-
Duteronome 28:15Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
15 “Mme fa o sa reetse lentswe la ga Jehofa, Modimo wa gago e bile o sa diragatse ditaelo tsotlhe tsa gagwe le melao ya gagwe e ke go e laelang gompieno, diphutso tseno tsotlhe di tla tla mo go wena di le dintsi:+
-
-
Duteronome 28:33Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
33 Maungo a lefatshe la gago le thobo yotlhe ya se o se jadileng di tla jewa ke setšhaba se o sa se itseng,+ mme o tla nna o tsiediwa le go gatelelwa.
-
-
Nehemia 9:36, 37Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
36 Gone jaanong re batlhanka+ mo lefatsheng le o neng wa le naya borraaronamogolo gore ba je maungo a lone le dilo tsa lone tse di molemo. 37 Thobo ya lone e ntsi ke ya dikgosi tse o di tlhomileng gore di re okamele ka ntlha ya maleo a rona.+ Di re laola* jaaka di rata e bile di laola le leruo la rona, mme jaanong re mo matshwenyegong a magolo.
-