Dipesalema
Pina ya ga Asafe.+
79 Wena Modimo, ditšhaba di tlhasetse boswa jwa gago;+
Di leswafaditse tempele ya gago e e boitshepo;+
Di dirile Jerusalema mokoa wa marope.+
2 Di neile dinonyane tsa magodimo ditopo tsa batlhanka ba gago gore e nne dijo tsa tsone
E bile di neile dibatana tsa lefatshe nama ya batho ba gago ba ba ikanyegang.+
3 Di tsholotse madi a bone jaaka metsi go dikologa Jerusalema,
Mme ga go na ope yo o setseng yo o ka ba fitlhang.+
4 Re fetogile sengwe sa go kgobiwa mo baagelaning ba rona;+
Batho ba ba re dikologileng ba a re sotla e bile ba re ja ditshego.
5 Ao tlhe Jehofa, o tla shakgala ka lobaka lo lo kae? Ka bosakhutleng?+
Bogale jwa gago bo tla tuka jaaka molelo ka lobaka lo lo kae?+
6 Tshololela bogale jwa gago mo ditšhabeng tse di sa go itseng
Le mo magosing a a sa bitseng leina la gago.+
7 Gonne ba fedisitse ditlogolwana tsa ga Jakobe
E bile ba sentse naga ya gagwe.+
8 O se ka wa re iteela melato ya borraaronamogolo.+
Potlakela go re bontsha kutlwelobotlhoko,+
Gonne re koafetse thata.
9 Re thuse, tlhe Modimo wa poloko ya rona,+
Ka ntlha ya leina la gago le le galalelang;
Re golole o bo o re itshwarele* maleo a rona ka ntlha ya leina la gago.+
10 Goreng ditšhaba di tshwanetse go re: “Modimo wa bone o kae?”+
E kete re ka bona fa o tla bo o dira gore ditšhaba di itse
Gore o otlhaile ba ba bolaileng batlhanka ba gago.+
11 E kete o ka utlwa selelo sa legolegwa.+
Dirisa maatla* a gago a magolo go boloka* ba ba atlholetsweng loso.*+