KGAOLO 6
“O ne A Ithuta Kutlo”
1, 2. Ke eng fa rre yo o lorato a itumelela go bona morwawe a mo ikobela, mme maikutlo a a ntseng jalo a bontsha jang maikutlo a ga Jehofa?
RRE o okomela ka letlhabaphefo go leba morwawe fa a ntse a tshameka le ditsala tsa gagwe. Bolo ya bone e kgokologela kwa mmileng. Morwawe o lebile bolo fa e ntse e kgokologa. Mongwe wa ditsala tsa gagwe o mo kgothaletsa go tswela kwa mmileng go ya go tsaya bolo, mme morwa yono o thukhutha tlhogo. A re: “Ga ke a letlelelwa go dira seo.” Rre o nyenya a le nosi ka ntlha ya boitumelo.
2 Ke eng fa rre yono a itumetse? Ka gonne o rutile morwawe gore a se ka a tswela kwa mmileng a le nosi. Fa morwa yono a ikobela taelo eo—le fa a sa bone gore rre o mo lebile—rre o a itse gore morwawe o ithuta go nna kutlo mme seo se dira gore morwawe a sireletsege. Rre yono o ikutlwa ka tsela e Rraarona wa kwa legodimong, Jehofa, a ikutlwang ka yone. Modimo o a itse gore fa re batla go nna re ikanyega le go tshela go fitlha re bona isagwe e e itumedisang e a re boloketseng yone, re tshwanetse go ithuta go mo ikanya le go mo ikobela. (Diane 3:5, 6) Gore re kgone go dira seo, o ne a re romelela morutisi yo o ba gaisang botlhe.
3, 4. Jesu o ile a “ithuta kutlo” le go “itekanedisiwa” ka tsela efe? Tshwantsha.
3 Baebele e bua sengwe se se gakgamatsang ka Jesu: “Le mororo e ne e le Morwa, o ne a ithuta kutlo mo dilong tse a neng a di boga; mme fa a sena go itekanedisiwa o ne a nna yo o nayang botlhe ba ba mo utlwang poloko ya bosakhutleng.” (Bahebera 5:8, 9) Morwa yono o ne a ntse dingwaga tse di se nang palo kwa legodimong. Morwa yono wa motsalwapele wa Modimo o bone Satane le baengele ba bangwe ba tsuologa, le fa go ntse jalo, o ile a se ka a kopanela le bone. Boporofeti jono jo bo tlhotlheleditsweng bo lebisa mafoko ano kwa go ene: “Ke ne ke sa tsuologe.” (Isaia 50:5) Ka gone, go ka tla jang gore mafoko a a reng “o ne a ithuta kutlo” a lebisiwe go Morwa yono yo o kutlo ka botlalo? Go ka tla jang gore sebopiwa seo se se itekanetseng se ‘itekanedisiwe’?
4 Akanya ka sekai seno. Lesole le na le tšhaka ya tshipi. Le mororo e ise e ko e dirisiwe mo ntweng, e dirilwe sentle ka botswerere. Le fa go ntse jalo, lesole leno le ananya tšhaka eo ka e e dirilweng ka tshipi e e thata, e e nonofileng. Tšhaka eo e ntšha e setse e kile ya dirisiwa ka tsela e e molemo mo ntweng. A seo ga se kananyo e e botlhale? Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ile a bontsha go nna kutlo ka tsela e e se nang selabe pele ga a tla mo lefatsheng. Mme morago ga go fudugela mono, go nna kutlo ga gagwe e ne e le ga mofuta o sele gotlhelele. Jaanong go ne go lekilwe, go nonotshitswe jaaka fa re ka rialo, e bile go itshupile ka diteko tse Jesu a ka bong a sa lebana le tsone fa a ne a le kwa legodimong.
5. Ke eng se se neng sa dira gore go nna kutlo ga ga Jesu go nne botlhokwa go le kalo, mme ke eng se re tla se sekasekang mo kgaolong eno?
5 Go nna kutlo e ne e le selo se se botlhokwa thata mo go se Jesu a neng a se tlela mo lefatsheng. E re ka Jesu e ne e le “Adame wa bofelo,” o ne a tla mono go tla go dira se batsadi ba rona ba ntlha ba neng ba palelwa ke go se dira—go nna a ikanyega mo go Jehofa Modimo, le fa a lebane le diteko. (1 Bakorintha 15:45) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a se kutlo ka tsela ya go ikgolola fela. O ne a nna kutlo ka mogopolo otlhe, ka pelo yotlhe le ka moya otlhe. E bile o ne a go dira ka boipelo. Go dira thato ya ga Rraagwe go ne go le botlhokwa thata mo go ene go feta dijo! (Johane 4:34) Ke eng se se ka re thusang go etsa go nna kutlo ga ga Jesu? E re pele re sekaseke maikutlo a a neng a mo tlhotlheletsa go dira jalo. Go lwela go nna le maikutlo a a tshwanang le a a neng a na le one go tla re thusa go tila dithaelo le go re thusa go dira thato ya Modimo. Go tswa foo, re tla sekaseka matswela mangwe a go nna kutlo jaaka Keresete.
Mabaka a a Neng a Dira Gore Jesu a Nne Kutlo
6, 7. Mangwe a maikutlo a a neng a tlhotlheletsa Jesu go nna kutlo ke afe?
6 Go nna kutlo ga ga Jesu go ne go simologa mo pelong. Jaaka fa re bone mo Kgaolong ya 3, Keresete o ne a le boikobo go tswa pelong. Boikgogomoso bo dira gore batho ba tlhoe go nna kutlo, mme boikokobetso jone bo re thusa go ikobela Jehofa ka go rata. (Ekesodo 5:1, 2; 1 Petere 5:5, 6) Mo godimo ga moo, go nna kutlo ga ga Jesu go ne go tlhotlhelediwa ke dilo tse a neng a di rata le tse a neng a di tlhoile.
7 Sa botlhokwa le go feta, Jesu o ne a rata Rraagwe wa kwa legodimong e bong Jehofa. Go tla tlotliwa ka lorato loo ka botlalo mo Kgaolong ya 13. Lorato lo lo ntseng jalo ke lone lo lo neng lwa dira gore Jesu a nne le poifomodimo. O ne a rata Jehofa ka lorato lo logolo e bile a mo tlotla ka tlotlo e kgolo mo a neng a boifa go utlwisa Rraagwe botlhoko. Go boifa Modimo ke lebaka le lengwe le le neng la dira gore dithapelo tsa ga Jesu di utlwiwe. (Bahebera 5:7) Gape go boifa Jehofa ke letshwao le bolaodi jwa ga Jesu jaaka Kgosi e e leng Mesia bo bonalang ka lone.—Isaia 11:3.
A boitlosobodutu jo o bo tlhophang bo bontsha gore o tlhoile bosula?
8, 9. Jaaka go porofetilwe, Jesu o ile a ikutlwa jang ka tshiamo le ka boikepo, mme o ile a bontsha maikutlo ao jang?
8 Go rata Jehofa gape go akaretsa gore motho a tlhoe dilo tse Jehofa a di tlhoileng. Ka sekai, ela tlhoko boporofeti jono jo bo lebisitseng kwa go Kgosi e e leng Mesia: “O ratile tshiamo mme o tlhoile boikepo. Ke gone ka moo Modimo, Modimo wa gago, a go tloditseng ka leokwane la boitumelo go gaisa balekane ba gago.” (Pesalema 45:7) “Balekane” ba ga Jesu e ne e le dikgosi tse dingwe tsa losika lwa ga Kgosi Dafide. Go feta ope fela wa bone, Jesu o ne a na le lebaka la go itumela, kana go nna le boipelo jo bogolo ka nako ya go tlodiwa ga gagwe. Ka ntlha yang? Tuelo ya gagwe e feta ya bone kgakala, bogosi jwa gagwe bo mosola ka bosakhutleng. O duelwa ka go bo go rata tshiamo ga gagwe le go ila boikepo go mo tlhotlheleditse go ikobela Modimo mo dilong tsotlhe.
9 Jesu o ile a dira jang go bontsha kafa a ikutlwang ka gone ka tshiamo le ka boikepo? Ka sekai, ka nako ya fa balatedi ba gagwe ba ne ba ikobela kaelo ya gagwe mo tirong ya go rera mme ba segofalediwa seo, Jesu o ile a itshwara jang? O ile a itumela fela thata. (Luke 10:1, 17, 21) Mme fa gangwe le gape batho ba Jerusalema ba ne ba bontsha moya wa botsuolodi, ba gana maiteko a gagwe a a lorato a go ba thusa, Jesu o ile a itshwara jang? O ile a lela ka ntlha ya boganana jwa motse oo. (Luke 19:41, 42) Jesu o ne a amiwa maikutlo thata ke boitshwaro jo bo siameng le jo bo sa siamang.
10. Ke maikutlo afe a re tshwanetseng go lwela go nna le one malebana le ditiro tse di siameng le tse di sa siamang, mme ke eng se se ka re thusang go dira jalo?
10 Go tlhatlhanya ka maikutlo a ga Jesu go re thusa go sekaseka maikutlo a a re tlhotlheletsang go ikobela Jehofa. Le fa re sa itekanela, re ka lwela go nna le lorato lo logolo lwa go rata ditiro tse di molemo le letlhoo le legolo la go tlhoa boitshwaro jo bo maswe. Re tshwanetse go rapela Jehofa, re mo kopa gore a re thuse go lwela go nna le maikutlo a a tshwanang le a gagwe le a ga Morwawe. (Pesalema 51:10) Mme gape, re tshwanetse go tila dilo tse di sa siamang tse di ka koafatsang maikutlo a a ntseng jalo. Go tlhopha boitlosobodutu le batho ba re tsalanang le bone ka kelotlhoko go botlhokwa thata. (Diane 13:20; Bafilipi 4:8) Fa re lwela go nna le maikutlo a a tshwanang le a ga Keresete, go ikobela Modimo ga rona ga e kitla e nna ga seomodiro fela. Re tla dira se se siameng ka gonne re rata go se dira. Re tla tila ditiro tse di sa siamang, e seng ka gonne re tshaba go tshwarwa, mme ka gonne re ila boitshwaro jo bo ntseng jalo.
“Ga a Ka a Dira Boleo Bope”
11, 12. (a) Go ne ga direga eng kwa tshimologong ya bodiredi jwa ga Jesu? (b) Satane o ne a simolola go raela Jesu jang, a dirisa leano lefe la boferefere?
11 Go tlhoa boleo ga ga Jesu go ile ga lekwa go tloga fela kwa tshimologong ya bodiredi jwa gagwe. Morago ga go kolobediwa, o ne a fetsa malatsi le masigo a le 40 mo sekakeng, a sena dijo. Kwa bokhutlong jwa malatsi ao, Satane o ne a tla go mo leka. Ela tlhoko kafa Diabolo a neng a le boferefere ka teng.—Mathaio 4:1-11.
12 Satane o ne a simolola ka go re: “Fa e le gore o morwa Modimo, raya maje ano o re a fetoge dinkgwe.” (Mathaio 4:3) Jesu o ne a ikutlwa jang morago ga go fetsa lobaka lo loleele jalo a sa je? Baebele e re bolelela jaana ka tlhamalalo: “A utlwa a tshwerwe ke tlala.” (Mathaio 4:2) Ka jalo, ga go pelaelo gore Satane o ne a letela gore Jesu a ikutlwe a le bokoa thata mme a dirisa keletso ya gagwe ya tlholego ya go batla go ja. Gape ela tlhoko mafoko ano a a kgobang a ga Satane: “Fa e le gore o morwa Modimo.” Satane o ne a itse sentle gore Jesu e ne e le “leitibolo la popo yotlhe.” (Bakolosa 1:15) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a se ka a letla gore Satane a mo tlhotlheletse go tsuologa. Jesu o ne a itse gore e ne e se thato ya Modimo gore a dirise maatla a gagwe ka boikaelelo jwa bogagapa. O ne a gana go dira jalo, a bontsha ka boikokobetso gore o ikaegile gotlhelele ka thuso le kaelo ya ga Jehofa.—Mathaio 4:4.
13-15. (a) Thaelo ya bobedi le ya boraro tse Satane a neng a raela Jesu ka tsone e ne e le dife, mme Jesu o ne a itshwara jang? (b) Re itse jang gore le ka motlha Jesu ga ise a ko a itetle go naya Satane sebaka?
13 Mo thaelong ya bobedi, Satane o ne a tsaya Jesu a mo isa kwa lefelong le le goletsegileng kwa setlhoeng sa tempele. Ka boferefere o ne a sokamisa Lefoko la Modimo go raela Jesu gore a dire tiro ya mponeng ka go itatlhela fa fatshe go tswa kwa setlhoeng seo e le gore baengele ba tle ba mo namole. Fa boidiidi jo bo neng bo le kwa tempeleng bo ne bo ka bona kgakgamatso eo, a go ne go tla tlhola go nna le ope yo o belaelang gore Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng? Mme fa boidiidi joo bo ne bo ka dumela gore Jesu ke Mesia fela ka gonne ba bone a dira tiro eo ya go itshupa, a seo se ne se se kitla se thusa Jesu go tila mathata a le mantsi? Ee, gongwe. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a itse gore thato ya ga Jehofa e ne e le gore Mesia a diragatse tiro ya gagwe ka boikokobetso, e seng ka go tlhotlheletsa batho go dumela mo go ene ka go dira ditiro tsa go itshupa. (Isaia 42:1, 2) Le mo kgannyeng eo Jesu o ne a gana go tsuologela Jehofa. O ne a sa gogelwe ke go rata go tuma.
14 Mme go tweng ka serai sa go rata maemo? Mo thaelong ya boraro, Satane o ne a solofetsa Jesu magosi otlhe a lefatshe fa Jesu a ne a ka mo direla tiro e le nngwe fela ya go mo obamela. A o ile a tseela kopo eno ya ga Satane tlhogong? O ile a mo araba jaana: “Tsamaya, Satane!” O ne a oketsa jaana: “Gonne go kwadilwe ga twe, ‘Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.’” (Mathaio 4:10) Jesu o ne a ka se letle sepe se mo raela go obamela modimo o sele. Le fa a ne a ka solofediwa taolo le maatla a a kana kang mo lefatsheng, o ne a ka se letle seo go mo tlhotlheletsa go tsuologa.
15 A Satane o ne a itlhoboga? Ke boammaaruri gore o ne a tsamaya fa Jesu a ne a mo laela go tswa fa go ene. Le fa go ntse jalo, pego ya ga Luke e bolela gore Diabolo o ne a “tswa mo go ene go fitlha ka nako e nngwe e e mo siametseng.” (Luke 4:13) Ee, Satane o ne a tla senka sebaka se sengwe sa go leka Jesu le go mo raela, go fitlha fela kwa bokhutlong. Baebele e re bolelela gore Jesu o ne a ‘lekwa ka ditsela tsotlhe.’ (Bahebera 4:15) Ka jalo le ka motlha Jesu o ne a se ka a letla gore a itebale; mme le rona ga re a tshwanela go dira jalo.
16. Gompieno Satane o raela batlhanka ba Modimo jang, mme re ka tila jang maiteko ao a gagwe?
16 Satane o sa ntse a raela batlhanka ba Modimo le gompieno. Ka maswabi, bosaitekanelang jwa rona bo dira gore a re tlhasele motlhofo. Ka boferefere o dirisa maikutlo a bopelotshetlha, boikgogomoso le go rata taolo. A ka nna a ba a dirisa serai sa go rata dilo tse di bonalang go leka go re raela ka dilo tseno tsotlhe! Go botlhokwa gore ka dinako tse dingwe re eme go sekae mme re itshekatsheke ka boikanyegi. Re tshwanetse go tlhatlhanya ka mafoko a 1 Johane 2:15-17. Fa re ntse re dira jalo, re ka ipotsa gore a dikeletso tsa nama tsa tsamaiso eno ya dilo, go gagamalela dikhumo, le go batla go kgatlha batho, ka tsela nngwe go fokoditse tsela e re ratang Rraarona yo o kwa legodimong ka yone. Re tshwanetse go se lebale gore lefatshe leno le a feta, fela jaaka Mmusi wa lone, Satane. A re tileng maano a gagwe a boferefere a go re raela go dira boleo! A re etseng sekao sa Mong wa rona, ka gonne “ga a ka a dira boleo bope.”—1 Petere 2:22.
“Ka Metlha ke Dira Dilo Tse di mo Itumedisang”
17. Jesu o ne a ikutlwa jang ka kgang ya go ikobela Rraagwe, mme batho bangwe bone ba ka reng ka kgang eno?
17 Go nna kutlo ga go akaretse fela go tila go dira boleo; Keresete o ne a diragatsa taelo nngwe le nngwe ya ga Rraagwe ka matlhagatlhaga. O ile a re: “Ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.” (Johane 8:29) Go nna kutlo jalo go ne ga leretse Jesu boipelo jo bogolo. Ke boammaaruri gore bangwe ba ka nna ba ema ka la gore go ne go le motlhofo thata ka Jesu gore a nne kutlo. Ba ka nna ba bolela gore o ne a tshwanelwa ke go ikarabelela fela mo go Jehofa, yo e leng motho yo o itekanetseng, fa rona gantsi re tshwanelwa ke go ikarabelela mo bathong ba ba nang le taolo ba ba sa itekanelang. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore, Jesu o ne a le kutlo le mo bathong ba ba sa itekanelang ba ba neng ba na le taolo.
18. Fa Jesu a sa le mosha o ne a nna sekao se se molemo ka tsela efe?
18 Fa Jesu a ntse a gola, o ne a tlhokometswe ke batsadi ba gagwe ba mo lefatsheng ba ba sa itekanelang, e bong Josefa le Marea. Go ka direga gore o ne a tle a bone makoa a batsadi ba gagwe go feta a bontsi jwa bana ba a bonang mo batsading ba bone. A o ne a ba tsuologela, a tlogela seabe se a se neilweng ke Modimo mme a ba laela kafa ba tshwanetseng go tsamaisa lelapa ka teng? Ela tlhoko se Luke 2:51 e se buang ka Jesu wa dingwaga tse 12: “A tswelela a le mo taolong ya bone.” Ka go nna kutlo jalo, o ne a tlhomela basha ba Bakeresete sekao se se molemo, ba ba lekang ka natla go ikobela batsadi ba bone le go ba naya tlotlo e e ba tshwanetseng.—Baefeso 6:1, 2.
19, 20. (a) Jesu o ile a lebana le dikgwetlho dife tse di sa tshwaneng le dipe malebana le go ikobela batho ba ba sa itekanelang? (b) Ke eng fa Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba tshwanetse go ikokobeletsa ba ba eteletseng pele?
19 Mo kgannyeng ya go ikobela batho ba ba sa itekanelang, Jesu o ne a lebana le maemo a a boima a le ka motlha Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba sa lebaneng le one. Akanya ka maemo a a sa tlwaelegang a a neng a tshela mo go one. Tsamaiso ya bodumedi ya Sejuda, ka tempele ya yone kwa Jerusalema le thulaganyo ya yone ya boperesiti, e ne e sa bolo go nna e amogelwa ke Jehofa mme jaanong o ne a tloga a e latlha mme maemo a yone a tsewa ke thulaganyo ya phuthego ya Bokeresete. (Mathaio 23:33-38) Kafa letlhakoreng le lengwe, bontsi jwa baeteledipele ba bodumedi ba ne ba ruta maaka a a tswang mo filosofing ya Segerika. Tsietso e ne e aname thata jaana mo tempeleng mo Jesu a neng a e bitsa “logaga lwa dinokwane.” (Mareko 11:17) A Jesu o ne a tila go ya kwa tempeleng le kwa sinagogeng? Nnyaa! Jehofa o ne a sa ntse a dirisa mafelo ao. Fa fela Modimo a ne a ise a tseye kgato go fetola dilo, ka boikokobetso Jesu o ne a ya kwa meletlong ya kwa tempeleng le kwa sinagogeng.—Luke 4:16; Johane 5:1.
20 Fa Jesu a ile a nna kutlo mo maemong a a ntseng jalo, a Bakeresete ba boammaaruri gompieno bone ga ba a tshwanela go nna kutlo le e leng go feta! Kana e bile, re tshela mo nakong e e farologaneng thata le eo, nako e e sa bolong go bolelelwapele ya go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri. Modimo o re tlhomamisetsa gore le ka motlha a ka se letle Satane go kgotlela batho ba gagwe ba ba tsosolositsweng. (Isaia 2:1, 2; 54:17) Ke boammaaruri gore re lebana le maleo le bosaitekanelang mo phuthegong ya Bokeresete. Mme gone a re tshwanetse go dirisa makoa a ba bangwe go nna seipato sa go tsuologela Jehofa, gongwe re tlogela go tlhola re nna gone mo dipokanong kana re tshwayatshwaya bagolwane diphoso? Legoka! Go na le moo, re ema nokeng ka botlalo ba ba eteletseng pele mo phuthegong. Ka boikobo, re nna gone kwa dipokanong le kwa dikopanong le go dirisa kgakololo ya Dikwalo e re e newang kwa go tsone.—Bahebera 10:24, 25; 13:17.
Ka boikobo re dirisa dilo tse re ithutang tsone kwa dipokanong tsa Bokeresete
21. Jesu o ile a tsibogela jang kgatelelo ya batho ya gore a tlole molao wa Modimo, mme o ne a re tlhomela sekao sefe?
21 Le ka motlha Jesu o ne a sa letle gore batho, tota le ditsala tsa gagwe tse di neng di akanya gore di a mo thusa, ba mo thibele go ikobela Jehofa. Ka sekai, moaposetoloi Petere o ne a leka go tlhotlheletsa Mong wa gagwe gore a akanye gore go ne go sa tlhokege gore a boge a bo a swe. Jesu o ne a gana a sa okaoke fa Petere a ne a mo gakolola, a ithaya a re o a mo thusa, a re Jesu a ithekegele. (Mathaio 16:21-23) Gompieno, gangwe le gape balatedi ba ga Jesu ba tshwanelwa ke go itshokela ba masika ba ba lekang go ba tlhotlheletsa go tlhokomologa melao le melaometheo ya Modimo ba akanya gore ba a ba thusa. Jaaka balatedi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga, re ema ka la gore “re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.
Maduo a go Nna Kutlo Jaaka Keresete
22. Jesu o ne a kgona go araba potso efe, mme o ne a e araba jang?
22 Fa Jesu a ne a lebane le loso, go nna kutlo ga gagwe go ne ga lekwa fela thata. Ka letsatsi leo la bofelo le le hutsafatsang, o ne a “ithuta kutlo” ka botlalo. O ne a dira thato ya ga Rraagwe, e seng ya gagwe. (Luke 22:42) Ka go rialo o ile a itirela leina le lentle la go itsege ka go ikanyega. (1 Timotheo 3:16) O ne a kgona go araba potso eno e e neng e sa bolo go bodiwa: A motho yo o itekanetseng a ka kgona go nna kutlo mo go Jehofa le e leng fa a lebane le diteko? Adame le Efa ba ne ba paletswe ke go dira jalo. Jesu o ne a tla mo lefatsheng, a tshela a bo a swa mme a araba potso eo sentle. Sebopiwa se segolo go gaisa tsotlhe tsa ga Jehofa se ne sa ntsha karabo e e nonofileng go di gaisa tsotlhe. O ne a nna kutlo tota le fa go nna kutlo go ne go na le diphelelo tse di botlhoko mo go ene.
23-25. (a) Go nna kutlo go amana jang le bothokgami? Tshwantsha. (b) Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?
23 Bothokgami, kana go ineela ka pelo yotlhe mo go Jehofa, bo bontshiwa ka go nna kutlo. E re ka Jesu a ile a nna kutlo, o ile a tswelela a thokgame mme seo sa solegela batho botlhe molemo. (Baroma 5:19) Jehofa o ile a duela Jesu ka maduo a magolo. Fa re nna kutlo mo go Keresete Mong wa rona, le rona Jehofa o tla re duela. Go nna kutlo mo go Keresete go tla dira gore re bone “poloko ya bosakhutleng”!—Bahebera 5:9.
24 Mo godimo ga moo, bothokgami ka bojone ke tuelo. Diane 10:9 ya re: “Yo o tsamayang mo bothokgaming o tla tsamaya ka polokesego.” Fa re ne re ka tshwantsha bothokgami le kago e kgolo e e dirilweng ka ditena tse dintle, re ne re ka re tiro nngwe le nngwe ya bothokgami e tshwana le setena sengwe le sengwe se se agileng kago eo. Setena se le sengwe fela se ka bonala se se botlhokwa go le kalo, mme gone sengwe le sengwe se na le seabe sa sone e bile se botlhokwa. Mme fa ditena tse dintsi di kopantswe, di aga kago ya boleng jo bogolo. Fa ditiro tsa bothokgami di kopantswe, nngwe le nngwe e kopanngwa le tse dingwe letsatsi le letsatsi, ngwaga le ngwaga, go nna jaaka e kete re ikagela kago e ntle ya bothokgami.
25 Go nna kutlo ka lobaka lo loleele go re gopotsa nonofo e nngwe gape—boitshoko. Re tla tlotla ka karolo eo ya sekao sa ga Jesu mo setlhogong se se latelang.