-
1 Dikgosi 14:22, 23Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
22 Mme Juda e ne e dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa,+ mme maleo a ba neng ba a dira a ne a mo galefisa thata go feta kafa borraabonemogolo ba neng ba dira ka gone.+ 23 Le bone ba ne ba nna ba ikagela mafelo a a kwa godimo a a boitshepo, dipilara tse di boitshepo le dikota tse di boitshepo*+ mo thoteng nngwe le nngwe e e kwa godimo+ le ka fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se segolo.+
-
-
Esekiele 6:13Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
13 Mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Jehofa,+ fa ba ba bolailweng ba bone ba tla bo ba rapaletse mo gare ga medingwana ya bone e e ferosang sebete, go dikologa dibeso tsa bone,+ mo godimo ga thota nngwe le nngwe e e goletseng kwa godimo, mo ditlhoeng tsotlhe tsa dithaba, ka fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se segolo le ka fa tlase ga dikala tsa ditlhare tse dikgolo kwa ba neng ba ntsha ditlhabelo tse di nkgang monate* gone gore ba itumedise medingwana yotlhe ya bone e e ferosang sebete.+
-