-
Lefatshe le Lesha—A o Tla Nna Gone?Tora ya Tebelo—2000 | April 15
-
-
6. Boporofeti jwa bonè jo bo umakang “magodimo a masha le lefatshe le lesha” bo bolelela pele eng?
6 A jaanong re sekasekeng lekgetlho le le setseng moo polelo e e reng “magodimo a masha le lefatshe le lesha” e tlhagang teng mo go Isaia 66:22-24, (NW) e e reng: “‘Fela jaaka magodimo a masha le lefatshe le lesha tse ke di dirang di eme fa pele ga me,’ go bua Jehofa, ‘fela jalo lotsalo lwa lona le leina la lona le tla nna le eme. Ruri go tla diragala gore go tloga ka ngwedi o mosha go ya go ngwedi o mosha le go tloga ka sabata go ya go sabata nama yotlhe e tla tla go inkobela,’ go buile Jehofa. ‘Mme ba tla tswa ba ya go leba ditoto tsa batho ba ba neng ba ntirela tlolo; gonne diboko tse di mo go bone ga di kitla di swa le molelo wa bone ga o kitla o timiwa, mme ba tla nna selo se se ferosang sebete mo nameng yotlhe.’”
7. Ke eng fa re ka konela ka gore Isaia 66:22-24 e sa ntse e tla diragadiwa mo malatsing a a tlang?
7 Boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa fa Bajuda ba ne ba tsosolosa dilo gape kwa nageng ya bone, le fa go ntse jalo, bo ne bo tla diragadiwa ka tsela e nngwe. Seno se ne se tla direga moragonyana thata ga gore go kwalwe lekwalo la bobedi la ga Petere le buka ya Tshenolo, ka gonne di bua ka ‘magodimo le lefatshe le lesha’ tse di neng di sa ntse di tla. Re ka lebelela gore bo diragadiwe jalo ka tsela e kgolwane le ka botlalo mo tsamaisong e ntšha. Akanya ka mangwe a maemo a re ka lebelelang go a itumelela.
-
-
Lefatshe le Lesha—A o Tla Nna Gone?Tora ya Tebelo—2000 | April 15
-
-
9 Le batho ba ba ikanyegang mo Modimong, ba e tla nnang karolo ya lefatshe le lesha, setšhaba sa baobamedi ba boammaaruri mo lefatsheng le lesha, le bone ba tla nna ba eme motho ka namana ka gonne ba tla bo ba direla Mmopi wa dilo tsotlhe kobamelo e e itshekileng. Ga ba ne ba mo obamela jalo ka sewelo kana ka tsela e ba ratang ka yone. Molao wa Modimo o Baiseraele ba neng ba o neetswe ka Moshe, o ne o batla gore ba dire ditiro dingwe tsa kobamelo kgwedi nngwe le nngwe, jaaka fa go bonala ka tiragalo ya ngwedi o mosha le beke le beke jaaka go bonala ka letsatsi la Sabata. (Lefitiko 24:5-9; Dipalo 10:10; 28:9, 10; 2 Ditirafalo 2:4) Ka jalo, Isaia 66:23 e bua ka kgang ya go obamela Modimo ka metlha le ka tsela e e tswelelang pele, beke le beke, kgwedi le kgwedi. Ka nako eo go tla bo go sa tlhole go na le bolatolamodimo le boitimokanyi jwa bodumedi. “Nama yotlhe e tlaa tla go obama fa pele ga” Jehofa.
-