-
Bahebera 3:7-11Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
7 Ka jalo, fela jaaka go kwadilwe ka kaelo ya moya o o boitshepo go twe:+ “Fa lo reetsa lentswe la me gompieno, 8 lo se ka lwa thatafatsa dipelo tsa lona jaaka ka nako ya fa borraalonamogolo ba ne ba nkgalefisa thata, mo letsatsing la fa ba ne ba nteka kwa nageng.+ 9 Borraalonamogolo ba ne ba nteka le fa gone ba bone ditiro tsa me dingwaga di le 40.+ 10 Ke gone ka moo kokomana eo e neng ya mpherosa sebete mme ke ne ka re: ‘Dipelo tsa bone di nna di fapoga ka metlha, mme ga ba ise ba itse ditsela tsa me.’ 11 Ka jalo, ke ne ka ikana jaana ke galefile: ‘Ga ba kitla ba ikhutsa mo letsatsing la me la boikhutso.’”+
-
-
Bahebera 4:7Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
7 Ke gone ka moo morago ga lobaka lo loleele, Modimo a ileng a bua mo pesalemeng ya ga Dafide a re, “Gompieno fa lo reetsa lentswe la me, lo se ka lwa thatafatsa dipelo tsa lona.”+ Gape o tshwaya letsatsi le le rileng, le a le bitsang “Gompieno.”
-