-
Buka ya Bibela ya bo 55—2 Timotheo“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
-
-
7. Ke ka ntlhayang fa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di tshwanetse go nna le mosola segolobogolo “mo metlheñ ea bohèlō”?
7 “Mo metlheñ ea bohèlō,” go tla nna le dipaka tse di thata go dirisana natso le batho ba ba itshupang fa tota ba sena poifomodimo e ba itshemang ba na nayo, “e le ba ba nntseñ ba ithuta, me ba sa nonoha gopè go hitlha mo kicoñ ea boamarure.” Mme Timotheo o ile a latela thuto ya ga Paulo ka kelotlhoko, botshelo jwa gagwe, le dipogiso tsa gagwe, tseo Morena a ileng a mo golola mo go tsone. O oketsa ka go re: “E, le botlhe ba ba ratañ go tshela ka poihōmodimo mo go Keresete Yesu ba tla bōna pogishō.” Lefa go ntse jalo, Timotheo o tshwanetse go tswelela a dira dilo tse a sa bolong go di ithuta go tswa bonyaneng jwa gagwe, e le dilo tse di ka kgonang go mo tlhalefisetsa polokong, ka gonne “lokwalo longwe le longwe lo tlhotlheleditswe ke Modimo ebile le mosola.”—3:1, 7, 12, 16, NW.
-
-
Buka ya Bibela ya bo 55—2 Timotheo“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
-
-
10. (a) Ke molemo ofe o o kgethegileng o o gatelelwang mo ‘lokwalong longwe le longwe’ o o kaiwang mo go Timotheo wa Bobedi, mme Bakeresete ba tshwanetse go lekela go nna eng? (b) Ke tlhotlheletso efe e e tshwanetseng go tilwa, mme seno se ka dirwa jang? (c) Ke eng seo se santseng se tlhokega ka potlako?
10 “Lokwalo longwe le longwe lo tlhotlheleditswe ke Modimo ebile lo mosola.” (NW) Lo molemo mo go eng? Paulo o re bolelela mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi lo o lo kwalelang Timotheo a re: “Go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.” (3:16, 17) Ka gone, go gatelelwa molemo wa “go ruta” mo lokwalong lono. Batho botlhe ba ba ratang tshiamo gompieno ba tshwanetse go utlwa kgakololo e e botlhale ya lokwalo lono fa ba lekela go nna barutisi ba Lefoko le fa ba ntse ba dira bojotlhe jwa bone go nna badiri ba ba amogelwang ke Modimo, ba ‘dirisa lefoko la boammaaruri sentle.’ Jaaka kwa Efeso wa motlha wa ga Timotheo, jalo le mo motlheng ono wa segompieno, go na le bao ba itshunyatshunyang mo ‘dipotsong tsa bonyana le tse di senang kitso,’ bao ba “nntseñ ba ithuta, me ba sa nonoha gopè go hitlha mo kicoñ ea boamarure,” le bao ba ganang “thutō e e itekanetseñ” ba reetsa barutisi ba ba babanyang ditsebe tsa bone ka tsela e ba batlang ka yone ka baka la bogagapa jwa bone. (2:15, 23; 3:7; 4:3, 4) Gore motho a tile tlhotlheletso eno ya selefatshe e e leswefatsang, go tlhokega gore a ‘nne a tshegetse sekao sa mafoko a a tshedileng’ ka tumelo le lorato. Mo godimo ga moo, go tlhokega ka potlako gore batho ba ba oketsegileng ba ‘tshwanelege ka botlalo go ruta ba bangwe’ mo teng mmogo le ka kwa ntle ga phuthego, fela jaaka Timotheo, “motho oa Modimo.” Bao ba sikarang boikarabelo jono sentle ba itumela eletota, ba kgona go ‘tshwanelegela go ruta ka bonolo,’ ebile ba rera lefoko “ka bopelotelele yotlhe le ka go ruta”!—1:13; 2:2, 24, 25; 4:2.
-