sa tswa go diragalelwa ke dilo dingwe tse di boifisang. O ne a tshaba Kgosi Saulo yo o neng a batla go mmolaya—e leng tiragalo e e boifisang fela thata. Mme o ne a tshwanelwa ke go kopa go iphitlha mo babeng ba gagwe ba Bafilisitia. Fa Dafide a ne a lebane le loso, o ne a dirisa botlhale, a itira e kete ga a itekanela mo tlhaloganyong mme a kgona go tshaba.—1 Samuele 21:10-15.
Fa Dafide a sena go falola jalo ka lesoba la nnale, ga a ka a ikaya a le botlhale. Go na le moo, o ne a re o faloditswe ke Jehofa. Pelenyana mo pesalemeng e e umakilweng fa godimo o ne a kwala jaana: “Ke ne ka botsa Jehofa, mme a nkaraba, mme a nkgolola mo letshogong lotlhe la me.” (Pesalema 34:4) E re ka Dafide a ne a bone mo go se se mo diragaletseng, o ne a kgona go rotloetsa ba bangwe gore ba ‘leke mme ba bone gore Jehofa o molemo.’a
-
-
Nka Dira Eng Gore ke Nne Tsala ya Modimo?Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
-
-
a Dibaebele dingwe di ranola mafoko a a reng “lekang mme lo bone” ka gore “iponeleng ka bolona,” “batlisisang,” le “lo tla bona mo go se se lo diragalelang.”—Contemporary English Version, Today’s English Version, le The Bible in Basic English.
-