-
Genesise 10:8Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
8 Kushe o ne a nna rraagwe Nimerode. Nimerode o ne a nna motho wa ntlha go nna le maatla mo lefatsheng.
-
-
Genesise 11:1, 2Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
11 Jaanong batho botlhe mo lefatsheng ba ne ba bua puo e le nngwe fela le mafoko a le mangwe fela. 2 Fa ba ntse ba ya ntlheng ya botlhaba, ba ne ba bona lebala mo lefatsheng la Shinare+ mme ba aga mo go lone.
-
-
Daniele 1:2Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
2 Fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa o ne a tsenya Kgosi Jehoiakime wa Juda mo seatleng sa Kgosi Nebukadenesare+ mmogo le dilwana dingwe tsa ntlo* ya Modimo wa boammaaruri, mme o ne a di isa kwa nageng ya Shinare*+ kwa ntlong* ya modimo wa gagwe. O ne a baya dilwana tseo mo bobolokelamatlotlong jwa modimo wa gagwe.+
-