-
Lefitiko 14:3, 4Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
3 Moperesiti o tla tswela kwa ntle ga kampa a bo a mo tlhatlhoba. Fa molepero a fodile, 4 moperesiti o tla mo laela gore a tlise dinonyane tse pedi tse di tshelang tse di itshekileng, logong lwa mosedara, letsela le lehibidu le setlhatshana sa mosiama gore a itshekisiwe.+
-
-
Dipalo 19:6, 7Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
6 Mme moperesiti a tseye logong lwa mosedara, mosiama+ le letsela le lehibidu a bo a di latlhela mo molelong o kgomo e fisediwang mo go one. 7 Go tswa foo, moperesiti a tlhatswe diaparo tsa gagwe a bo a tlhapa mmele wa gagwe* ka metsi, morago ga moo a ka nna a tsena mo kampeng; mme gone, moperesiti o tla itshekologa go fitlha maitseboa.
-