-
2 Dikgosi 9:7-9Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
7 O tshwanetse go kgemetha ba lelapa la ga Ahabe morena wa gago, mme ke tla busolosetsa madi a batlhanka ba me baporofeti le a batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba ba bolailweng ke Jesebele.+ 8 Mme botlhe ba lelapa la ga Ahabe ba tla nyelediwa; mme ke tla fedisa monna mongwe le mongwe* yo e leng setlogolwana sa ga Ahabe, go akaretsa le ba ba sa kgoneng go itshireletsa le ba ba bokoa mo Iseraele.+ 9 Mme ke tla dira gore lelapa la ga Ahabe le nne jaaka lelapa la ga Jeroboame+ morwa Nebate le jaaka lelapa la ga Baasha+ morwa Ahija.
-