-
Genesise 32:24-26Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
24 La bofelo Jakobe o ne a sala a le nosi. Foo monna mongwe o ne a simolola go sokasokana le ene go fitlha ka masa.+ 25 E rile a bona gore ga a mo fenye, o ne a tshwara malokololo a nôka ya ga Jakobe; mme nôka ya gagwe ya tswa mo lefelong la yone fa a ntse a sokasokana le ene.+ 26 Morago ga moo, monna yono o ne a raya Jakobe a re: “Ntlogele ke tsamaye ka gonne bo sele.” Foo ene a re: “Nka se go tlogele o tsamaya go fitlha o ntshegofatsa.”+
-