Baatlhodi
2 Go tswa foo, moengele wa ga Jehofa+ o ne a tswa kwa Gilegala+ a ya kwa Bokime mme a re: “Ke ne ka lo ntsha kwa Egepeto ka lo tlisa mo lefatsheng le ke neng ka le ikanela borraalonamogolo.+ Mo godimo ga moo, ke ne ka re, ‘Le ka motlha nka se tlole kgolagano ya me le lona.+ 2 Mme le lona, ga lo a tshwanela go dira kgolagano le banni ba lefatshe+ leno e bile lo senye dibeso+ tsa bone.’ Le fa go ntse jalo, ga lo a ikobela lentswe+ la me. Ke ka ntlha yang fa lo dirile selo seno? 3 Ke gone ka moo le nna ke neng ka re, ‘Ga nkitla ke ba leleka fa pele ga lona,+ mme ba tla nna serai mo go lona,+ e bile ba tla lo faposa gore lo obamele medimo ya bone.’”+
4 Fa moengele wa ga Jehofa a bolelela Baiseraele botlhe mafoko ano, batho ba ne ba lelela kwa godimo. 5 Ka jalo, ba ne ba bitsa lefelo leo Bokime,* mme ba ntshetsa Jehofa setlhabelo mo go lone.
6 E rile Joshua a sena go naya batho tsela, mongwe le mongwe wa Baiseraele o ne a ya kwa bosweng jwa gagwe gore a ye go rua lefatshe.+ 7 Batho ba ne ba tswelela ba direla Jehofa malatsi otlhe a ga Joshua le malatsi otlhe a bagolwane ba ba tshetseng morago ga ga Joshua le ba ba neng ba itse ditiro tsotlhe tse Jehofa a neng a di diretse Baiseraele.+ 8 Morago ga moo, Joshua morwa Nune, motlhanka wa ga Jehofa, o ne a swa a na le dingwaga di le 110.+ 9 Ka jalo, ba ne ba mo fitlha mo karolong ya naga e e leng boswa jwa gagwe kwa Timenathe-herese+ mo kgaolong e e dithaba ya Eferaime, kwa bokone jwa Thaba ya Gaashe.+ 10 Kokomana eo yotlhe e ne ya phuthelwa kwa go borraayonemogolo,* mme go ne ga tsoga kokomana e nngwe morago ga bone e e neng e sa itse Jehofa kgotsa se a neng a se diretse Baiseraele.
11 Ka jalo, Baiseraele ba ne ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa mme ba direla* Bobaale.+ 12 Seo se ne sa dira gore ba tlogele Jehofa, Modimo wa borraabone, yo o ba ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto.+ Mme ba ne ba sala medimo e mengwe morago, medimo ya ditšhaba tse di neng di ba dikologile+ mme ba ne ba e ikobela ba bo ba kgopisa Jehofa.+ 13 Ba ne ba tlogela Jehofa mme ba direla Baale le ditshwantsho tsa ga Ashethorethe.+ 14 Foo bogale jwa ga Jehofa bo ne jwa tukela Baiseraele, ka jalo o ne a ba tsenya mo diatleng tsa baba ba bone ba ba neng ba ba tlhasela ba bo ba gapa dilo tsa bone.+ O ne a ba tsenya* mo seatleng sa baba ba ba ba dikologileng,+ mme ba ne ba sa tlhole ba kgona go emelana le baba ba bone.+ 15 Gongwe le gongwe kwa ba neng ba ya teng, Jehofa o ne a ba tlhanogela, mme a ba tlisetsa masetlapelo,+ fela jaaka Jehofa a ne a buile le fela jaaka Jehofa a ne a ba ikanetse,+ mme ba ne ba le mo matshwenyegong a magolo.+ 16 Ka jalo, Jehofa o ne a nna a tlhoma baatlhodi ba ba neng ba ba golola mo seatleng sa baba ba bone.+
17 Le fa go ntse jalo, ba ne ba gana go reetsa le bone baatlhodi bao mme ba ne ba tle ba direle medimo e mengwe ba bo ba e ikobela. Ba ne ba fapoga ka bonako mo tseleng e borraabonemogolo ba ba neng ba ikobela ditaelo tsa ga Jehofa,+ ba neng ba tsamaya mo go yone. Ba ne ba palelwa ke go dira jalo. 18 Nako le nako fa Jehofa a ne a ba tlhomela baatlhodi,+ Jehofa o ne a nna a thusa moatlhodi yoo a bo a ba boloka mo seatleng sa baba ba bone malatsi otlhe a moatlhodi yoo; ka gonne Jehofa o ne a tlhotlheletsega go ba utlwela botlhoko*+ ka ntlha ya selelo sa bone se se bakilweng ke bagateledi+ ba bone le ba ba neng ba ba tshwara setlhogo.
19 Mme fa moatlhodi a ne a swa, ba ne ba boa ba dira bosula gape go feta borraabone ka go latela medimo e mengwe, ba e direla e bile ba e ikobela.+ Ga ba a ka ba tlogela mekgwa ya bone le boitshwaro jwa bone jwa botlhogoethata. 20 La bofelo bogale jwa ga Jehofa bo ne jwa tukela Baiseraele+ mme o ne a re: “E re ka setšhaba seno se tlodile kgolagano+ ya me e ke neng ka e laela borraabonemogolo e bile se sa inkobela,+ 21 le nna ga nkitla ke leleka setšhaba sepe mo ditšhabeng tsotlhe tse Joshua a di tlogetseng fa a swa.+ 22 Ke tla dira seno go leka Baiseraele mme ke bone gore a ba tla boloka tsela ya ga Jehofa+ ka go tsamaya mo go yone fela jaaka borraabone ba ne ba dira.” 23 Ka jalo, Jehofa o ne a letla ditšhaba tseno gore di tswelele di le teng. O ne a se ka a di leleka ka bonako e bile o ne a se ka a di tsenya mo seatleng sa ga Joshua.