-
1 Dikgosi 22:3, 4Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
3 Go tswa foo, kgosi ya Iseraele e ne ya raya batlhanka ba yone ya re: “A lo a itse gore motse wa Ramothe-gileade+ ke wa rona? Mme le fa go ntse jalo, re okaoka go o tsaya mo kgosing ya Siria gore o nne wa rona gape.” 4 Foo o ne a raya Jehoshafate a re: “A o tla tsamaya le nna go ya go tlhabana le motse wa Ramothe-gileade?” Jehoshafate o ne a araba kgosi ya Iseraele a re: “Nna le wena re seoposengwe. Batho ba me le batho ba gago ba seoposengwe, go akaretsa le dipitse tsa me le dipitse tsa gago.”+
-