-
Jehofa o re Ruta Gore re Solegelwe Molemo2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
-
-
19. Jehofa o kopa eng go tswa pelong?
19 Keletso ya ga Jehofa ya gore batho ba gagwe ba tile masetlapelo mme ba itumelele botshelo e bontshiwa ka tsela e e kgatlhang: “Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.” (Isaia 48:18) A kopo e e tswang pelong ya Mmopi yo o maatla otlhe! (Duteronome 5:29; Pesalema 81:13) Go na le gore Baiseraele ba ye botshwarwa, ba ka nna le kagiso e e tla nnang ntsi jaaka metsi a a elelang mo nokeng. (Pesalema 119:165) Ditiro tsa bone tsa tshiamo di ka nna dintsi fela jaaka makhubu a lewatle. (Amose 5:24) Jehofa o ikuela mo Baiseraeleng e re ka a ba kgatlhegela tota, a ba bontsha ka lorato tsela e ba tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Fa fela ba ka reetsa!
-
-
Jehofa o re Ruta Gore re Solegelwe Molemo2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
-
-
21. Re ka nna le masego afe gompieno fa re batla go rutwa ke Jehofa?
21 Melaometheo e e mo ditemaneng tseno tsa botlhokwa e ama baobamedi ba ga Jehofa gompieno. Jehofa ke Motswedi wa botshelo, e bile o itse go feta motho ope fela gore re tshwanetse ra dirisa matshelo a rona jang. (Pesalema 36:9) O re neile dikaelo gore di re solegele molemo, e seng gore di re tshedise bokete. Bakeresete ba boammaaruri ba tsibogela seo ka go batla go rutwa ke Jehofa. (Mika 4:2) Dikaelo tsa gagwe di sireletsa bomoya jwa rona le kamano ya rona le ene, gape di re sireletsa mo tlhotlheletsong e e bosula ya ga Satane. Fa re tlhaloganya melaometheo e e mo melaong ya Modimo, re bona gore Jehofa o re ruta gore re solegelwe molemo. Re bona gore “ditaelo tsa gagwe ga di imele.” Mme ga re kitla re fedisiwa.—1 Johane 2:17; 5:3.
-