-
Bagalatia 5:19-21Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
-
-
19 Jaanong ditiro tsa mmele o o nang le boleo, di kgona go bonala sentle. Ditiro tseo ke boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo,*+ boitshekologo,* boitshwaro jo bo repileng jwa go sa kgathale,*+ 20 kobamelo ya medingwana,+ go dirisana le badimo,* go nna setlhogo, dikgogakgogano, go boloka sekgopi, go phatloga ka bogale, manganga, dikgaogano, makoko, 21 lefufa, botagwa,+ meletlo ya botlhapelwa, le dilo tse di tshwanang le tseno.+ Ke lo tlhagisa go sa le pele ka dilo tseno, ka tsela e ke setseng ke lo tlhagisitse ka yone, gore ba ba dirang dilo tseo ga ba kitla ba rua Bogosi Jwa Modimo.+
-