-
Jeremia 28:15, 16Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
15 Foo moporofeti Jeremia o ne a raya moporofeti Hanania+ a re: “Tsweetswee, Hanania reetsa! Jehofa ga a go roma, mme wena o dirile gore batho bano ba ikanye maaka.+ 16 Ka jalo, Jehofa a re, ‘Ke tlile go go bolaya. Mo ngwageng ono o tlile go swa, ka gonne o tlhotlheleditse batho gore ba tlhanogele Jehofa.’”+
-
-
Esekiele 13:8, 9Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
8 “‘Ka jalo, seno ke se Morena Molaodimogolo Jehofa a se buang: “‘E re ka lo buile se se seng boammaaruri e bile diponatshegelo tsa lona e le tsa maaka, ke tlhabana le lona,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.”+ 9 Ke tla otlolola seatla sa me ke bo ke otlhaya baporofeti ba diponatshegelo tsa bone di seng boammaaruri le ba ba buang dipolelelopele tsa maaka.+ Ga ba kitla ba nna bangwe ba batho ba ke atamalaneng thata le bone; e bile ga ba kitla ba kwalwa mo lenaaneng la maina a batho ba Iseraele; e bile ga ba kitla ba boela kwa lefatsheng la Iseraele; mme lo tla tshwanelwa ke go itse gore ke nna Morena Molaodimogolo Jehofa.+
-