Kgaolo 61
Go Fodisiwa ga Mosimane yo o Nang le Badimo
FA JESU, Petere, Jakobe, le Johane ba santse ba seyo, gongwe ba le kwa mohapheng wa Thaba ya Heremona, barutwa ba bangwe ba tlelwa ke bothata. Fa a boa, Jesu ka bofefo fela o lemoga gore go na le sengwe se se phoso. Go na le setlhopha sa batho se se dikanyeditseng barutwa ba gagwe, mme bakwadi ba ganetsana le bone. Fa ba bona Jesu, batho ba simolola go gakgamala thatathata le go sianela kwa go ene go mo dumedisa. “Lo tatalalanetseñ nabō?” o a ba botsa.
Mo bontsintsing jwa batho, go tlhaga monna mongwe a ba a khubama fa pele ga ga Jesu, mme a tlhalosa ka go re: “Moruti, ke lerile morwaake kwa go wèna; o na le mōea o o semumu. Me goñwe le goñwe kwa o mo chwarañ gōna, o mo piriganyetse ha hatshe; me a phoke mashulō, a phuranye mènō, a kwatlalale: me ka bua le barutwa ba gago gore ba o kgoromeletsè ntlè: me ba palèlwa.”
Go bonala sentle gore bakwadi ba sotla barutwa thatathata ka ntlha ya go palelwa ke go fodisa mosimane, gongwe ebile ba kgala maiteko a bone. Mo sebakeng seno se se maswe, Jesu o a goroga. “Ao, a losika lo lo senañ tumèlō ke lona,” o a bolela, “ke tla nna le lona go lele go le kaee? Ke tla lo ichokèla go lele go le kaee?”
Go lebega ekete Jesu o lebisitse mantswe a gagwe go mongwe le mongwe yo o foo, mme kwantle ga pelaelo o a lebisitse mo bakwading, bao ba ileng ba tlhorontsha barutwa ba gagwe. Go tswa foo, Jesu o bua le bone ka mosimane a re: “Mo lereñ kwano go nna.” Mme fa mosimane a atamela fa go Jesu, ledimona le le mo go ene le mo latlhela fa fatshe le bo le mo tsibiketsa thatathata. Mosimane o bidikama mo mmung a bo a phoka mashulo ka molomo.
“Go hetile lobaka lo lo kaee, go mo go sena go tla mo go èna?” Jesu o a botsa.
“E sa le ka bonyana yoa gagwè,” rraagwe o a araba. “Me gantsintsi o mo digetse mo moleloñ le mo metsiñ, go mo senya.” Mme go tswa foo rraagwe o ikopela a re: “Ha u nonohile go diha señwe, u tlo u re tlhomogèlè pelo, u re thusè.”
Gongwe rraagwe o ne a setse a feditse dingwaga a ntse a batla thuso. Mme jaanong, fa barutwa ba ga Jesu ba sena go palelwa, boitlhobogo jwa gagwe bo bogolo. A remeletse mo boikuelong jo bo tlhonameng jwa monna, Jesu ka kgothatso a re: “Ua re, Ha u nonohile! Aitse dilō cotlhe di ka dihalèla èna eo o dumèlañ.”
“Kea dumèla!” rre o itlhaganelela go khutsa jalo, mme a kopa a re: “Thusa go tlhōka go dumèla ga me!”
Fa a lemoga gore bontsintsi jwa batho bo phuthegela fa go bone, Jesu o kgalemela ledimona a re: “Wèna mōea o o semumu, o o boshushu, kea gu laola, cwa mo go èna, me u seka ua tlhōla u tsèna mo go èna.” Fa ledimona le tsamaya, le boa gape le dira gore mosimane a goe le bo le mo tsibiketsa thatathata. Go tswa foo mosimane o rapalala fela fa fatshe, mo eleng gore batho ba le bantsi ba simolola go bua ba re: “O shule!” Mme Jesu o kakatlolola mosimane, a bo a tsoga.
Pelenyana, e ne e rile fa barutwa ba ne ba rometswe go ya go rera, ba ne ba ile ba kgona go leleka badimo. Jalo he, fa ba tsena mo ntlong nngwe, ba botsa Jesu kwa bothokong ba re: “Re ne re sa nonoha ka ntlha eañ go o kgoromeletsa ntlè?”
Fa a supa gore e ne e le ka ntlha ya go tlhaela tumelo ga bone, Jesu o a araba: “O o nntseñ yana, ga o kake oa cwa ka sepè, ha e se ka thapèlō.” Ka phepafalo go bonala fa boipaakanyetso bo ne bo tlhokafala pele ga go ka kgaramelediwa ntle ledimona leo le neng le nonofile thata segolo mo kgannyeng eno. Tumelo e e nonofileng le thapelo e e neng e kopa gore Modimo a thuse ka maatla di ne di tlhokafala.
Go tswa foo Jesu o oketsa ka go re: “Amarure kea lo raea, Ha lo na le tumèlō e e kanañ ka tlhaka ea peo ea mosetara, lo ka raea thaba e, loa re, Tloga ha, u hudugèlè hale; me e tla huduga; me ga go ketla go dihana le sepè se se tla lo retelèlañ.” Abo tumelo e ka nna e e nonofileng jang ne!
Dikgoreletsi le mathata ao a thibelang tswelelopele mo tirelong ya ga Jehofa di ka bonala ekete di ka se fenngwe kana di ka pala go kgaramediwa fela jaaka thaba ya sebele. Lefa go le jalo, Jesu o bontsha gore fa re tlhagolela tumelo mo dipelong tsa rona, re e nosetsa le go e rotloetsa gore e gole, e tla atologa go nna e e nonofileng mme e tla re kgonisa gore re fenye dikgoreletsi le mathata a sekathaba. Mareko 9:14-29; Mathaio 17:19, 20; Luke 9:37-43.
▪ Jesu o fitlhela go diragalang fa a boa kwa Thabeng ya Heremona?
▪ Ke kgothatso efe e Jesu a neng a e fa rraagwe mosimane yo o neng a tsenwe ke badimona?
▪ Ke ka ntlhayang fa barutwa ba ne ba sa kgone go leleka ledimona?
▪ Jesu o ne a bontsha gore tumelo e ka nonofa mo go kana kang?