-
Genesise 18:10Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
10 Ka jalo, mongwe wa bone o ne a mo raya a re: “Ruri ke tla boela mo go wena ngwaga o o tlang ka yone nako eno, mme Sara mosadi wa gago o tla nna le ngwana wa mosimane.”+ Jaanong Sara o ne a reeditse a le fa kgorong ya tente, e e neng e le ka fa morago ga monna yono.
-
-
Luke 1:11Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
11 Moengele wa ga Jehofa* o ne a iponatsa kwa go ene, a eme ka fa letlhakoreng la moja la sebeso sa maswalo.
-
-
Luke 1:13Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
13 Le fa go ntse jalo, moengele yoo o ne a mo raya a re: “Se boife, Sekarea, ka gonne Modimo o utlwile thapelo ya gago ya tlhoafalo, mme mosadi wa gago e bong Elisabetha o tla go tsholela ngwana wa mosimane, mme o mmitse Johane.+
-