-
Duteronome 28:15Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
15 “Mme fa o sa reetse lentswe la ga Jehofa, Modimo wa gago e bile o sa diragatse ditaelo tsotlhe tsa gagwe le melao ya gagwe e ke go e laelang gompieno, diphutso tseno tsotlhe di tla tla mo go wena di le dintsi:+
-
-
Jeremia 9:21Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
21 Gonne loso lo tsene ka difensetere tsa rona;
Lo tsene mo ditoreng tsa rona tse di sireletsegileng
Gore lo tseye bana kwa mebileng
Le makawana kwa dipatlelong.’+
-
-
Esekiele 24:21Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
21 ‘Raya batho ba Iseraele o re: “Morena Molaodimogolo Jehofa a re, ‘Ke tloga ke dira gore lefelo la me le le boitshepo le se ka la tlhola le nna boitshepo,+ e leng selo se lo ipelafatsang ka sone, selo se lo se ratang le se lo se eletsang thata.* Bomorwaalona le bomorwadialona ba lo ba tlogetseng kwa morago ba tla bolawa ka tšhaka.+
-