-
A bo Go Latlhega Batsuolodi!Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
-
-
1. Jeroboame o ne a dira phoso efe e e masisi?
FA BATHO ba kgolagano ya ga Jehofa ba ne ba kgaogane e le magosi a mabedi, bogosi jwa ditso tse di lesome tsa bokone bo ne jwa busiwa ke Jeroboame. Kgosi e ntšha e ne e le mmusi yo o nang le bokgoni, yo o matlhagatlhaga. Mme o ne a se na tumelo ya mmatota mo go Jehofa. Ka ntlha ya seno o ne a dira phoso e e masisi e e neng ya baka phetogo e e maswe mo hisitoring yotlhe ya bogosi jwa bokone. Mo Molaong wa ga Moshe, Baiseraele ba ne ba laetswe gore ba ye kwa tempeleng e e kwa Jerusalema gararo ka ngwaga, e jaanong e neng e le mo bogosing jwa borwa jwa Juda. (Duteronome 16:16) E re ka a ne a boifa gore maeto ao a ka metlha a ne a tla dira gore batho ba gagwe ba tlelwe ke kgopolo ya go boa ba kopana le barwarraabone ba kwa borwa, Jeroboame o ne a “dira dinamane tse pedi tsa gouta mme [a] raya batho [a] re: ‘Go thata mo go lona gore lo tlhatlogele kwa Jerusalema. Modimo wa gago ke yo, wena Iseraele, yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.’ Foo a baya e nngwe mo Bethele, mme e nngwe a e baya kwa Dana.”—1 Dikgosi 12:28, 29.
2, 3. Phoso ya ga Jeroboame e ne ya ama Iseraele jang?
2 Go ne ga lebega ka nakwana e kete leano la ga Jeroboame le a dira. Ka iketlo batho ba ne ba tlogela go ya kwa Jerusalema mme ba simolola go obama fa pele ga dinamane tse pedi. (1 Dikgosi 12:30) Le fa go ntse jalo mokgwa ono wa botlhanogi wa bodumedi o ne wa senya bogosi jotlhe jwa ditso tse di lesome. Mo dingwageng tsa moragonyana, le ene Jehu tota, yo o neng a bontshitse tlhoafalo e e gakgamatsang jaana ka go fedisa kobamelo ya ga Baale kwa Iseraele, o ne a tswelela pele a ikobela dinamane tsa gouta. (2 Dikgosi 10:28, 29) Tshwetso e e phoso mo go kanakana ya ga Jeroboame e ne ya felela ka eng gape? Ka gore batho ba se ka ba iketla mo go tsa bopolotiki le gore ba boge.
3 Ka gonne Jeroboame o ne a fetogile motlhanogi, Jehofa o ne a bolela gore losika lwa gagwe lo ne lo se kitla lo busa naga, mme kwa bofelong bogosi jwa bokone bo ne bo tla tlelwa ke masetlapelo a magolo. (1 Dikgosi 14:14, 15) Mafoko a ga Jehofa ga a ka a wela fa fatshe. Dikgosi tsa Iseraele di le supa di ne tsa busa dingwaga tse pedi kana kwa tlase ga foo—tse dingwe e bile di busa malatsi a se kae fela. Kgosi nngwe e ne ya ipolaya, mme tse thataro di ne tsa bolawa ke batho ba ba ratang maemo ba ba neng ba itseela bogosi ka dikgoka. Iseraele o ne a aparelwa ke dikhuduego, thubakanyo le dipolao, bogolo jang morago ga puso ya ga Jeroboame II, e e neng ya fela mo e ka nnang ka 804 B.C.E. fa Usia a ne a busa kwa Juda. Fa dilo tseno di ntse di diragala, Jehofa o dirisa Isaia go romela tlhagiso e e tlhamaletseng, kana “lefoko,” kwa bogosing jwa bokone. “Go ne ga nna le lefoko le Jehofa a neng a le romela kgatlhanong le Jakobe, mme la wela mo Iseraele.”—Isaia 9:8.a
-
-
A bo Go Latlhega Batsuolodi!Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
-
-
a Isaia 9:8–10:4 e bopilwe ka ditema tse nnè (dikarolo tsa mokwalo wa mosito wa pina), nngwe le nngwe ya tsone e felela ka mafoko ano a a tshosang: “Ka ntlha ya seno sotlhe bogale jwa gagwe ga bo a boela morago, mme seatla sa gagwe se sa ntse se otlolotswe.” (Isaia 9:12, 17, 21; 10:4) Tsela eno ya go kwala e dira gore Isaia 9:8–10:4 e kopane e nne “lefoko” le le lengwe le le dikarolo dintsi. (Isaia 9:8) Ela tlhoko gape gore, “seatla sa [ga Jehofa] se sa ntse se otlolotswe,” e seng gore se tlise poelano, mme e le gore se atlhole.—Isaia 9:13.
-