Dikokelo Fa O Le Molwetsi
“Fa ke ne ke tsena mo kokelong e le lantlha, ka tshoganyetso fela ke ne ka ikutlwa ekete ga e sa tlhole e le nna ke laolang botshelo jwa me, jaaka ekete ke ne ke ile go tlatsa palo fela.”—Marie G.
“Ke gakologelwa nako ya fa ke ya teng e le lantlha ke ya ke le molwetsi. Ke ne ke ikutlwa ke le mo kotsing tota ebile ke sa sireletsega.”—Paula L.
A O SETSE o kile wa ya kwa kokelong o le molwetsi mme wa nna le maikutlo a a bontshitsweng fa godimo? E kane o ile wa nna le one kana nnyaa, o tshwanetse wa dumela gore batho ka bontsi ga ba ke ba akanya thata kaga go nna molwetsi. Lefa go ntse jalo, selo seo se ka go diragalela letsatsi lengwe. Ka sekai, dipego di bontsha gore ka 1987 go ne ga amogelwa motho a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba le supa mo dikokelong kwa United States. Dipalo tsa go nna jalo di a farologana go ralala lefatshe. Lefa go ntse jalo, jaaka motho yo o botlhale, o tshwanetse wa ipaakanyetsa jang tiragalo e e ntseng jalo?
“Tsela e le nngwe fela ya botlhokwatlhokwa eo o ka sireletsang pholo ya gago ka yone ke ka go tlhomamisa gore a go a tlhokafala gore o robadiwe mo kokelong,” go akgela jalo Dr. Sidney Wolfe, e leng mokaedi wa Public Citizen Health Research Group. Go sa kgathalesege gore o nna kae, fa o lwala, o na le tshwanelo ebile go a tlamega gore o itsisiwe boammaaruri kaga bothata jwa gago jwa tsa kalafi. Gantsi ngaka ya gago ka namana e ka nna ya bo e ka kgona go go neela dikarabo tse di kgotsofatsang.
Mme lefa go ntse jalo fa go na le potso epe fela, go akantshiwa gore go utlwiwe maikutlo a motho wa bobedi yo o kwa thoko. Kwa dinageng tse dingwe, ditlamo tsa inšorense di bile di batla maikutlo a motho wa bobedi pele ga fa di ka duelela mefuta mengwe ya dikaro tse dikgolo. Mme go a diragala gore motho a batle maikutlo a mongwe wa boraro gore go rarabololwe dikganetsano tse di malebana le go tlhatlhobiwa ga gagwe le kalafi. Ntlha ya botlhokwa ke e: Go sa kgathalesege gore a go na le maikutlo a motho a le mongwe kana a ba le babedi kana go feta foo, molwetsi yo o botlhale o tsaya nako gore a itirele phetso ya gore a go a tlhokafala le gore a go botlhale gore a amogele kalafi e e akantshitsweng.
Go Robadiwa mo Kokelong ga ka Tshoganyetso
Gone ke boammaaruri, mo maemong a tshoganyetso, go ka nna ga se ka ga nna le nako ya go batla dikakantsho tse di farologaneng tsa kalafi. Molwetsi a ka nna a bo a bile a idibetse fa a isiwa kokelong, a sa kgone go bua kana go kwala. Ka dinako tse dingwe dingaka di tshwanela go tsaya kgato ka potlako, le eleng pele ga fa balosika ba ka bonwa gore go itsiwe dikeletso tsa molwetsi kana gore o rata eng. Maemo a a ntseng jalo a gatelela lebaka la go bo go akanyetsa dilo esale pele le go rulaganya e le ga botlhokwa thata jaana.a
Mo molwetsing yo eleng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, seno se kopanyeletsa gore ka dinako tsotlhe a nne a tshotse Medical Directive/Release Document e e tladitsweng mme e le ya bosheng. Mo karateng eno molwetsi o bolela go sale gale gore o eletsa eng malebana le tlhokomelo ya tsa kalafi mme a neela tshedimosetso e e tlhokafalang gore badiri ba tsa kalafi ba kgone go ikgolaganya le balosika kana ba bangwe ba ba itseng dikeletso tsa gagwe. E re ntswa e ka seke e ame maemo otlhe a a ka nnang teng, karata eno ya botlhokwa e dira jaaka lokwalo lo lo kafa molaong lo lo buang fa wena o sa kgone.
Gape go ka thusa thata fa, mo maemong a tshoganyetso, tsala nngwe e e atamalaneng le wena kana mongwe wa losika yo o itseng kaga se o se batlang le se o se dumelang malebana le tsa kalafi a ka tla kokelong go tla go go ema nokeng. Go sa kgathalesege gore seo se ka kgonagala ka bonako kana nnyaa, karata ya Medical Directive/Release Document e e tladitsweng bosheng jaana e ka thusa ka tsatsi lengwe go dira gore ditshwanelo tsa gago di sirelediwe.
Lefa motho e se modihedi yo o kolobeditsweng wa Basupi ba ga Jehofa mme a sena lokwalo lo, a ka ikwalela (ka motšhine o o tlanyang fa go kgonega) maitlamo a a ntseng jalo. Ano a tshwanetse a bontsha dikeletso tsa gagwe malebana le kalafi ya bongaka, a bolele ditekanyetso dipe tse di teng, mme a kae gore ke mang yo go tshwanetsweng ga ikgolaganngwa le ene fa go na le maemo a tshoganyetso.
Go Tlatsa Diforomo le Maitlamo
Ditshwanelo tsa balwetsi di farologana thata go ralala lefatshe. (Bona lebokose, mo tsebeng 7.) Kwa dinageng dingwe ditshwanelo tseno di ile tsa oketsega thata mo dingwageng tsa bosheng jaana; ngaka ga e a letlelelwa gore e ka dirisa kalafi lefa e ka nna efe kwantle ga tumelelo ya molwetsi, eleng seo gantsi se bontshiwang ka go kwala. Leno ke lengwe la mabaka ao ka one dikokelo di ka nnang tsa nna le diforomo tsa tsone tse ba batlang o di saena. Fa e le gore go ntse jalo kwa o nnang teng, se se latelang se ka thusa.
O tshwanetse gore o bale diforomo tsotlhe ka kelotlhoko thata pele ga fa o di saena ka gonne mosaeno wa gago o raya gore o dumalana le sepe fela se foromo e se buang, o a se dumelela. O seka wa letla ope gore a go potlakisetse gore o saene foromo ya go robadiwa mo kokelong, kana foromo ya go dumelela kalafi, o ise o e bale ka kelotlhoko. Fa o sa dumalane le karolo nngwe ya foromo e e dirisiwang, phimola karolo eo ka go e thala mola mo godimo. Lefa mongwe a ka gana a re ke foromo ya kokelo le gore e ka se ke e fetolwe, lefa go ntse jalo ke tumelano e e kafa molaong, mme o ka seke o tlhokwe gore o saene sepe se o sa dumalaneng le sone. Lemororo o sa batle go lebega o le setatalala, go botlhokwa gore o se ka wa ineela mo kgannyeng eno—o na le tshwanelo ya gore o gane go letlelela karolo lefa e ka nna efe ya foromo.
Kanoka serapa sengwe le sengwe ka kelotlhoko, bogolo jang malebana le go dumelela karo kana go dumelela tiriso ya madi lefa e ka nna efe. Bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba ile ba sala ba gamaregile ka ntlha ya seo ba ileng ba se fitlhela mo foromong ya kokelo e go neng go bolelwa e diretswe bone fela. Lemororo kwa tshimologong e ne e bolela gore dikeletso tsa molwetsi malebana le madi di ne di tla tlotlwa, serapa sengwe sa kwa moragonyana se ne se na le mafoko a go tshwana le ano, ‘Tlase ga maemo a tshoganyetso kana fa ngaka e bona go tlhokafala, e ntse e na le tshwanelo ya gore e ka tshela madi.’ Go feta moo, ereka Lefoko la Modimo le laela Bakeresete gore ba ithibe mo mading, ke tlwaelo e e molemo gore mo dipampiring tsotlhe tse o di fiwang o kwale “No Blood Transfusions [Ga Ke Tshelwe Madi].” (Ditihō 15:28, 29) Seo se tla dira gore badiri botlhe ba itse kemo ya gago ka phepafalo. Boammaaruri ke gore, balwetsi ba palo e e oketsegang ba gana madi ka gonne ba batla go tila kotsi ya gore ba tsenwe ke bolwetsi jwa hepatitis, jwa AIDS, kana a mangwe a a kotsi.b
Balwetsi mo dinageng dingwe ba na le ditshwanelo tsa palo e e kwa tlase ga ya tse di bontshitsweng fa godimo. Go na le mafelo mangwe ao ngaka eleng molao kwa go one, mme balwetsi ke monka ba lejwang jaaka bao e ka dirang seo e se ratang ka bone. Ngaka nngwe e e tswang kwa lefatsheng lengwe la bophirima e ne ya etela morafe mongwe wa Afrika mme ya akgela jaana: “Le gone gape, ke ne ke sa ipaakanyetsa mokgwa oo dingaka le balwetsi ba neng ba dirisana ka one . . . Balwetsi ka bobone ba ne ba se ke ba bua sepe kwantle ga fa ba buisiwa fela. Ba ne ba sa botsolotse dingaka tsa bone.” Lemororo tlwaelo e e ntseng jalo e ne e ka ketefaletsa molwetsi dilo le go feta, Mokeresete yo o botlhale o ntse a ka gatelela—ka tlotlo mme a sa okaoke—gore tshwanelo ya gagwe ya konokono jaaka motho ya gore a ikanyege mo mmeleng wa gagwe le ya gore a nne le seabe mo dipuisanong tse di amang pholo ya gagwe e tshwanetse go tlotlwa.
Go Buisana le Badiri ba tsa Kalafi
Ngaka ya gago e tshwanetse ya nna ene mmueledi wa gago yo mogolo le motswedi wa tshedimosetso; ka jalo, go ka ikaega thata ka gore o tlhophile ngaka ka kelotlhoko go le kana kang. Mokwadi mongwe o akgela jaana: “Lemoga gore dingaka ke batho fela jaaka batho ba bangwe. Ba na le selekanyo se se tletseng sa molemo le bosula [se] rona rotlhe re nang le sone. Dingaka ka bontsi di leka go direla balwetsi ba tsone molemo ka mo ba ka kgonang ka gone, mme ba bangwe ba setse ba na le kgopolo ya gore ba tshwanetse go go direla diphetso. Fa se ngaka ya gago e se dumelang se thulana le se wena o se dumelang kana botho jwa gagwe bo thulana le jwa gago, batla ngaka e nngwe.”
Leka go dira gore dipotso tsa gago di arabiwe ka botlalo le ka tsela e e go kgotsofatsang pele ga fa o ka dumelela kalafi lefa e ka nna efe. (Bona lebokoso, mo tsebeng 8.) Fa go na le sengwe seo o sa se tlhaloganyeng, o se ka wa tlhabiwa ke ditlhong go bua. Kopa gore go tlhalosiwe ka mafoko a a motlhofo, a e seng a tsa kalafi. Gape go ka nna botlhale gore e re lo ntse lo tsweletse ka motlotlo le ngaka, o bo o bontsha gore o anaanela go tswa pelong gore a bo a tlhaloganya kemo ya gago e e theilweng mo dilong tse o di dumelang mo bodumeding jwa gago.
Leka go dira gore o nne le kamano e e botsalano le badiri ba kokelo ba ba dirisanang le wena, ba ba jaaka baoki, ka gonne ba ka kgona ebile ba tshwanetse go go tswa thuso e kgolo mo go go tlhokomeleng le mo goreng o fole. Fa ba tsisa melemo kana dimao, tlhomamisa gore a tota ke tsa gago. Eno ke kgato ya go dira ka botlhale, ka gonne lemororo maikaelelo e ka nna a a molemolemo, diphoso tsone di a direga.
Gongwe badiri ba kokelo ba tla lebega ba tshwaregile thata, mme gakologelwa gore bontsi jwa bone ba tlhophile mofuta ono wa tiro ka gonne ba amega ka batho mme eleruri ba batla go thusa. O ka dirisana mmogo le bone ka go leka go ba bolelela ka phepafalo se o se tlhokang kana se o amegileng ka sone. Ga go na mooki ope (kana ope fela wa badiri) yo o nang le tshwanelo ya go sa go buise sentle, jaaka: “O tla swa fa o sa amogele kalafi eno.” Bega dipuo tse di ntseng jalo lefa e ka nna dife tse di sa tshwanelang kwa batsamaising ba kokelo le go balosika kana mogolwane wa gago; ba ka nna ba tswa ba ka kgona go go buelela.
Go Tweng Fa go Tlhaga Bothata?
Go ile ga nna le dinako dingwe tseo ka tsone, lemororo go dirisitswe dintlha tseno tsotlhe, balwetsi ba ileng ba iphitlhela ba na le tlhokakutlwano e e masisi le tsamaiso ya tsa kalafi. Lemororo boemo jo bo ntseng jalo bo sa ata, o tshwanetse go dira eng fa ka tshoganyetso o iphitlhela o le mo boemong jwa go nna jalo?
Sa ntlha, leka gore o se ka wa tshoga. Gantsi eno ke nako e e bokete mo go botlhe ba ba kopanyelediwang, ba tlaletswe. Ka jalo go ka thusa thata fa o ka wela dibete, wa kgona go akantshana le bone, mme o bontsha tlotlo. Sa bobedi, sekaseka metswedi yotlhe ya tshedimosetso e o ka kgonang go e bona mmogo le go batlana nayo. Kokelo e ka nna ya bo e na le moemedi wa balwetsi yo o ka ikgolaganyang le ene mme wa kopa thuso mo go ene.
Basupi ba ga Jehofa ba dira gore ba ikgolaganye le bagolwane ba bone ba phuthego. Bagakolodi bano ba ba botlhale mme ba na le maitemogelo ba ka nna ba bo ba thusa go senka kokelo nngwe e e nang le tirisanommogo fa e le gore seemo se masisi mo eleng gore o tlhoka go fudusiwa.c Bakeresete ba boammaaruri gape ba gakologelwa gore ba ikaege ka thata ya ga Jehofa Modimo. Tlase ga maemo a a bokete gantsi ga go na tharabololo e le nngwe fela, e e akaretsang gotlhe, mme ka thata ya rona fela, re ka nna ra bo re sa itse gore tota re ka leba kae. Ba le bantsi ba ile ba fitlhela gore fa ba dirile sotlhe seo jaaka batho ba ka kgonang go se dira, go leba kwa Modimong ka thapelo ga go a felela fela ka kgomotso mme gape le ka ditharabololo tseo ba neng ba sa di lebelela.—1 Bakorintha 10:13; Bafilipi 4:6, 7.
Re solofela gore ga o ne o nna le ape a mathata ano, mme lefa go ntse jalo go molemo gore o ipaakanye e sale nako. Gape gakologelwa gore go na le dilo dingwe tseo go solofelwang gore o di dire fa o ntse o robaditswe kwa kokelong. Kokelo ke lefelo le le molemo thata la go bontsha dinonofo tsa Bokeresete tse di jaaka boitshoko, go lebogela bopelonomi jo o bo bontshitsweng, mme bogolo jang go bontsha tebogo mo go bao ba go thusang. Lekwalo le lekhutshwane o le kwalela badiri ba kokelo fa o sena go tswa, kana le eleng mphonyana e potlana e fiwa go bontsha kanaanelo, e tlogela batho ka maikutlo a a molemo a a nnelang ruri. Go robadiwa ga gago kwa kokelong go ka go fa tshono ya go neela bosupi ka boitsholo jwa gago jo bo tlhomang sekao, ka jalo o tlatseletsa mo leineng le le molemo leo Bakeresete ba boammaaruri ba nang le lone fa e le balwetsi.—1 Petere 2:12.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bogologolo tala mokwadi mongwe wa Bibela o ne a kwala seane se se tlhotlheleditsweng seo se tlotlomatsang kafa go akanyetsa dilo esale pele mo go ntseng jalo go leng mosola ka gone: “Motho eo o bonokopela o bōna boshula, me a iphitlhe: me ba ba sa tlhalehañ ba hete hèla, me ba utlwe botlhoko ka gōna.”—Diane 22:3.
b Bona Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang? (1990), e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.
c Jaaka fa go tlhalositswe mo setlhogong se se mo tsebeng 12, Basupi ba ga Jehofa ba na le metswedi e e tlhotlhwakgolo ya thuso malebana le go berekana le mathata a tsa kalafi le badiri ba kokelo.
[Lebokoso mo go tsebe 5]
Fa go Ka Diragala Gore O Robadiwe kwa Kokelong
Tseo o tla di tlhokang fa o robaditswe:
□ 1. Tshola Medical Directive/Release Document ya bosheng kana maitlamo a a kwadilweng, ebile a saennwe ao a bolelang dikeletso tsa gago.
□ 2. Tlhopha ngaka ya gago ka kelotlhoko.
□ 3. Tlhomamisa gore go a tlhokafala gore o robadiwe.
□ 4. Bala diforomo tsa go robadiwa mo kokelong ka kelotlhoko o bo o di tlatse ka kelotlhoko. Fa o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, kwantle ga go diega ikitsise gore o ene.
□ 5. Tla le dilwana tse di tlhokafalang di sekaenyana fela, tse di jaaka toulo, dilo tsa go tlhapa, le se o tla se balang.
□ 6. Tlogela dilwana dipe tsa go ikgabisa kwa gae, bontsi jwa didirisiwa tsa motlakase, le madi a o sa a tlhokeng.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
Ditshwanelo Tsa Molwetsi Tsa Konokono
Fa molwetsi a tsena mo kokelong, ga a tshwanela go tshosiwa ke go bona kafa kokelo e ntseng ka teng mme a bo a akanya gore jaanong ke motho fela yo e seng wa sepe. O na le ditshwanelo tseo bontsi jwa dikokelo le badiri ba tsone ba itumelelang go di tlotla. Ditshwanelo tse di latelang di khutshwafaditswe mme di theilwe mo lenaaneng la tse di lesome go tswa mo bukeng ya How to Stay Out Of the Hospital, e e kwadilweng ke Lila L. Anastas, R.N.d
Molwetsi o na le tshwanelo ya:
1. Go tlhokomelwa ka kelotlhoko le ka tlotlo ke badiri ba ba nang le bokgoni.
2. Gore ngaka ya gagwe e mo fe tshedimosetso e e feletseng mme e le mo nakong malebana le go tlhatlhobiwa ga gagwe, kalafi, le ponelopele ya gore bolwetsi bo tla tswelela jang mme a dira jalo ka mafoko ao molwetsi a ka a tlhaloganyang.
3. Gore ngaka ya gagwe e mo fe tshedimosetso e e tlhokafalang gore a dumele a itse se se tla diragalang pele ga go ka simololwa go dira sepe kana a ka fiwa kalafi epe. Koo go nang le ditsela tse dingwe tse di botlhokwa tsa kalafi gone tse di ka tsewang, molwetsi o na le tshwanelo ya gore a fiwe tshedimosetso kaga ditsela tse di ntseng jalo.
4. Gore a gane kalafi go ya bokgakaleng jo molao o bo letlelelang.
5. Gore malebana le thulaganyo ya tlhokomelo ya gagwe ka namana ya tsa kalafi a akanyediwe thata mme a se ka a bewa mo pontsheng.
6. Gore a lebelele gore ditlhaeletsanyo tsotlhe le direkoto tse di malebana le go tlhokomelwa ga gagwe e tla nna khupamarama.
7. Gore a lebelele gore go ya kafa kokelo e kgonang ka teng, e tshwanetse go tsaya kgato e e bonalang fa molwetsi a kopa go direlwa sengwe kana gore a fudusediwe kwa kokelong e nngwe fa go dumelesega kafa go tsa kalafi.
8. Gore mabapi le go tlhokomelwa ga gagwe a fiwe tshedimosetso e e malebana le kamano epe fela e e leng teng fa gare ga kokelo le makgotla a mangwe a tlhokomelo ya pholo le a thuto.
9. Gore a bolelelwe fa e le gore kokelo e ikaelela go tsenelela kana go dira ditekeletso tse go dirisiwang batho mo go tsone tseo di amang go tlhokomelwa kana go alafiwa ga gagwe.
10. Gore a lebelele gore o tla tswelela a ntse a tlhokomelwa sentle mme a itse e sale nako gore ke dingaka dife tse di ka bonwang le koo di ka bonwang teng.
[Ntlha e e kwa tlase]
d Buka ya The Rights of Patients—The Basic ACLU Guide to Patient Rights (buka ya American Civil Liberties Union) e na le lenaane la ditshwanelo di le 25 mo setlhogong sa yone sa “Model Patient Bill of Rights.”
[Lebokoso mo go tsebe 8]
Go Sirelediwa ga Molwetsi le go Tsaya Karolo ga Gagwe
“Fela jaaka fa go sena motho ope yo o latofadiwang yo o tshwanetseng go tsena mo kgotlatshekelo a sena agente, fela jalo le molwetsi ga a tshwanela go tsena mo kokelong ya toropo e kgolo a sa patiwa ke leloko la lelapa kana ke tsala nngwe e e atamalaneng le ene yo o ipaakanyeditseng go tlhokomela ditlhokafalo tsa molwetsi le go mmuelela fa go tlhokafala.”—June Bingham, The Washington Post, August 12, 1990.
“Go ralala dingwaga tse di fetileng mogopolo wa gore molwetsi a tseye karolo mo diphetsong tsa kalafi o ntse o le kgakala le seo dingaka di se akanyang le seo di se dirang. Mme balwetsi ba ile ba lemoga ba sena go nna le maitemogelo a a botlhoko gore go botsa dipotso tse dintsi thata tse di boteng go ka re tlhoboganya le bone, ereka gantsi thata le rona re ila dipotso tse di ntseng jalo.
“Lefa go ntse jalo, mogopolo wa gore re itse se balwetsi ba rona ba se tlhokang mme ka jalo re ka ba thusa fela ba sa botse, ke maaka fela a a mo pepeneneng mo e leng gore motho o ka gakgamala fela kafa mogopolo ono o ileng wa engwa nokeng ka matlhagatlhaga ka gone. . . .
“Re ka ganetsana le balwetsi, le eleng go nganga le bone, le eleng gone go ba tsietsa ka loleme, mme re tshwanetse ra dira seno sotlhe ka maikaelelo a go bo re amega ka bone. Sa botlhokwatlhokwa ke gore re tshwanetse go tlotla seo balwetsi ba se batlang kana ba sa se batleng mo go rona.”—Dr. Jay Katz, ngaka ya tlhaloganyo, moperofesara kwa Yale University, The Medical Post, Canada.
“Balwetsi ga se masea mme dingaka le tsone ga se batsadi . . . Eleruri, go lebega go gakgamatsa go bo re tshwanetse go gakolola baithuti ba tsa kalafi, le tsone dingaka, gore balwetsi le bone fa ba ya go kopana le dingaka ba tla ba na le ditebelelo tsa gore . . . ba tla ikanngwa mme le bone ba tla itshepa, gore ba tla letlelelwa gore ba itirele diphetso mme go bo ba ikaegile ka dingaka ga go ne go dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang, gore ba tla buisiwa mme ba reediwe, gore badiri ba tla ba tshwara jaaka dithaka tsa bone mme eseng go ba laola, gore tsela ya bone ya botshelo e tla tlotliwa, le gore ba tla letlelelwa gore ba tshele kafa bone ka bobone ba ratang ka teng.”—The Silent World of Doctor and Patient, ka Dr. Jay Katz.
“Go direla balwetsi ga rona go simologa fa re kopana le bone. Go dirisana le balwetsi mo e ka nnang ka makgetlo a le dimilione tse 4 letsatsi le letsatsi go fa dingaka tsa Maamerika tshono ya go bontsha eseng bokgoni jwa rona fela, mme gape le go tlhomoga pelo ga rona ga mmannete, go amega ga rona, le boineelo jwa rona go molwetsi mongwe le mongwe yo re mo direlang.”—James E. Davis, M.D., tlhogo ya American Medical Association.