Labobedi, December 23
Ke ne ka ikaelela, mme ke tla se diragatsa.—Isa. 46:11.
Fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa o ile a romela Morwawe mo lefatsheng gore a rute batho ka Bogosi joo, le gore a ntshe botshelo jwa gagwe go ba rekolola mo boleong le mo losong. Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ne a boela kwa legodimong mme moragonyana o ne a nna Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Molaetsa wa botlhokwa thata o Baebele e buang ka one ke gore Jehofa o tlile go dirisa Bogosi jwa gagwe go dira se a neng a se ikaeletse ka lefatshe, mme seo se tla dira gore leina la gagwe le itshepisiwe. O solofetsa gore o tla dira sengwe le sengwe se a ikaeletseng go se dira. (Isa. 46:10, ntlh.; Baheb. 6:17, 18) Lefatshe e tlile go nna paradaise, mme batho ba ba siameng ba tla “tshela ka bosakhutleng” mo go lone. (Pes. 22:26) Mo godimo ga moo, Jehofa o tlile go dira gore batlhanka ba gagwe botlhe ba mo lefatsheng le ba kwa legodimong ba mo ikobele e bile ba mo direle ka kutlwano. (Baef. 1:8-11) Eleruri tsela e Jehofa a diragatsang boikaelelo jwa gagwe ka yone e a gakgamatsa! w23.10 20 ¶7-8
Laboraro, December 24
‘O nonofe, gonne ke na le wena,’ go bua Jehofa wa masomosomo.—Hag. 2:4.
Fa Bajuda ba ba neng ba tswa kwa Babelona ba fitlha kwa Jerusalema, go ise go ye kae go ne go le thata gore ba tlamele ba malapa a bone. Mo godimo ga moo, go ne go na le dikhuduego mo Mmusomogolong wa Peresia, e bile batho ba ditšhaba tse dingwe ba ba neng ba nna gaufi le bone ba ne ba ba thatafaletsa botshelo. Seo se ne sa dira gore go nne thata gore bangwe ba bone ba tlhome mogopolo mo tirong e Jehofa a neng a ba neile yone ya go aga tempele. Jehofa o ne a romela moporofeti Hagai le moporofeti Sekarea gore ba ye go ba kgothatsa. Bajuda bao ba ile ba boa ba tlhoma mogopolo mo tirong e Jehofa a neng a ba neile yone. (Hag. 1:1; Seka. 1:1) Le fa go ntse jalo, dingwaga di ka nna 50 moragonyana, Bajuda bao ba ile ba kgobega marapo gape. Ka jalo, Esera o ile a tswa kwa Babelona a ya kwa Jerusalema gore a ye go ba kgothatsa. (Esera 7:1, 6) Boporofeti jwa ga Hagai le jwa ga Sekarea bo ile jwa thusa batho ba Modimo mo nakong e e fetileng gore ba tswelele ba tshepa Jehofa le fa ba ne ba ganediwa, mme le rona bo ka re thusa fa re na le mathata.—Diane 22:19. w23.11 14-15 ¶2-3
Labone, December 25
Nnang le lorato ka gonne lo dira gore batho ba utlwane.—Bakol. 3:14.
Re ka bontsha jang gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi? Re ka dira jalo ka go ba gomotsa. Fa re ba tlhomogela pelo, re ka kgona go ‘nna re ba gomotsa.’ (1 Bathes. 4:18) Mme gone, re ka dira jang gore re tswelele re ba rata thata? Re ka dira sotlhe se re ka se kgonang gore re ba itshwarele, tota le fa go le thata.Goreng go le botlhokwa thata gore re ratane? Petere o ile a re: “Bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo atametse. Ka jalo, . . . ratanang thata.” (1 Pet. 4:7, 8) Go tlile go direga eng fa lefatshe leno le ntse le ya bokhutlong? Jesu o ile a raya balatedi ba gagwe a re: “Ditšhaba tsotlhe di tla lo tlhoa ka gonne lo le balatedi ba me.” (Math. 24:9) Gore re kgone go tswelela re ikanyega mo go Jehofa le fa re tlhoilwe, re tshwanetse go nna seoposengwe. Fa re rata bakaulengwe le bokgaitsadi, Satane ga a ka ke a kgona go re kgaoganya.—Bafil. 2:1, 2. w23.11 13 ¶18-19