KGAOLO 38
Lebaka La go Bo re Tshwanetse go Rata Jesu
AKANYA o le mo mokorong o o nwelang. A o ne o ka batla gore mongwe a go thuse?— O ne o ka reng fa mongwe a ne a ka ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo gore a go thuse?— Seo ke sone se Jesu Keresete a neng a se dira. Jaaka re ithutile mo go Kgaolo 37, o ne a ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo gore re tle re bolokwe.
Mme gone Jesu ga a re boloke gore re se ka ra nwela. O re boloka mo go eng? A o a gakologelwa?— O re boloka mo boleong le mo losong tse rotlhe re di ruileng go tswa mo go Adame. Le fa batho bangwe ba dirile dilo tse di maswe thata, le bone Jesu o ba swetse. A o ne o ka baya botshelo jwa gago mo kotsing go leka go boloka batho ba ba ntseng jalo?—
Baebele ya re: “Ga go motlhofo gore mongwe a swele motho yo o siameng; eleruri, motho yo o molemo ene, gongwe mongwe o nna le bopelokgale jwa go mo swela.” Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa gore Jesu “o ne a swela batho ba e seng ba bomodimo.” Batho bao ba akaretsa le batho ba ba sa direleng Modimo! Baebele e tswelela ka gore: “Fa re ne re sa ntse re le baleofi [re sa ntse re dira dilo tse di bosula], Keresete o ne a re swela.”—Baroma 5:6-8.
A o itse moaposetoloi yo o kileng a bo a dira dilo tse di bosula thata?— Moaposetoloi yoo o ne a kwala jaana: “Keresete Jesu o ne a tla mo lefatsheng go boloka baleofi. Mo go bano ke kwa pelepele.” Moaposetoloi yo o neng a rialo ke Paulo. O ne a re o kile a bo a “se na tlhaloganyo” e bile a tswelela “mo bosuleng.”—1 Timotheo 1:15; Tito 3:3.
Akanya fela kafa Modimo a neng a rata batho ka teng fa a ne a romela Morwawe gore a swele batho ba ba ntseng jalo! Tsaya Baebele ya gago mme o bale ka seno mo go Johane kgaolo 3, temana 16. Ya re: “Gonne Modimo o ratile lefatshe [ke gore, batho ba ba nnang mo lefatsheng] mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”
Jesu o ne a bontsha gore o re rata ka tsela e e tshwanang le e Rraagwe a re ratang ka yone. O ka nna wa gakologelwa gore mo go Kgaolo 30 ya buka eno, re bala ka dilo dingwe tse di botlhoko tse di ileng tsa diragalela Jesu mo bosigong jo a neng a tshwarwa ka jone. O ne a isiwa kwa legaeng la Moperesiti yo Mogolo Kaiafase, mme a sekisiwa koo. Go ne ga tlisiwa basupi ba maaka ba ba neng ba bua maaka ka Jesu, mme batho ba ne ba mo itaya ka mabole. Ke yone nako e Petere a neng a itatola Jesu ka yone. Jaanong a re tseye gore re gone koo mme re bona se sengwe se se diregang.
Ke mo mosong. Jesu o ne a ntse bosigo jotlhe a sa robala. Ka gonne tsheko e ba neng ba e tshwere bosigo e ne e se kafa molaong, baperesiti ba ne ba kopanya Sanehederine, kana kgotlatshekelokgolo ya Bajuda, mme ba tshwara tsheko e nngwe. Gape fa ba le koo ba latofatsa Jesu ka melato e ba reng o e diretse Modimo.
Go tswa foo baperesiti ba tshwara Jesu, mme ba mo isa kwa go Pilato, mmusi wa Roma. Ba raya Pilato ba re: ‘Jesu o kgatlhanong le puso. O tshwanetse go bolawa.’ Mme Pilato o bona gore baperesiti ba bua maaka. Ka jalo Pilato o ba raya a re: ‘Ga ke bone phoso mo monneng yono. Ke tla mo golola.’ Mme baperesiti le batho ba bangwe ba goeletsa ba re: ‘Nnyaa! Mmolaye!’
Morago ga moo, Pilato o leka gape go bolelela batho gore o tlile go golola Jesu. Mme baperesiti ba dira gore boidiidi jwa batho ba goe ba re: ‘Fa o mo golola, le wena o tla bo o le kgatlhanong le puso! Mmolaye!’ Boidiidi bo tsosa modumo o mogolo. A o itse gore Pilato o dirang?—
O a ineela. O simolola ka go dira gore Jesu a itewe. Go tswa foo o mo neela masole gore a bolawe. Ba rwesa Jesu serwalo sa mitlwa mme ba mo sotla ka go obama fa pele ga gagwe. Mme ba naya Jesu kota, gore a e tshole ba bo ba mo isa kwa lefelong lengwe le le bidiwang Felo ga Logata kwa ntle ga motse. Ba kokotela diatla le dinao tsa ga Jesu mo koteng. Go tswa foo ba emisa kota gore Jesu a akgege mo go yone. O dutla madi. O utlwa botlhoko jo bogolo thata.
Jesu ga a swe gone fela foo. O lepelela mo koteng. Baperesiti ba bagolo ba a mo tshega. Mme batho ba ba fetang ka tsela ba re: “Fa e le gore o morwa Modimo, fologa mo koteng ya tlhokofatso!” Mme Jesu o itse se Rraagwe a mo rometseng sone. O itse gore o tshwanetse go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng gore re tle re bulegelwe ke sebaka sa go bona botshelo jo bo sa khutleng. La bofelo, ka ura ya boraro motshegare, Jesu o goela kwa go Rraagwe a bo a swa.—Mathaio 26:36–27:50; Mareko 15:1; Luke 22:39–23:46; Johane 18:1–19:30.
Jesu o ne a farologane thata le Adame! Adame o ne a sa rate Modimo. Ga a ka a utlwa Modimo. E bile Adame ga a ka a re bontsha lorato. Ka gonne a leofile, rotlhe re tsholetswe mo boleong. Mme Jesu o bontshitse gore o rata Modimo le gore le rona o a re rata. O ne a utlwa Modimo ka metlha. Mme o ne a ntsha botshelo jwa gagwe gore a tle a tlose botlhoko jo Adame a re tliseditseng jone.
A o lebogela selo se se molemo se Jesu a se dirileng?— Fa o rapela Modimo, a o mo lebogela go bo a re neile Morwawe?— Moaposetoloi Paulo o ne a anaanela se Keresete a se mo diretseng. Paulo o ne a kwala gore Morwa Modimo “o nthatile a ba a ineela ka ntlha ya me.” (Bagalatia 2:20) Jesu o go swetse, le nna o ntshwetse. O ne a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng gore re bone botshelo jo bo sa khutleng! Ruri leo ke lebaka le legolo la go bo re tshwanetse go rata Jesu.
Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete kwa motseng wa Korintha a re: “Lorato lo Keresete a nang le lone lo a re tlhotlheletsa.” Lorato lwa ga Keresete lo tshwanetse go re tlhotlheletsa go dirang? O akanyang?— Utlwa gore Paulo o araba a reng: “Keresete o swetse batho botlhe gore ba Mo tshelele. Ga ba a tshwanela go itshelela.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona; 2 Bakorintha 5:14, 15, New Life Version.
A o ka akanya ka ditsela tse o ka bontshang ka tsone gore o tshelela go itumedisa Keresete?— Tsela nngwe ke ka go bolelela ba bangwe se o ithutileng sone ka ene. Kgotsa akanya ka seno: Gongwe o nosi, mme batsadi ba gago ga ba kgone go bona se o se dirang, le batho ba bangwe ga ba go bone. A o tla leba dithulaganyo tsa thelebishene kgotsa dilo dingwe mo khomputareng tse o itseng gore di ka se itumedise Jesu?— Gakologelwa gore jaanong Jesu o a tshela e bile o kgona go bona sengwe le sengwe se re se dirang!
Lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go rata Jesu ke gore re batla go etsa Jehofa. Jesu o ne a re: ‘Rara o a nthata.’ A o itse gore ke ka ntlha yang fa a rata Jesu le gore ke ka ntlha yang fa le rona re tshwanetse go rata Jesu?— Ke ka gonne Jesu o ne a iketleeleditse go swa gore go dirwe thato ya Modimo. (Johane 10:17) Ka jalo a re direng seno se Baebele e reng re se dire: “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang, lo bo lo tswelele lo tsamaya mo loratong, fela jaaka Keresete le ene a ne a lo rata a ba a ineela ka ntlha ya lona.”—Baefeso 5:1, 2.
Gore o tle o anaanele Jesu le se a re diretseng sone, tsweetswee bala Johane 3:35; 15:9, 10; le 1 Johane 5:11, 12.