A O A Gakologelwa?
A o ile wa akanya thata ka ditokololo tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa e le gore go ntse jalo, o tlile go fitlhela go kgatlha tota go gakologelwa dintlha tse di latelang:
◻ Rekoto ya Bibela ya dintwa tsa ga Jehofa e re dira gore re lebe “sepitla se segolo” jang re sa boife? (Mathaio 24:21)
Jehofa o ile a supa gore o kgona go akanya ka bonako go gaisa baba ba gagwe le go fetola maemo gore a boloke batho ba gagwe, nako le nako fela fa a laola dilo.—8/15, tsebe 27.
◻ Batsadi ba tshwanetse ba iketleetsa go dira eng gore go nne go na le puisano fa gare ga bone le bana ba bone?
Batsadi ba tshwanetse ba nna le nako ya go nna le bana ba bone. Gape, ba tshwanetse ba iketleetsa go intshetsa bana ba bone setlhabelo gore ditlhaloganyo, mebele, le bomoya jwa bone di gole.—9/1, tsebe 22.
◻ Go fetoga ponalo ga ga Jesu go kaya eng mo go rona gompieno? (Mareko 9:2-4)
Go fetoga ponalo go ka dira gore re dumele lefoko la ga Jehofa la seperofeti ebile go ka nonotsha go dumela ga rona mo go Jesu Keresete jaaka Morwa Modimo le Mesia yo o solofeditsweng. Go ka nonotsha gape le go dumela gore Jesu o ne a tsosiwa jaaka setshedi sa semoya le go oketsa tumelo ya rona mo pusong ya Modimo.—9/15, tsebe 23.
◻ “Ka lobakanyana” e e mo go Isaia 11:6, (NW) e kaya eng?
Temana eno fa e ranolwa ka kelotlhoko e bontsha gore phiri le kwanyana ga di kitla di nna mmogo ka metlha mo lefatsheng le lesha. Go lebega gore diphologolo tse di ntseng jalo di santse di tla nna le mafelo a di tshelang mo go one a a sa tshwaneng le a tse dingwe mme ka jalo di tla nna di farologanngwa go ya ka ditlhopha tsa tsone tsa ‘dikgomo [diruiwa tsa mo gae] le dibatana tsa naga’ jaaka go ne go ntse kwa Paradaiseng kwa tshimologong. (Genesise 1:24) Lefa go ntse jalo, diphologolo di tlile go nna ka kagiso le tse dingwe, di tla kgona go nna mmogo fela di sa utlwisane botlhoko.—9/15, tsebe 31.
◻ Sekopololo sa konokono sa go bona Bokeresete jwa mmatota ke sefe?
Lorato ke sone sekopololo sa go bona Bokeresete jwa mmatota. Tumelo, ditiro le botsalano jo bo siameng di botlhokwa le tsone, mme fa lorato lo seyo ga go kgonege gore go bonwe botlhokwa jwa tsone. Seno se ntse jalo gonne Jehofa ke Modimo wa lorato. (1 Bakorintha 13:1-3; 1 Yohane 4:8)—10/1, tsebe 20.
◻ A polelwana e e reng “motlha oa go tsalwa, le motlha oa go shwa” e e mo go Moreri 3:2 e tshegetsa kgopolo ya gore Modimo o tlhoma go sa le gale nako e re tlileng go swa ka yone?
Nnyaa. Solomone o ne a tlotla fela ka modikologo o o tswelelang wa botshelo le loso oo o diragalelang batho ba ba sa itekanelang. Moreri 7:17 e bolela jaana: “U se ka ua nna boikèpō yoa mo go heteletseñ, le gōna u se nne boeleele: ana u ka bo u shwèlañ e e se e nne motlha oa gago.” Tota kgakololo eno e ne e ka nna le mosola ofe fa e le gore nako e motho a tlileng go swa ka yone e setse e tlhomilwe go sale gale?—10/15, ditsebe 5-6.
◻ Ke mabaka afe a a ganetsang gore moaposetoloi Petere ke bishopo wa ntlha wa Roma?
Ga go na bosupi bope jwa gore Petere o kile a etela kwa motsemogolong wa Roma; kana gone gore Petere ka motlha mongwe o kile a ipitsa sepe fela se se kwa godimo ga gore ke moaposetoloi wa ga Keresete. (2 Petere 1:1)—10/15, tsebe 8.
◻ A go siame gore Bakeresete ba ka romela dithunya kwa phitlhong?
◻ Fa go itsege gore ngwao nngwe (kana mokgabisa mongwe, jaaka sefapaano) e kaya sengwe mo bodumeding mo lefelong la lona, e tshwanetse go tilwa. Ka jalo Bakeresete ga ba kitla ba romela dithunya tse di dirilweng sefapaano kana go di dirisa ka tsela nngwe e ka tlhomamo e kayang sengwe mo bodumeding jwa maaka. Lefa go ntse jalo, ka nako eno mo dinageng tse dintsi, ngwao ya go naya ba bangwe dithunya ka tsela e e sa amaneng le bodumedi e tletsetletse. Bakeresete ba bangwe ba ile ba romela dithunya gore go nne le boitumelo mo pakeng nngwe ya khutsafalo le go supa fa ba tlhomoga pelo.—10/15, tsebe 31.
◻ Ke eng seo ditlhaloso tsa semolao di se phepafatsang ka Tharonngwe?
Di phepafatsa gore thuto ya Tharonngwe ga se kgopolo fela e e motlhofo. Go na le moo, ke setlhopha se se raraaneng tota sa dikgopolo tseo di ileng tsa kopanngwa mo makgolong a mantsi a dingwaga mme ebile di gokagantswe thata. Bakanoki ba bantsi go akaretsa le batho ba ba dumelang thuto ya Tharonngwe, ba dumela gore totatota Bibela ga e rute thuto ya Tharonngwe.—11/1, ditsebe 21-22.
◻ Ke ka ntlha yang fa 29 C.E. e le letlha le le botlhokwa thata mo ditiragalong tsa Bibela?
Gonne baithuti ba Bibela ba kgona go bona gore bodihedi jwa ga Johane bo simologile ka dikgakologo tsa 29 C.E. le gore Johane o ne a kolobetsa Jesu dikgwedi di le thataro moragonyana, ka letlhabula la 29 C.E., ka go kopanya tshedimosetso e e tlhomameng ya Bibela le letlha la semolao la puso ya ga Tiberio.—11/15, tsebe 31.
◻ “Kobamelo” e ne e kaya eng mo bathong ba ba buang Sehebera, mme seno se dira jang mo Basuping ba ga Jehofa gompieno?
Lekaelagongwe la Sehebera le le kayang “kobamelo” le ka ranolwa jaaka “tirelo.” Ka gone mo kgopolong ya Mohebera e ne e kaya tirelo. Ke seo e se kayang mo bathong ba ga Jehofa gompieno, ka jalo selo sa botlhokwa thata se se tshwayang bodumedi jwa boammaaruri ke tirelo e e direlwang Modimo ya go rera.—12/1, tsebe 19.