17 (Seno ke fela jaaka go kwadilwe go twe: “Ke go tlhomile gore o nne rre wa ditšhaba di le dintsi.”)+ Aborahame o ne a na le tumelo e e ntseng jalo mo Modimong, Ene yo o tsosang baswi le yo o buang ka dilo tse di iseng di nne teng jaaka e kete di teng.