THUTO 51
Go Bolokilwe Nako, E Boleele jo bo Lekaneng
LE MORORO o tshwanetse go ela tlhoko thata tsela ya gago ya go ruta, o tshwanetse go ela tlhoko gape gore o boloka nako fa o beile dipuo. Dipokano tsa rona di beetswe nako e di tshwanetseng go simolola ka yone le go konelwa ka yone. Botlhe ba ba nang le seabe mo thulaganyong ba tlhoka go dirisana mmogo gore seno se fitlhelelwe.
Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, tsela e batho ba neng ba leba botshelo ka yone e ne e sa tshwane le e batho ba bo lebang ka yone mo mafelong a le mantsi gompieno. Fa go buiwa ka nako, go ne go akanyediwa nako ka go dirisa mafoko a a jaaka “mo e ka nnang ka ura ya boraro” kgotsa “mo e ka nnang ka ura ya bolesome.” (Math. 20:3-6; Joh. 1:39) Ba ne ba batla ba sa tshwenyege ka go beela ditiro tsa letsatsi le letsatsi nako e di neng di tshwanetse go dirwa ka yone. Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe gompieno, nako e sa ntse e lejwa jalo.
Le fa go ntse jalo, le fa ditlwaelo tsa mo lefelong la lona kgotsa tsela e motho a dirang dilo ka yone e ka dira gore ba bangwe ba se ka ba tshwenyega go le kalo ka nako, re ka solegelwa molemo ke go ithuta go e boloka ka tsela e e tshwanetseng. Fa batho ba le mmalwa ba abetswe dipuo mo thulaganyong, mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse go boloka nako e e beetsweng puo ya gagwe. Molaomotheo o o reng “a dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo” o ka dirisiwa sentle mo dipuong tse re di abetsweng tsa phuthego.—1 Bakor. 14:40.
Go Boloka Nako Sentle. Go baakanyetsa go botlhokwa. Gantsi dibui tse di sa bolokeng nako ke tse di sa baakanyetsang sentle. Ba ka tswa ba itshepa thata. Kgotsa ba ka nna ba bo ba baakanyetsa ka motsotso wa bofelo. Gore o boloke nako sentle o tshwanetse go tsaya kabelo ya gago e le ya botlhokwa le go iketleeletsa go e baakanyetsa sentle.
A o abetswe go bala? Simolola pele ka go bala Dithuto 4 go ya go 7 tse di buang ka go bua ka thelelo, go kgwa moya, go gatelela kgopolo le go gatelela dintlha tsa konokono. Fa o fetsa, dirisa kgakololo eo fa o ntse o balela dintlha tsa puo e o e abetsweng kwa godimo. Leba gore o dirisa nako e e kana kang. A go tlhokega gore o bale ka bonakonyana gore o fetse mo nakong e o e beetsweng? Oketsa lobelo mo dikarolong tse di seng botlhokwa thata, mme o bo o tswelela go kgwa moya le go bala ka iketlo gore o gatelele dintlha tse di botlhokwa. Ikatise gangwe le gape. Fa o ntse o tokafatsa tsela e o balang ka yone ka thelelo, o tla kgona go laola nako ya gago motlhofo fa o ntse o bala.
A o tla bo o bua o dirisa dintlha tse di kwadilweng? Go tlhomamisa gore o boloka nako ga go tlhokege gore o kwale dintlha tse ditelele thata tse di batlang di tshwana le puo e e balwang. Fa o ne o berekela mo go Thuto 25, o ne wa ithuta tsela e e botoka ya go di dirisa. Gakologelwa dintlha tseno tse tlhano: (1) Baakanyetsa dintlha tse di molemo, mme e seng tse dintsi. (2) Dira gore o itse dintlha tsa botlhokwa, mme o se ka wa tshwara diele ka tlhogo. (3) Tshwaya mo aotlelaeneng ya gago gore o tla dirisa nako e kana kang mo karolong nngwe le nngwe ya puo ya gago kgotsa gore go tshwanetse ga bo go fetile nako e kana kang fa o fitlha mo dintlheng dingwe. (4) Fa o ntse o baakanyetsa, leka go bona gore ke dintlha dife tse o ka nnang wa di tlogela fa o siiwa ke nako. (5) Ikatisetse tsela e o tla neelang puo ya gago ka yone.
Go botlhokwa go nna o boaboeletsa puo ya gago. Fa o ntse o dira jalo, ela tlhoko nako e e beetsweng karolo nngwe le nngwe ya puo ya gago. Boeletsa puo ya gago gangwe le gape go fitlha o kgona go e neela yotlhe mo nakong e o e beetsweng. O se ka wa leka go dirisa dintlha di le dintsi thata mo nakong e nnye. Dira gore o salelwe ke metsotso e le mmalwa ka gonne go neela puo fa pele ga bareetsi go ka nna ga tsaya lobakanyana go na le fa o ikatisa o le esi.
Karolo Nngwe le Nngwe e Nne Boleele jo bo Lekaneng. Go boloka nako go amana thata le go dira gore karolo nngwe le nngwe ya puo e nne boleele jo bo lekaneng. O tshwanetse go dirisa nako e ntsi o neela mmele wa puo. Ke one o o tshwereng dintlha tsa botlhokwa tsa thuto. Matseno a tshwanetse go nna boleele jo bo lekaneng gore o fitlhelele dilo di le tharo tse go tlotlilweng ka tsone mo go Thuto 38. Mmele wa puo ga o a tshwanela go nna moleele thata mo go tla dirang gore o se ka wa nna le nako e e lekaneng ya go konela ka tsela e e molemo, tumalanong le Thuto 39.
Maiteko a gago a go boloka nako a tla felela ka gore o neele puo e e molemo e bile a tla bontsha gore o tlotla ba bangwe ba ba nang le dipuo mo thulaganyong le gore o tlotla phuthego yotlhe.