-
1 Samuele 14:50Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
50 Leina la mosadi wa ga Saulo e ne e le Ahinoame morwadia Ahimaase. Leina la molaodi wa masole a gagwe e ne e le Abenere+ morwa Nere, rangwanaagwe Saulo.
-
-
1 Samuele 26:5Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
5 Moragonyana Dafide o ne a ya kwa lefelong le Saulo a neng a kampile mo go lone, mme Dafide o ne a bona lefelo le Saulo le Abenere+ morwa Nere, molaodi wa masole a gagwe, ba neng ba robetse mo go lone; Saulo o ne a robetse mo gare ga kampa mme masole a ne a kampile go mo dikologa.
-
-
1 Dikgosi 2:5Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
5 “Gape o itse sentle se Joabe morwa Seruia a neng a se ntira, se a neng a se dira balaodi ba babedi ba masole a Iseraele e bong Abenere+ morwa Nere le Amasa+ morwa Jethere. O ne a ba bolaya, a tsholola madi+ a ntwa ka nako ya kagiso, mme o ne a baya madi a ntwa mo lebanteng le le mo lothekeng lwa gagwe le mo ditlhakong* tse di mo dinaong tsa gagwe.
-