Samuele wa Bobedi
5 Fa nako e ntse e tsamaya, ditso tsotlhe tsa Iseraele di ne tsa tla kwa go Dafide kwa Heberone+ mme tsa re: “Re lerapo la gago le nama ya gago.*+ 2 Mo nakong e e fetileng fa Saulo e ne e le kgosi ya rona, ke wena yo o neng o etelela Iseraele pele mo matsholong a yone.*+ Mme Jehofa o ne a go raya a re: ‘O tla disa batho ba me ba Iseraele, e bile o tla nna moeteledipele wa Iseraele.’ ”+ 3 Ka jalo, bagolwane botlhe ba Iseraele ba ne ba tla kwa kgosing kwa Heberone, mme Kgosi Dafide o ne a dira kgolagano le bone+ kwa Heberone fa pele ga ga Jehofa. Go tswa foo, ba ne ba tlotsa Dafide gore a nne kgosi ya Iseraele.+
4 Dafide o ne a na le dingwaga di le 30 fa a nna kgosi, mme o ne a busa dingwaga di le 40.+ 5 O ne a busa Juda a le kwa Heberone dingwaga di le 7 le dikgwedi di le 6, mme kwa Jerusalema+ o ne a busa Iseraele yotlhe le Juda dingwaga di le 33. 6 Mme kgosi le banna ba yone ba ne ba ya kwa Jerusalema gore ba ye go tlhasela Bajebuse+ ba ba neng ba nna mo lefatsheng leo. Ba ne ba kgoba Dafide ba re: “Ga o kitla o tsena fano! Tota le difofu le digole di tla go lelekisa.” Ba ne ba akanya gore, ‘Dafide ga a kitla a tsena foo.’+ 7 Le fa go ntse jalo, Dafide o ne a gapa motse o o sireletsegileng wa Siona, o moragonyana o neng wa bidiwa Motse wa ga Dafide.+ 8 Ka jalo, Dafide o ne a bua jaana mo letsatsing leo: “Ba ba tlhaselang Bajebuse ba tshwanetse go tsena ka mosele wa metsi gore ba ye go kgemetha ‘digole le difofu,’ tse Dafide a di tlhoileng!” Ke gone ka moo go tweng: “Sefofu le segole ga di kitla di tsena mo ntlong.” 9 Go tswa foo, Dafide o ne a nna mo motseng oo o o sireletsegileng, mme o ne wa bidiwa* Motse wa ga Dafide; mme Dafide o ne a simolola go aga gotlhe fela go tswa kwa Thoteng*+ go ela mo gare ga motse.+ 10 Ka jalo, Dafide o ne a nna a nonofa le go feta,+ mme Jehofa, Modimo wa masomosomo o ne a na le ene.+
11 Kgosi Hirame+ wa Ture o ne a romela barongwa kwa go Dafide, le dikota tsa mosedara,+ babetli ba logong le babetli ba maje a a dirisiwang go aga dipota, mme ba ne ba simolola go agela Dafide ntlo.*+ 12 Mme Dafide o ne a lemoga gore Jehofa o ne a mo nonotshitse thata gore a nne kgosi ya Iseraele+ le gore o ne a godisitse bogosi jwa gagwe+ ka ntlha ya batho ba Gagwe ba Iseraele.+
13 Dafide o ne a nyala bagadingwana+ le basadi ba bangwe gape mo Jerusalema fa a sena go tswa kwa Heberone, mme Dafide o ne a tsholelwa bana ba bangwe gape ba basimane le ba basetsana.+ 14 Ano ke maina a barwa ba a neng a ba tsholelwa kwa Jerusalema: Shammua, Shobabe, Nathane,+ Solomone,+ 15 Ibehare, Elishua, Nefege, Jafia, 16 Elishama, Eliada le Elifelete.
17 Fa Bafilisitia ba utlwa gore Dafide o ne a tloditswe gore a nne kgosi ya Iseraele,+ Bafilisitia botlhe ba ne ba tla go batla Dafide.+ E rile Dafide a utlwa ka gone, o ne a ya kwa lefelong le le sireletsegileng.+ 18 Foo Bafilisitia ba ne ba tla mme ba gasama mo Mokgatšheng* wa Refaime.+ 19 Dafide o ne a botsa Jehofa,+ a re: “A ke ye go tlhasela Bafilisitia? A o tla ba tsenya mo seatleng sa me?” Foo Jehofa o ne a raya Dafide a re: “Tsamaya, ka gonne ruri ke tla tsenya Bafilisitia mo seatleng sa gago.”+ 20 Ka jalo, Dafide o ne a ya kwa Baale-perasime, mme o ne a ba kgemetha gone koo. Foo o ne a re: “Jehofa o thubagantse baba ba me+ fa pele ga me, fela jaaka phatlha e e dirilweng ke metsi.” Ke gone ka moo a neng a bitsa lefelo leo Baale-perasime.*+ 21 Bafilisitia ba ne ba tlogela medingwana ya bone gone foo, mme Dafide le banna ba gagwe ba ne ba e tsaya.
22 Moragonyana Bafilisitia ba ne ba tlhatloga gape mme ba gasama mo Mokgatšheng* wa Refaime.+ 23 Dafide o ne a botsa Jehofa, mme Ene o ne a re: “O se ka wa ya kwa go bone ka tlhamalalo. Go na le moo, dikologa o ye kwa morago ga bone, mme o ba tlhasele o tswa kwa pele ga ditlhatshana tsa bakha. 24 Mme fa o utlwa modumo wa go gwanta mo godimo ga ditlhatshana tsa bakha, foo o dire ka bonako, ka gonne Jehofa o tla bo a dule a le kwa pele ga gago gore a kgemethe masole a Bafilisitia.” 25 Ka jalo, Dafide o ne a dira fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse, mme o ne a kgemetha Bafilisitia+ go simologa kwa Geba+ go ya go fitlha kwa Gesere.+