Go Thusa Batho Gore ba Itse go Bala
BATHO bano ba ba dimilione ba ba sa itseng go bala le go kwala ke bomang? Ka kakaretso ke baagi ba ba tlhaga ba ba nang le maikarabelo. Mo dinageng tse di tlhabologang, ba batlela bontsi jwa batho ba koo dijo, diaparo, le bonno. Mo dinageng tse di tlhabologileng, ba dira ditiro tse go se nang ope yo o batlang go di dira—ditiro tse di lapisang, tse go dirwang selo se le sengwe fela fela mo go tsone, le tse di nyatsegang, ntswa di le botlhokwa mo setšhabeng.
Gantsi lebaka le le dirang gore batho ba se ka ba itse go bala le go kwala ke go tlhoka go fiwa sebaka sa go dira jalo. Jaaka setlhopha, batho ba ba sa itseng go bala le go kwala, ga se gore ke dieleele, ga ba itse sepe, kana ga ba kgone sepe. Gantsi baithuti ba re: “Ga ke na bothata jwa go akanya. Bothata jwa me ke go bala fela.”
Go Sa Nne le Sebaka
Mo go ba le bantsi, go sa itse go bala le go kwala go tsamaelana le lehuma. Mo lelapeng, lehuma le raya gore batho ba tshwaregile ka go batla se se jewang go na le go rutega. Fa mo gae go tlhokega gore bana ba bereke, ga ba ye sekolong. Bontsi jwa ba ba tsenang sekolo ga ba tswelele le sone.
Lehuma le bakela le setšhaba sotlhe mathata gape. Dinaga tse di tlhabologang tse di kolotang dinaga tse dingwe fela thata di patelesega go dirisa madi a mannye mo thutong. Ka sekai, mo Afrika, madi otlhe a a neng a dirisiwa mo thutong a ne a kgaolwa ka selekanyo se se batlileng se tshwara 30 lekgolong mo sephatlong sa ntlha sa bo1980. E re ntswa dinaga tse di humileng di dirisa madi a a fetang $6 000 (R19 000) ngwaga le ngwaga mo moithuting a le mongwe, dinaga dingwe tse di humanegileng mo Afrika le kwa Asia Borwa di dirisa $2 (R6) fela. Go bo go felela ka gore go nne le dikolo tse di seng dintsi le barutabana ba ba tlhaelang ba lebagane le bana ba bantsi.
Ntwa le dikgoberego tsa selegae le tsone di na le seabe mo go tlhokeng go itse go bala le go kwala. United Nations Children’s Fund e fopholetsa gore bana ba le dimilione tse supa ba mo dikampeng tsa batshabi, koo ditlamelo tsa thuto gantsi di sa lekaneng teng. Mo nageng nngwe e le yosi fela mo Afrika, bana ba le dimilione di le 1,2 ba dingwaga tse di kwa tlase ga 15 ga ba a kgona go tsena sekolo ka ntlha ya ntwa ya selegae e e matlho mahibidu.
Bao ba ileng ba se ka ba nna le sebaka sa go ithuta fa ba santse ba le bannye fa gongwe ba nna le sebaka sa go ithuta go bala le go kwala moragonyana mo botshelong, mme ga se botlhe ba ba bonang go na le mosola ope. Fa buka ya Adult Education for Developing Countries e bua ka batho ba ba sa itseng go bala le go kwala ba kwa dikgaolong tsa magae, ya re: “Mogolo yo o ileng a ikgona a sa itse go bala le go kwala, go ka nna thata gore a nne le keletso e kgolo ya go itse go bala le go kwala, fa e se fela mo maemong mangwe a a kgethegileng. . . . Le fa gone e tla bo e le phoso go swetsa ka gore o kgotsofadiwa ke maemo a gagwe mo botshelong, maemo a ka nna a bo a sa mo dire gore a batle go dira mo gontsi go a fetola.”
Mme lefa go ntse jalo, ba le bantsi ba na le keletso e kgolo ya go itokafatsa. Mme le gale mabaka a seo a a farologana. Ba bangwe ba batla go oketsa thuto ya bone fela le gore ba tle ba ikutlwe botoka. Bangwe ba a bo ba dirwa ke mabaka a tsa madi. Ba ba sa berekeng ba dumela gore go itse go bala le go kwala go tla ba thusa go bona tiro; ba ba nang le tiro ba ka nna ba batla e e botoka.
Ka ntlha ya go lemoga kgolagano e e teng magareng ga go itse go bala le go kwala le tlhabologo ya motho ka namana le ya setšhaba ka kakaretso, dipuso le mekgatlho di ile tsa dira dithulaganyo tsa go ruta bagolo go itse go bala le go kwala. Ke tiro e e gwetlhang e e tlhokang kutlwelobotlhoko ya barutisi le go tlhaloganya mekgwa e e kgethegileng ya moithuti yo o setseng a godile.
Kafa Moithuti yo o Godileng a Ntseng ka Teng
Batho ba ba rutang bagolo ba tshwanetse go lemoga pharologano magareng ga moithuti wa mogolo le wa ngwana. Botho, mekgwa, maikutlo, le dilo tse motho a di kgatlhegelang di setse di nwetse mo bagolong go gaisa mo baneng, selo se se dirang gore go nne thata mo mogolong go amogela diphetogo. Kafa letlhakoreng le lengwe, bagolo ba na le maitemogelo a mantsi a ba ka agelelang mo go one mme ba kgona go tlhaloganya dintlha le megopolo e e ka tlhakanyang basha tlhogo. Gantsi ga ba nne le nako e ntsi e e leng ya bone jaaka go ntse ka bana. Pharologano e nngwe ya botlhokwa gape ke gore baithuti ba bagolo bone ba gololesegile go kgaosetsa thuto ya bone nako nngwe le nngwe fela, selo se bana ba ka se se direng.
Bagolo ba le bantsi ba ba sa itseng go bala le go kwala ba na le bokgoni jo bo rileng mme ba ile ba atlega mo dilong dingwe tsa botshelo; ke fela gore ga ba itse go bala le go kwala. Motho yo o ba rutang go bala le go kwala o tshwanetse go ba kgothaletsa go dirisa go obega, go dira dilo, le boitshoko jo ba bo bontshitseng mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo.
Go tlhokega bopelokgale gore motho yo o sa itseng go bala le go kwala a dumele gore o tlhoka sengwe mme a kope thuso. Le mororo maemo le batho ba farologana, bontsi jwa bagolo ba na le dipelaelo ka go ithuta go bala le go kwala mme e bile ga ba itshepe. Bangwe ba ka nna ba bo ba kile ba palelwa kwa sekolong mo nakong e e fetileng. Ba bangwe ba ka nna ba ikutlwa gore ba godile ga ba kake ba tlhola ba ithuta dilo tse disha. Seane sengwe sa kwa Nigeria sa re: “Go thata go ithuta go dirisa lebogo la molema o setse o godile.”
Batho ba ba rutang ba ka dira gore baithuti ba itshepe le go tswelela ba kgatlhega ka gore ba nne bofefo go ba lemotsha le go ba akgola fa ba tswelela pele. Dithuto di tshwanetse go dirwa ka tsela e e tla fokotsang go palelwa le go tlhomamisa gore maikaelelo a go ithuta a atlega gangwe le gape. Kgatiso ya Educating the Adult ya re: “Mo godimo ga tsotlhe, go atlega e ka nna ya bo e le lone lebaka le le a fetang otlhe a a kgothatsang gore motho a tswelele pele.”
Ka kakaretso bagolo ba itse se ba se batlang mo go se ba se ithutang mme ba eletsa go bona kgatelopele e e bonako go tshwara mekgele ya bone. Porofesa nngwe ya thuto ya bagolo mo Afrika o ne a re: “Ba batla go tsena mo tlelaseng, go ithuta se ba tlhokang go se ithuta ka bofefo jo bo ka kgonegang, ba bo ba tswa.”
Fa gongwe moithuti o ipeela mekgele e e bokete go ka e kgona. Fela fa di tloga morutisi o tshwanetse go thusa moithuti go tlhoma mekgele ya nako e e kgakajana, ya nako e khutshwane le go mo thusa gore a kgone go e dira. Ka sekai, a re re Mokeresete o tsenela dithuto tsa go ithuta go bala le go kwala ka go bo a batla go itse go bala Bibela le dikgatiso tsa yone. Eno ke mekgele ya nako e telele. Ka maikaelelo a go e kgona, morutisi o ka nna a kgothaletsa moithuti go ipeela mekgele e e kgakajana, jaaka ya go itse dialefabete ka botlalo, go batla le go bala ditemana tse di tlhophilweng, le go bala mo dikgatisong tse di seng thata tsa Bibela. Fa moithuti a kgona mekgele ya gagwe ka metlha go a mo kgothatsa le go mo dira gore a tswelele ka go ithuta.
Barutisi ba ba kgonang ba rotloetsa le go kgothatsa baithuti ba bone ka go ba akgola le ka go ba thusa gore ba direle mo go reng ba nne le mekgele e e nang le mosola mme e bile e le e e ka kgonegang. Mme le gale, gore ba tle ba kgone go tswelela, bagolo ga ba a tshwanela go solofela go direlwa sengwe le sengwe. Ba tshwanetse go itse gore ke maikarabelo a bone go ithuta le go ithuta ka natla. Ka go dira jalo, ba tla ithuta go bala le go kwala, mme kitso eno e tla fetola matshelo a bone.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Dikaelo Tsa Go Ruta Bagolo Go Bala le Go Kwala
1. Go botlhokwa go rotloetsa moithuti. Mo thutong ya ntlha, morutisi o tshwanetse go gatelela mosola wa go ithuta go bala le go kwala le go kgothaletsa moithuti go nna le mekgele e e ka kgonegang ya nako e telele le e khutshwane.
2. Moithuti o tshwanetse go rutwa ka makgetlho a le mmalwa mo bekeng gore a tle a kgone go tswelela pele. Go ithuta gangwe fela ka beke ga go a lekana. Moithuti o tshwanetse go dira tiro ya kwa gae pele ga a ya kwa thutong e nngwe.
3. O se ka wa batla gore moithuti a dire go feta selekanyo ka go mo ruta dilo tse dintsi thata mo thutong e le nngwe fela. Seno se ka mo kgoba marapo le go dira gore a lese go tlhola a tla tlelaseng.
4. O mo kgothatse ka metlha o bo o tlhomame. Go kgona go bala le go kwala go tla ka dikgato tse dinnye tse di latelanang sentle. Moithuti o tshwanetse go kgotsofadiwa ke kgatelopele ya gagwe.
5. O kgothaletse moithuti go dirisa se a se ithutang ka bofefo jo bo ka kgonegang mo botshelong jwa gagwe jwa letsatsi le letsatsi.
6. O se ka wa senya nako ka dilo tse di sa tlhokegeng. Bagolo ke batho ba ba se nang nako. Dirisa nako ya go ruta go ba ruta dilo tsa botlhokwa.
7. O bontshe tlotlo mo moithuting ka metlha, o mo neye tlotlo e e mo tshwanetseng. Le ka motlha o se ka wa mo tlhabisa ditlhong kana wa mo nyatsa.
8. O nne o etse tlhoko mathata a motho ka namana. Moithuti o ka nna a bo a sa kgone go bala mokwalo o monnye ka go bo a tlhoka digalase tsa matlho. Yo mongwe o ka nna a bo a sa utlwe sentle mme ka jalo a thatafalelwa ke go utlwa mokgwa o o siameng wa go bitsa mafoko.
9. Moithuti o tshwanetse go ithuta go kwala a kgaoganya ditlhaka pele ga a leka go tseketla (go kwala ditlhaka tse di golagantsweng). Go kwala o kgaoganya ditlhaka go motlhofo go go ithuta le go go dira mme e bile le ditlhaka tsa gone di tshwana le tse di gatisiwang mo pampiring.
10. Mokgwa o o molemo wa go ruta go kwala ditlhaka ke go dira gore moithuti a di kwalele mo go tse di setseng di ntse di le teng. O ka nna a kwalela tlhaka mo godimo ga e nngwe gantsinyana pele ga a leka go e kwala fela.
11. Gantsi kgatelopele mo go baleng e bofefo go gaisa mo go kwaleng. O se ka wa dia dithuto tse disha tsa go bala fa moithuti a sa kgone go dira tiro ya gagwe ya kwa gae ya go kwala. Mme gape o gakologelwe gore, moithuti o ka kgona go ithuta ditlhaka tse disha le go di gakologelwa motlhofo fa a ithuta go di kwala.
12. Le mororo moithuti yo o godileng a ka kgona go dira ditiro tse di raraaneng ka diatla tsa gagwe, go kwala ka pene kana pensele e ka nna selo se se thata e bile se mo kgoba marapo. O se ka wa gatelela gore a kwale ditlhaka tse dintle.