-
Joshua 24:24, 25Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
24 Batho ba ne ba raya Joshua ba re: “Re tla direla Jehofa, Modimo wa rona e bile re tla ikobela lentswe la gagwe!”
25 Ka jalo, Joshua o ne a dira kgolagano le batho mo letsatsing leo a bo a ba tlhomela molao le tshwetso ya boatlhodi kwa Shekema.
-
-
2 Ditiragalo 34:31, 32Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
31 Kgosi e ne ya ema mo lefelong la yone mme ya dira kgolagano*+ fa pele ga ga Jehofa, kgolagano ya gore e tla sala Jehofa morago le go boloka ditaelo tsa gagwe, dikgakololo tsa gagwe le melao ya gagwe ka pelo yotlhe le ka moya otlhe,+ ka go diragatsa mafoko a kgolagano eo a a neng a kwadilwe mo bukeng eno.+ 32 Mo godimo ga moo, kgosi e ne ya laela botlhe ba ba neng ba le mo Jerusalema le mo Benjamine gore ba dumalane le kgolagano eo. Mme banni ba Jerusalema ba ne ba dira go dumalana le kgolagano ya Modimo, e leng Modimo wa borraabonemogolo.+
-