-
Popo e Bolela Kgalalelo ya Modimo!Tora ya Tebelo—2004 | June 1
-
-
7 Le fa go ntse jalo, go tlhokega gore motho a bo a na le temogo gore a lemoge bosupi jono. “Ga go na puo, e bile ga go na mafoko; ga go na lentswe lepe la one le le utlwiwang.” Le fa go ntse jalo, magodimo a neela bosupi jo bo maatla a ntse a sa bue sepe. “Thapo ya one e e lekanyang e tswetse mo lefatsheng lotlhe, le mafoko a one go ya kwa ntlheng ya lefatshe le le ungwang.” (Pesalema 19:3, 4) Go ntse jaaka e kete magodimo a beile ‘dithapo tse di lekanyang’ go tlhomamisa gore bosupi jo bo a bontshang ka tidimalo bo fitlha mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe.
8, 9. Dintlha dingwe tse di tlhomologileng ka letsatsi ke dife?
8 Go tswa foo Dafide o tlhalosa selo se sengwe se se gakgamatsang sa popo ya ga Jehofa: “O tlhometse letsatsi mogope mo go one [magodimo a a sa bonaleng], e bile le tshwana le monyadi fa a tswa mo ntlwaneng ya gagwe ya nyalo; le itumela jaaka monna yo o thata fa a siana mo tselaneng. Le tswa kwa ntlheng e nngwe ya magodimo, mme potologo ya lone e e feletseng e kwa dintlheng tse dingwe tsa one; mme ga go na sepe se se fitlhegetseng mogote wa lone.”—Pesalema 19:4-6.
-
-
Popo e Bolela Kgalalelo ya Modimo!Tora ya Tebelo—2004 | June 1
-
-
10. (a) Letsatsi le tswa jang le bo le boela mo ‘mogopeng’ wa lone? (b) Le taboga jang jaaka “monna yo o thata”?
10 Mopesalema o bua ka letsatsi ka tsela ya tshwantshetso, a le tshwantsha le “monna yo o thata” yo o tabogang go tloga kwa kgaleng e nngwe go ya go e nngwe motshegare mme bosigo a bo a itapolosa mo ‘mogopeng.’ Fa naledi eno e e maatla e dikela, go lebega e kete e tsena mo ‘mogopeng,’ jaaka e kete e ya go ikhutsa. Mo mosong, go lebega e kete e a runya, e phatsima thata jaaka “monyadi fa a tswa mo ntlwaneng ya gagwe ya nyalo.” E re ka Dafide e ne e le modisa, o ne a itse kafa go a tleng go nne tsididi thata ka teng bosigo. (Genesise 31:40) O ne a gopola kafa marang a letsatsi a neng a tle a mo thuthafatse ka bonako ka teng, ene le naga e e mo dikologileng. Go bonala sentle gore le ne le sa lapisiwa ke “mosepele” wa lone wa go tloga kwa botlhaba go ya kwa bophirima mme le ne le tshwana fela le “monna yo o thata,” le iketleeleditse go tsaya mosepele oo gape.
-