-
Esekiele 26:2, 3Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
2 “Morwa motho, e re ka Ture a buile ka ga Jerusalema+ a re, ‘Lo laegile! Kgoro e ditšhaba di tsenang ka yone e robagantswe!+ Sengwe le sengwe se tla tla kwa go nna, mme jaanong ke tla huma ka gonne o sentswe’; 3 ka jalo seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: ‘Jaanong ke fetogile mmaba wa gago, wena Ture, mme ke tla dira gore ditšhaba di le dintsi di go tlhasele, fela jaaka lewatle le tlhatlosa makhubu a lone.
-