-
Lefitiko 7:29-31Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
29 “Bolelela Baiseraele o re, ‘Ope fela yo o isetsang Jehofa setlhabelo sa gagwe sa go abelana, o tla ntshetsa Jehofa karolo ya setlhabelo seo e le mpho.+ 30 O tla tlisa mafura+ a a tshotse ka diatla mmogo le sehuba e le setlhabelo se se dirwang ka molelo se se yang kwa go Jehofa mme o tla fokisetsa sehuba kwa morago le kwa pele e le setlhabelo se se fokwang+ fa pele ga ga Jehofa. 31 Moperesiti o tla fisa mafura gore a kuise mosi mo sebesong,+ mme sehuba e tla nna sa ga Arone le bomorwawe.+
-